\"Via Mail,\" Gabs

09 September, 2013

Ba batla go ikgagapelela di-tsame

Mmamalome

Ke mosetsana wa dingwaga di le masome mabedi le botlhano ke tsena sekole mo Gaborone. Pele ga ke ya sekoleng ke ne ke bereka ka bo ke ikgobokanyetsa dilwana tsa ntlo. E ne ya re ngogola ka kopana le rre mongwe a nkopa lorato mme ra felela re dumalane. E ne ya re moragonyana ra nna mmogo go ka thusana botshelo. Rre yo ene o ne a seke a tla ka sepe tota ka e ne e le motho yo o neng a tshelela mo bojalweng. Ditsala tsa me di ne di nna di mpolelela gore mosimane yo ga a na bokamoso ke kgaogane le ene ka ebile re ne re nna mmogo ntle le kitso ya batsadi. Ka kgwedi ya Seetebosigo rre yo o ne a bona kotsi ya koloi mme a tlhokafala. Batsadi ba gagwe ba ne ba tla kwa ke nnang teng ba re ba tsile go tsaya dilwana tsa ngwana wa bone yo ba ne ba sa itse le kwa a nnang teng morago ga dingwagangwaga. Ke ne ka leka go ba tlhalosetsa gore dilwana ke tsa me mme ba seka ba reetsa ba re ke di rekile ka madi a ngwana wa bone. Ke feletswe ke maano ga ke itse gore ke dire jang Mmamalome.

Via Mail

Gabs

Setlogolo, ke maswabi gore o bo o le mo bohutsaneng jwa go tlhokafalelwa ke tsala ga mmogo le go amogwa dilwana tsa gago. Go nna mmogo ga baratani ke nngwe ya dikgang tse di tshwenyang thata e bile di tsala dikgogakgogano magareng ga masika a baratani fa yo mongwe a tlhokafala.

Ke ka go gakolola go isa kgang ya gago kwa go ba molao gore ba go thuse go e rarabolola. Mme gape ke go gakolola go senka dipampiri tsa theko (receipts) ka di ka thusa go rarabolola kgang ya gago.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%