Kedibonye, Gaborone
09 September, 2013
O nkobile ke sena go mo adima madi
Ke go kwalela jaana Mmamalome ka pelo e e botlhoko ka jaana ke jetswe madi ke mosimane. Dingwaga tse pedi tse di fetileng ke ne ka kopana le rre mongwe wa kwa Kanye mme ra felela re ratana. Ka re ne re direla mmogo mo Gaborone, erile morago ga dingwaga tse pedi a fudugela kwa tlung e ke e firisitseng gore re thusane botshelo ka tota e ne e le motho wa dikgwebonyana. O ne a nkopa gore ke adime madi kwa bankeng go mo thusa mo kgwebong e a neng a e dira. Mme ka ke ne ka tsiediwa ke pelo ya lorato, ke ne ka dira jalo ntle le pelaelo ya gore o ka tsoga a ntlhanogetse. Morago ga dikgwedi tse tharo ke fa a simolola go itshupa mebala, a lala nageng, a nna a tagilwe le tsone dijo mo lwapeng a sa tlhole a nthusa go di reka. Mme erile fela ke ntsha molomo ya bo e le gone jaaka ke mo kobile. Sebe sa phiri ke gore ke mo adimile P50 000 mme ga re a baya monwana tumalano epe fela ebile rre yo a re ene ga a tsene gope mo dikolotong tse a sa di itseng. Ke dire jang Mmamalome gore bogolo a buse madi a me?
KARABO
Ke maswabi gore rre yo a bo a go tsentse mo dikolotong a bo a go phuaganya. Ke go gakolola gore o ise kgang ya gago fa pele ga ba molao ba tlaa go thusa go e rarabolola. O senke bosupi jotlhe jo o nang najo go supa gore ke nnete o ne a go tsenya mo sekolotong ka tsholofetso ya gore o tlaa go thusa go se duela.









                    
                    
