Banyepi, Via Mail

09 September, 2013

O mpitsa letimona

Mmamalome
Ke mosimane wa dingwaga di le masome mararo mme ke iphitlha le mmenyana yo ke mo fetang ka dingwaga tse pedi wa Tutume. Nna ke a tle ke ye maitisong mme ke tshware dibiri tse pedinyana. Mo dingwageng tse tharo tse ke di ntseng le mokapelo wa me go ne go se na bothata ebile fa gongwe re a tle re tswe mmogo. Dikgwedi tse pedi mosetsana yo o ne a simolola go ya kerekeng mme jaanong ke tshela bokete ka ke patelediwa go ya kerekeng. Fa a tswa kerekeng le ditsala tsa gagwe ba ikgatlha ka nna ba re ke letimona fa gongwe go ipuelwa fela gotwe, ‘le kae letimona la gago, a le a bo le ntse le tsere nap’? Ke a etsaetsega jaanong ka ga ke sa itse gore a mosetsana yo ke gone jaaka a nkoba kgotsa jang!

KARABO
Setlogolo, molemo wa kgang ke go buiwa. Nna fa fatshe le mokapelo wa gago le buisane ka kgang e. Go botlhokwa gore lona ka bobedi le buisane gore mongwe le mongwe a bue tsholofelo le dikeletso tsa gagwe mme le bo le ka tswa ka tharabololo ya bothata jwa lona.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%