Anonymous
20 June, 2013
Ke mo botlhokong
Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome mabedi. Ke na le dingwaga di le thataro ke ratana le mosimane wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe. Mosimane yo, o nthata thata le nna ke a mo rata ebile a re o batla go nnyala. Se se ntshwenyang thata Mmamalome ke gore mosimane yo, a re o batla go nnyala mme jaanong o a tshaba ka gore re masika. Kgang e ke yone e emisitseng sengwe le sengwe. Ke boditse mme ka kgang e, o ntlhaloseditse fa e le lesika le le kgakala la bogologolo. O paletswe ke go tlhalosa gore nna le mosimane re sikana jang. A re ga a itse ka gore dilo tsa bogologolo ga di tlhalosege. Mosimane a re o tshwenngwa ke gore fa re ka nyalana, batho ba tsile go re leba jang gape ba tsile go bua dipuo. Jaanong Mmamalome ke botsa gore re dire jang gore mosimane a nnyale ka gore le ene a re kgang e ga e mo tshidise sentle. Ene o batla go nnyala gore re tshele mmogo ka re tswa kgakala re le mmogo. Le nna ke nna ke sa itumela e bile ga ke tshele sentle. Nthusa Mmamalome.
	KARABO - Ruri ya gago kgang e bokete, Ke nnete gore batho fa ba sikana, ga go motlhofo gore ba nyalane. Mme go botlhokwa go tlhotlhomisa gore wena le mokapelo wa gago le sikana jang. Batsadi ba lona ka bobedi ba ka thusa go rarabolola kgang e ka go le bolelela gore le sikana jang, mme ebile ke bone ba ka thusang go bona gore a mme le ka nyalana. Jaanong ke rotloetsa gore le kopane le botsadi jwa lona ka bobedi go tshotlha kgang le go batla tharabololo ya yone.
	 









                    
                    
