Anonymous via email
09 July, 2013
GA A BATLE KE KGALEMELA NGWANA
Go Mmamalome
Ke na le kgwedi tse pedi ke nyetse mme yo ke filthetseng a na le ngwana wa mosimanyana yo o ngwaga tse tlhano. Re a utlwana le ngwana ebile ke mo rata fela thata mme bothata ke gore fa go tla gore ke mo kgalemele ga a ntseye jaaka rraagwe. Mosadi wame o mpoleletse gore ke seka ka kgalemela ngwana wa gagwe mme ngwana le ene o mpoleletse gore fa ke ka mo dira sengwe o tlaa bolelela mmaagwe. Mmaagwe a re tsotlhe tse di amanang le go kgalemelwa ga morwae di tlaa dirwa ke ene a le esi. Ke ipotsa gore a fa dilo di ka tswa tseleng re le babedi fela ke dira jang? Se se nkutlwisang botlhoko ke gore le fa ke re ke mo kgalemelela selo se sennye o tabogela kwa go mmaagwe mme ke sale ke ipotsa gore se se supa eng. Ke ipotsa gore a mosadi ga a ntshephe le gore fa re ka tshola ngwana go ya go nna jang?
Anonymous, Via email
Setlogolo
Ke go akgolela go bo o ititeile sehuba go nyala mme ebile o amogetse gammogo le go rata ngwana wa mosadi wa gago. Mme hela, go lebega wena le mosadi wa gago le tsene mo nyalong le sa buisana ka kgang ya ngwano yoo. Ke dumela gore magareng ga tse dingwe, batho ba nyalanela go godisa bana mmogo. Ke gakolola gore o nne fa fatshe le mosadi wa gago le buisane kgang e, mme ha le palelwa ke go tswa ka tharabololo, ikopanye le ba masika kana ba bogakolodi go le thusa.









                    
                    
