Nkukuagwe Lee, Francistown
09 September, 2013
Ngwetsi ga e nthate
Mmamalome
Ke nna nkukuagwe Lee. Ke mosadimogolo wa dingwaga tse di masome a a supang. Ke na le ngwana wa mosimane a le mongwe yo e leng ene a ntlaletsang mo mading a bagodi go reka tse ke di tlhokang. Ngwanake o na le dingwaga tse some a nyetse mme le fa e le ka tsatsi lepe mosadi wa gagwe ga a ke a supa lorato mo go nna kana ope fela wa tshika ya me. Le ke bua jaana mmele wa me ga o itse le fa e le seaparo sepe se a kileng a se nthekela go supa fa ke le mmaagwe. Ke rata ngwanake thata mme ga nke ke baya lonao kwa ga gagwe ka mosadi wa gagwe a sa nkamogele sentle a ntebela kwa tlase mo a kgonang go bua dipuo tse di seng monate a re setlhako go lela sa gagwe ka ntlu e le ya gagwe. Se se nkutlwisang botlhoko ke gore ke thusitse morwaake go mo ntshetsa magadi ke re gongwe e tlaa tla e nna ene ngwanake wa mosetsana. Le fa e le malatsi a boitapoloso ga a ke a tla kwa ga me fa e se ngwanake a le teng. Tota le ene ngwanake ga a tshele sentle ka go nna go tletse tshika ya gagabo mosadi. Potso ya me ke gore ke dire jang go lemotsha ngwanake fa ke hupeditswe ke ka fa mosadi wa gagwe a mpuisang le ka fa a ntsayang ka teng ntle le go mo utlwisa botlhoko?
KARABO
Nkuku, kgang ya gago e utlwisa botlhoko e le ruri. Go a swabisa gore o bo o sa kgone go etela morwao. Go botlhokwa gore fa go na le bothata mo gareng ga batho, go buisanwe gore go tle go nne le tharabololo. Ke gakolola gore o kope ngwetsi ya gago le morwao le nnele kgang e fa fatshe gore le buisane ka mathata a a ka tswang a le teng.










