Ntsima, Mahalapye
09 September, 2013
Ke tshwentswe ke nyalo e e se nang boleng
Mmamalome
Ke kwala jaana ka pelo e e botlhoko fela thata. Ke mme wa dingwaga tse di masome mane, ke tsenye mo nyalong ka 2008. Mme e sale jaaka ke nyalwa ke rre wa me ga a ise a ko a dirise maitlamo a nyalo. Ke ne ka tsaya matsapa a go itsese botsadi jwa rona, mme ga seka ga nna nko e e tswang lemina.
Ke ne ka ya kwa lekgotleng la Setswana ga nna ga tshwana fela. Ke feletse ke tsaya tshwetso ya go ya kwa go ba molao ka jaana re nyalane nyalo ya Setswana le sekgoa ga mmogo le magadi tota. Mme teng mmakaseterata a re kopanya, tharabololo ya nna gore rre wa me a ntlhokomele ka P300 kgwedi le kgwedi ka jaana re ise re kgaogane ka fa molaong. Jaanong ke botsa gore a ke one molao wa nyalo ka fa o ntseng ka teng ka jaana nna le rre yona re le mo nyalong ya tlhakanelo dithoto.
Mmamalome kgang ena e ntsentse bolwetse e le ruri mo ke tlaa felelang ke tsere ditshwetso tse di seng maleba. Ke kopa kgakololo ya gago gore ke lebe kae fa go ntse jaana ka gore ke setse ke le mo ngwageng wa borataro ke sa itse kwa monna wa me a leng teng.
Ke le Ntsima; Mahalapye
Setlogolo,
Ke maswabi gore rre yo o nyalaneng le ene a bo a kgathologile maitlamo a a a dirileng. Ka o sa kgotsofalela tshwetso ya ga mmakaseterata, ke gakolola gore o boele kwa go bone o dire boikuelo, kana o ikopanye la lephata la bong (Gender Affairs) mme o ba itsese ka mathata a gago gongwe ba ka go gakolola gore kgato o tseye efe. Mme gape Setlogolo, ke go gakolola gore o kope thuso ka mananeo a puso a o ka a dirisang go itshetsa.









                    
                    
