Frustrated Mother, Gaborone
09 September, 2013
Ke palelwa ke go mo itshwarela
	Mmamalome
	Ke palelwa ke go itshwarela rraagwe ngwanake morago ga go ntshotlaka ka lobaka. E ne ya re ka 2007 ra tshola ngwana wa mosimanyana. Pele ga ke tshola ngwana yo, ke ne ke nna ke latelwa ke basetsana ba re ke ba tseetse mosimane ntswa nna a ne a mpoleletse gore ga a na motho. Ke ne ka mo itshwarela makgetho a le mmalwa mme phelelong ka mo tlogela ka a ne a le kgatlhanong le go dirisa sekausu a re se direletswe batho ba ba tsietsanang. Nna ga ke nwe bojalwa mme rraagwe ngwanake o ne a anwa ebile a goga motsoko. O kile a nkimisa makgetho a le mabedi e be e re morago a mpateletse go senya mpa. Tse tsotlhe tse a di ntirileng di sa ntse di nkhupeditse, ke mo ila mo ke mo eleletsang loso. Ke na le kgotlhang ya dikakanyo e e nketefaletsang go ka tswelela ke ratana.
KARABO
Setlogolo,Ikopanye le ba bogakolodi gore ba go sidile maikutlo. Go bo o na le ngwana le rre yoo go raya gore wena le ene le tla tshwanelwa ke go nna le buisanya ka tse di amang ngwana wa lona, ka jalo go botlhokwa go mo itshwarela gore o tle o kgone go tswelela le botshelo jwa gago le ngwana wa gago.









                    
                    
