Xumka, Shorojenaa

09 September, 2013

Ke tlhorontshiwa ke ngwana
Ke rre wa dingwaga di le masome matlhano le botlhano wa Shorojenaa. Ke na le ngwana wa mosimane yo o dingwaga di masome mabedi mme ga ke bolo go kgaogana le mmaagwe a sale mmotlana. Ke ne ka mo godisa mme ya re morago ka nyala. Jaanong mosimane yo o iphetotse poo ya seganka mo ga me ka jaana a ntlhorontshetsa mosadi le bana. Dilo o di dira ka jaana a re mosadi wa me ke ene a dirang gore ke seka ka mo fa madi. Madi a o a batlela go nwa bojalwa le go reka motsoko. Ga se motho yo o tshwarang sepe mo lwapeng ebile bosheng o ketekile mosadi le bana a re ba mo fe madi ebile ke bone ba ba dirang gore a tingwe madi. Botsadi bo lekile go agisanya mme ga go supe fa mosimane a utlwile kana a ikaeletse go fetola boitshwaro jwa gagwe. Ke feletswe ke maano jaanong, ga ke sa itse gore ke dire eng go rarabolola bothata jo.

KARABO

Setlogolo, Ke go akgolela go bo o ne wa godisa ngwana wa gago, mme ebile o dira jalo ntle le thuso ya ga mmaagwe. Ikopanye le ba molao go go thusa go bona tharabololo ya kgang e.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%