Distressed mother, Gaborone
21 October, 2013
A ke ngwana kana kgogomodumo
Mmamalome ke kwala jaana ka pelo e e tletseng kutlobotlhoko. Ke na le ngwana wa mosimanyana yo o dingwaga di robang bongwe. Rotlhe mo lwapeng ga re ke re tlhaloganya maikutlo a gagwe. Fa go itumetswe mo lwapeng ene o nna fela a le esi. Fa gongwe fa re re re a mmuisa o a re galefela mo ebile bana mo lwapeng ba setse ba mo tshaba. Ke lekile go bua le ene le gone go ka mo itumedisa mme maiteko ame ga a a ntsha maduo ape. Mmamalome ke feletswe ke maano, ke ipotsa gore a game ke moleko kana Modimo o mphile kgogomodumo gore e tle go nkgokgontsha.
Distressed mother
Gaborone
SETLOGOLO
Go tshela mmogo ka Kagiso ga bana gammogo le go itumela ga bone ke selo se se botlhokwa, mme ebile ke dingwe tse di amang go gola ga ngwana le gore o tlaa tsoga e le motho wa botho le maitshwaro a a ntseng jang. Ka jalo ke go gakolola go ikopanya le ba bogakolodi kana ba boipelego gore ba tle ba go gakolole gore o ka rarabolola jang bothata jo.









                    
                    
