Motlhoka Leina
09 July, 2013
KE IMELWA KE LE ESI
​
Go Mmamalome
Ke ne ke kopa kgakololo mabapi le kgang yame. Ke mme yo o nyetsweng ke na le ngwana le rre yo o nyetseng. Ga a tlhokomele ngwana wa gagwe, ke bua ka ngwana wa ngwaga le kgwedi tse pedi. Tota betsho rre yo ga a ise a ko a nthuse ka sepe go fitlhelela ngwana a tsholwa. Ke fa e re monongwaga ka Tlhakole tota ke setse ke babaletswe ke be ke ya kgotleng ya ditsheko.
Mme wa teng o ne a mo leletsa ke na le ene gore ke fano mabapi le tlhokomelo ya ngwana e senang seabe mo go yone, a bo a kopa mme wa kwa court gore o kopa gore re kopane pele nna le ene.
Re ne ra kopana, phelelong a nkopa gore ke emise kgang ya lekgotla o tlaa leka go nthusa. O ne a tlhalosa gore ngwaga o o tlang o tlaabo a sa bereke go raya gore ngwana o tlaa bo a sa je.
Le fa ke ka mo raya ke re ngwana ga a a tsoga ebile ga a itse gore ke bua ka ga eng? Kana go botlhoko le go feta gore motho a go dire jaana a bo a bifela le one madi a gagwe tota le go mo itse ga a mo itse, se se nkutlwisang botlhoko le go feta ke gore rre wa teng o mpheta ka dingwaga di le 18. Tota fa ke ne ke dirwa ke monkane wa me ke tsaya gore gongwe ke ka bo ke se na mathata. Ke kopa thuso koo go wena mmamalome.
Motlhoka Leina
Setlogolo
Setlogolo, ga o a tlhalosa gore a rre yo ke ene a go nyetseng. Le fa go ntse jalo, ke bona go le botoka gore o boele kwa go ba molao gore ba thuse. Rre yo o tlamegile go thlokomela ngwana wa gagwe go sa kgathalesege gore a o a bereka kana ga a bereke. Ke maikarabelo a lona ka bobedi go bona gore ngwana yo o a tlamelwa ka tsotlhe tse a di tlhokang.









                    
                    
