Via Mail, Masunga

21 October, 2013

Ke fitlhetse monna a robetse le mme yo o thusang mo lwapeng

Ke mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano. Ke direla kwa kokelong ya Masunga fa monna wa me e le lesole mme ene o direla kwa Francistown. Re na le ngwana wa mosetsanyana a le mongwe. E ne ya re Lwetse a ya fifing monna wa me a tsaya malatsi a boikhutso go tla go re tlhola. Lengwe la malatsi ke ne ka phakela ke ya tirong ka koloi, e ne ya re moragonyana ka lemoga fa ke lebetse sengwe sa botlhokwa kwa lwapeng. Ke ne ka boela morago ka dinao ka go se kgakala le kwa tirong mme fa ke tsena ka fitlhela monna a robetse le mmereki mo bolaong jwa me. Ga ke itse ke dire jang! Thusa Mmamalome.

Via mail

Masunga

SETLOGOLO

Ke maswabi ka se se go diragaletseng. Rre yo o nyalaneng le ene yoo ga a supe a go tlotla ebile ga a itlotle mmogo le lenyalo la lona. Mme yo o le thusang mo lapeng le ene o supile fa a sa le tlotle, jaanong ke go gakolola gore o mo ntshe mo tirong, o bo o buisana le monna wa gago a tlhalose maitshwaro a gagwe, morago ke gone o tsee tshwetso ya gore wena le ene lo tswelela jang.

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%