Katso, Mabutsane

20 June, 2013

Ke ipotsa gore a ke motsadi wa me

Ke mme wa dingwaga tse di masome mane le botlhano. ke na le bana ba basimane ba le babedi. Mosadi yo ke ka bong ke re ke mme ga a nthate e sale go tswa bonnyennyaneng. Nkuku le ene o ne a lemoga se a bo a ntsaya a ya go nna le nna. Ka go tlhoka lesego o ne a tlhokafala. Mosadi yo o ne a gana ke nyalwa ke rraagwe bongwanake mo a neng a felela a re kgaogantse. Ga nke ke nna le motho wa rre a bo a mo amogela, o nna a buetse ditlontlokwane ruri le fa e le bongwanake ga a ba batle. O nthata fela fa ke tla ke mo reketse tse a di tlhokang ke bo ke mo fa le madi. Mmamalome ke dire jang go tlhomamisa gore a mosadi yo ke ene mme?

KARABO - Lorato lwa motsadi le botlhokwa thata mo kgolong ya ngwana ebile ke lone le thusang go bopa ngwana go nna motho yo o nang le maitshwaro le bokamoso jo bo eletsegang. Go maswabi gore o bo o godile o sa bona lorato mo motsading wa gago. Seemo se bana ba gago ba tshelelang mo go sone ga se a siamang, mme e bile se ka ama maikutlo a bone ka tsela e e sa siamang. Mme ga go thari gore wena le mme-mmago le ka baakanya dilo gore le tshedisanye sentle. Ke gakolola gore o kope mongwe wa losika kana mmaboipelego go le kopanya gore le bue ka tsotlhe tse di go tshwenyang, le go le thusa go bona tharabololo gore le tswelele pele.
 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%