Anonymous, Sefhare
09 September, 2013
O ntshotlakaka ke sa itse molato wa me
Mmamalome
Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe. E ne ya re ka 2009 monna a roma bangwe kwa gae gore o batla mosadi. Ka 2010 ka August a ntsha bogadi a be a ntsholofetsa gore re tlaa ya go pega maina kwa ga molaodi mme nako kgolo ke eno. Ka 2012 re ne ra tshola ngwana wa mosimane yo a neng a sa bolo go mmatla. Ga ke itse gore a ke mo tenne ka go mo tsholela ngwana ka e sale foo dilo di be di dubega.
Ga a ise a nthuse go reka mesese ya boimana fa ke le mo mmeleng, o ne a se na sepe le nna a kgona go ntlogela ke le nosi mme fa a boa banyana ba letse ba mmatla ba omana. Ka nna motsetsi ka sotlega mo ntlung ke bolawa ke tlala, ngwana a se na diaparo, ke se na le one molora wa go mo tlhatswetsa. Monna yo o bereka kwa moopeng kwa Maun mme kapari le dikoloi di bonelwa mo go ene.
O ntlogedisitse tiro a re dikatso tsa me di dinnye ebile a ntshephisa go ntlhokomela. Ka ke ne ke tsaya gore ke mosadi wa gagwe ka mo reetsa, a mphuaganya. E setse e le dingwaga tse pedi a gana nna le ngwana re ya go bona kwa a nnang teng. Ke isitse kgang kwa botsading mme ga go nko e tswang lemina. Rraagwe ngwanake ga a na nnete ka e rile ke le motsetsi a reka koloi e a neng a re ke ya ngwana. Ka Moranang monongwaga o ne a re o buletse ngwana letlole la polokelo a bo a tsenya P86 000 mme ka leta karata ya motshine ebile ke itlhobogile.
O ne a nthomelela nomore ya letlole a re ke yone ya ngwana, morago a nthaya a re bukana ya cheke ya ngwana e dule mme fa ke kopa go e bona ke fa e kwadile maina a gagwe gape ke ne ke tlhotse ke bone motshegare a kwalela batho dicheke mo go yone. Nna ke mosadi fela yo o sa itseng sepe ka botshelo jwa gagwe, kgwedi e fela ke bechelwa ka P300.
ANONYMOUS, Sefhare
Setlogolo,
Rre yo o tshelang le ene ga a lebege a na le boammaaruri. Letlole la polokelo le kwalwa ka leina la mong wa lone. Fa e ne e le ya ngwana e ka bo e kwadilwe ka maina a ngwana. Dilo tsotlhe tse rre yo a di dirang, o a di itirela. Go a swabisa gore a bo a ithekela dikoloi le mekgabo mme a sa tlhokomele ngwana wa gagwe. Ke go gakolola gore o leke go bua le ene o mmontshe gore ga o itumelele ka fa a go tsayang ka teng ga mmogo le ngwana wa lona. Fa a sa fetole boitshwaro, a tswelela a ikgatholosa maikarabelo a go tlhokomela ngwana, o ye go ikuela kwa go ba molao.









                    
                    
