Ndigele Masimbe

09 July, 2013

MOSADI GA A NTSHEPE

Go Mmamalome

Ke rre wa dingwaga tse masome mararo ebile ke nyetse mosadi yo re lekanang ka dingwaga wa kwa Mulambakwena. Sebe sa phiri ke gore ee re ntswa ke rata mosadi wame la o ka a swa nka go ja, ene ga a ntshephe. O nna a bala melaetsa mo mogaleng wame wa letheka le mo Facebook tota mme se se nkutlwisa botlhoko. Ga ke na keletso ya go tsietsa mosadi wame ka gore le bonebommenyana ba ke a tleng ke bue le bone ke ditsala tse dikgologolo tsa fa re santse re le kwa sekolong. Ke bua le bone gangwe mo kgweding di le pedi go ya kwa go tse tharo ebile dikgang e le go botsana matsogo. Ke nna ke aketsa masika le ditsala gore lenyalo le monate ntswa dilo di sa nna sentle. Mathata a me ke gore ke ga ke dumele mo go boleleleng batho ka digang tsa lapa la me.

Mosadi o nna a mpolelela gore bomme ba ke buang le bone ke ba ke nang le keletso ya go ratana le bone mme ke setse ke ipotsa gore a ke mo galefele, a ke emise go bua le bomme gotlhelele kana mosadi wame o ka tswa a na le bothata jo re tshwanetseng go bo rarabolola! Pele ke nyala o ne a ratana le batho ba ba neng ba mo utlwisa botlhoko, segolo bogolo monna yo o neng a mo nyetse ebile ba na le ngwana. 

Mmamalome ke lapile, ke ipotsa gore a ke duedisetswa melato ya borre ba ba kileng ba mo utlwisa botlhoko.

Setlogolo,

Setlogolo, ke maswabi go bo mathata a gago a go sulafaletsa lenyalo. Go bo mosadi wa gago a kile a sotlwa, go dira gore go nne bokete mo go ene gore a tshephe motho wa rre. Mme kana molemo wa kgang ke go buiwa, nna fa fatshe o buisane le ene a go bolelele matshwenyego a gagwe le wena o mmontshe gore ga o tshwane le banna ba a kileng a kopana le bone. Manyalo a le matsi a thujwa ke go tlhoka go tshepana, ka jalo go botlhokwa gore le buisane ka kgang e bothata bo ise bo tswe mo taolong. Kgakololo e nngwe e nka go e fang ke gore pepetletsa mosadi wa gago a bone thuso ya bogakolodi gongwe e ka re a sidilega maikutlo a bulega matlho a lemoga gore wena ga o selalome jaaka borre ba ba neng ba itirile dibatana mo go ene.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%