Anonymous, Francistown

20 June, 2013

Ke senyegetswe ke sena go ketekwa

Ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le boraro. Ke ne ke itsholofetse ke le kgwedi tse thataro mme ka senyegelwa morago ga go ketekwa ke mokapelo wa me yo o ngwaga di masome matlhano. Mokapelo wa me Ben yo ke nang le ngwaga tse some ke le mo loratong le ene o ne a ya maitisong a bo a tla makuku. Fela fa a tsena, ke fa a simolola go raga lebati a re ke bule a bolae ntsa e e mo tlung ya gagwe. Fa ke bula ke fa a nketeka mo e neng ya re fa tsatsi le phirima ke bo ke senyegelwa. Ka e ne ya re go thanya mo bojalweng a bona ke golafetse, o ne a seka a nkisa kokelong ka a ne a bona gore o ka ya kgolegelong. O ne a ntseela mogala wa letheka, a ntotlelela mo tlung a bo a ya go bitsa rakgadiagwe wa ngaka ya setso. Ke ne ka fudusediwa kwa go ene kwa Gerald kwa ntle ga kitso ya batsadi ba me mme ka fitlha  ka nosiwa melemo ya setso go fitlhela ke siama. Ben o ne a kopa maitshwarelo a re o ne a dirwa ke bojalwa e bile a aketsa batsadi ba me a re ga a itse se se ka tswang se bakile gore ke senyegelwe. Mmamalome tsela pedi ke tseye efe? A ke bolelele batsadi ba re agisanye kana ke mo tlalee kwa mapodising.

KARABO: Setlogolo,ke maswabi ka se se go diragaletseng. Rre yo o o itshupile gore ke motho yo o ntseng jang. Mme kana Setswana sa re phokoje ga a ke a latlha moseselo. Le fa le ka agisanngwa, rre yo o ka nna a boa gape a go dira sengwe se se bosula. Lorato ga le kgokgontshe. Ke go gakolola gore o bolelele batsadi ba gago nnete, mme o bo o ipotse gore a o ka kgona go tswelela o tshela le rre yoo. O ka ikopanya le ba bogakolodi go go thusa go leba kgang e, le go go thusa go go sidila maikutlo mabapi le tatlhegelo ya lesea.
 


 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%