Johannes Tjitjo, Namibia
21 October, 2013
Mmamalome
Ke batla go bona morwaake
Ke kopa thuso mo kgannyeng e e latelang: Ke ka dira jang gore ke latedise my loved Kabo koo Botswana. I am looking for ngwanake Kabo Modibedi. Mmaagwe ke Mengi Modibedi (now Moatlhodi) ka o nyetswe. Nna le Mengi re kopane kwa Maun Secondary School ka bo1982. We parted the same year when I came to Namibia. Kabo was born the same year, but we never met since then. Nkile ka leka go dira tracing through Kutlwano long back. Then Mengi responded to say Kabo was 13 years old. That is when I heard she became a Moatlhodi. I have not seen Kabo and he has not seen me for 31 years now. Sometime this year I made enquiries through email ka kopana le motho yo mongwe with the same name and surname (Kabo Modibedi). He did inform me gore he is not the one I am looking for. A bo a re at one point re kopane for the name’s sake. He was then staying in Selebi Phikwe.
Ke batla go itse fa Kabo a le teng, le gore o kae, ebile o tshela jang, and if there can be any possible reunion, with greatest respects of Mengi’s status. I am also happily married and staying in Namibia. Please accept assurances of my highest regards and esteem at all times.
Johannes Tjitjo
Namibia
SETLOGOLO
Go sa itse ka ngwana wa gago ke selo se se botlhoko. Ngwana le ene o na le tshwanelo ya go itse gore motsadi wa gagwe ke mang. Mme ka gore mmaagwe ngwana o tserwe e bile ngwana ga a go itse, go botlhokwa gore o buisane le mmaagwe lo rulaganye bokopano jwa gago le ngwana. Go ikopanya le ngwana ntle le kitso ya ga mmaagwe go ka baka mathata. Go botlhokwa gore le wena le ngwana lo kopane lo bo lo itsesanngwa ke mmaagwe ngwana mme lona botsadi ka bobedi lo bo lo ipaakanyeditse dipotso tse ngwana a tlaa di botsang.









                    
                    
