Ndabatadope, Masukwane
09 September, 2013
Ke palelwa ke go dirisa madi ka kelelelo
Mmamalome
Mmamalome ke faraferwe ke dikoloto mo e reng fa kgwedi e fela e be e kare lefatshe le ka fatoga ka tsena. Bothata jwa me ke gore ke palelwa ke go dirisa dikatso tsa me tsa kgwedi ka kelelelo. Fa kgwedi e fela ka tlaabo ke adima madi mo ditsaleng ke duela ntlo a mangwe ke reka tse ke di tlhokang. Morago go nna thata go ka busa madi ka jalo dikoloto tsa me di tlhatlagane. Sebe sa phiri ke gore ke setse ke adimile madi kwa bankeng, ka jalo ga ke sa itse gore ke ka dira jang gore ke duele ba ke ba kolotang. Ke palelwa ke go ba duela mme ke ka nna ka felela ke senyegetswe ke tiro ka jaana ba nna ba tla ofising. Ke kopa kgakololo e e ka nkinolang mo mathateng a.
Ndabatadope, Masukwane
Setlogolo,
Ke go akgolela gore o bo o itemogile fa o na le bothata mme ebile o tsere tshwetso ya go batla tharabololo. Selo sa ntlha se nka go gakololang go se dira ke go nna fa fatshe o kwale dikoloto tsa gago mme o ikopanye le ba o ba kolotang go buisana le bone ka fa o tlaa ba duelang ka teng. Mme gape ke go gakolola gore o simolole ka go duela tse di nnye pele. o seka wa dira dikoloto dipe tse disha pele ga o fetsa go duela tse o nang le tsone.









                    
                    
