Bangongoregi, Kopong

21 October, 2013

Motokwane o kgaothantse banana ba kopong

Tota ka gatwe o a tshwarelwa bone ba o tsaya kae? Ke bua jaana ke utlwisiwa botlhoko ke borre bangwe le tshimanyana nngwe ya motse o, e e inaakantseng le go goga motsoko o o nkgang maswe o o ka reng go tshubilwe bojang jo bo metsi. Fa o feta gaufi le bone o tla a bo o sale o kgatlhantshitswe ke mosi o rile thii! Banana ba ba fetogile bannabagolo ka more o. Gantsi ba o gogela kwa madirelong a go beolwang moriri, mo mekgwatlheng le mo malwapeng tota. E re ntswa monko o o tshwenya bangwe ka o sa siamela botsogo, go lebega batsadi bangwe go se tsapa le ba fisang pelo. Bagogi ba more o ba o timetsa motlhala ka go o tshopha ka dipampiri tsa metsoko e e leng teng mo mmarakeng. Re kopa thuso ka gore monko wa motsoko o o ama le rona ba re sa gogeng.

Bangongoregi

Kopong

SETLOGOLO

Tiriso botlhaswa ya dino le ditagi mo bananeng e a tshwenya. Puso e dirisa madi a mantsi ngwaga le ngwaga go ruta, le go lwantshwa tiriso ya dino le ditagi. Le fa goromente a eme ka dinao go lwantshwa se, Banana ba le bantsi ba senyegelwa ke bokamoso ka ntlha ya ditagi. Bangwe ba helela mo di kgolegelong , bangwe ba senyega ditlhaloganyo mme ba felele ba senyegelwa ke ditiro le dikolo ka ntlha ya ditagi tse.

Goromente a le esi ga a kake a kgona ntwa e ale nosi, go tlhoka gore mongwe le mongwe a gwetlhege abo a eme ka dinao go thusa.

Ke ka moo ke lo akgolelelang go tshwenyega ka tiriso ya ditagi mo motseng wa lona. Mme ke lo gakolola go ikopanya le ba sepodisi ka kgang e gore ba thuse go bona gore mokgwa o o o a hedisiwa.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%