Morutabana, Gaborone
21 October, 2013
Ngwana o tshwentswe ke kgaogano ya batsadi
Mmamalome
Ke morutabana wa sekole se sebotlana mono Gaborone mme e ne ya re beke e e fetileng ka amogela mokwalo o tswa mo mongweng wa baithuti. Mosetsana yo o ne a tlhalosa fa mmaagwe le rraagwe ba kgaogane. A re kgaogano e e tsisitse ketsaetsego mo botshelong jwa gagwe ka jaana e sale a tsholwa ngwaga tse some tse di fetileng a ntse a le ka fa tlase ga kgodiso ya batsadi ba gagwe. Bothata jwa moithuti ke gore a re o ipotsa gore jaaka a setse le mmaagwe jaana fa a bona monna yo mongwe go tsile go nna jang mo lwapeng le gone gore a fa rraagwe le ene a ka iponela mosadi a o tlaa kgona go mo etela, le yone kamogelo e tlaabo e ntse jang. Ke ka thusa jang moithuti yo Mmamalome go akofela kgang e ka e ka felela e ama maduo a gagwe ntswa e le mongwe wa bana ba sekole se ipelang ka bone.
Morutabana
Gaborone
SETLOGOLO
Ke go akgolela tiro e e molemo e o e dirang, e leng ya go ruta bana ga mmogo le go bona gore ba nna ba itumetse. Ikopanye le batsadi ba ngwana o ba lebise matshwenyego a ngwana. Selo se se botlhokwa ke gore ngwana o tshwanetse a bolelelwa le go bontshiwa gore batsadi ba gagwe ba a mo rata, mme e bile dikeletso tsa ngwana di tla pele ga tsa batsadi. Ngwana o tshwanetse go bontshiwa gore go kgaogana ga batsadi ba gagwe ga go nke go fetole lorato le tlhokomelo ya bone mo go ene.










