Simonsizola

04 July, 2014

Motsadi yo o pelo kemang…

Mme motsadi wame o tlhokafetse ka ngwaga wa 1996. Ke ne ke na le dingwaga di ka nna lesome le bone. Go ne ga seka ga nna botlhoko thata ka jaana ke ne ke sa itlwaetsa go nna le ene thata.  Mme go lemoga  botlhokwa jwa go nna le motsadi gone ga ntshedisa ka pelo e e botlhoko go fitlhela gompieno jaana.

E rile fa ke simolola lokwalo lwa ntlha (Standard 1) ka 1990, ke ne ka loma molomo wa tlase go fitlhela ke fetsa lokwalo lwa botlhano (Form 5) ka 2001. Ke ne ke sa dira sentle thata mme ka ikopela phatlha kwa Jwaneng Technical College ka 2007-2010 kwa ke neng ka retelelwa ke go tsweledisa dithuto tsa me go tswa mo BTEP-Foundation in Building Construction, e ke neng ke e pasitse ka Distinction, go ya go dira Certificate ka ke ne ke kolota sekolo P1000 mme ebile go sena ope yoo nkemeng nokeng mo go tsa madi mo dithutong tsame. Selo se se nkutlwisa botlhoko fela thata mo ebileng ke na le go ipotsa gore a le mphirimetse kgotsa jang. Nnete ke gore ga ke ise ke palelwe ke dithaka mo botshelong jwame.

Sebe sa phiri ke gore le sone setankana sa teng ga ke kgone go se dirisa fa ke dira makwalo a ikopelo ditiro mo dikonterakeng kgotsa gope fela.

Ke bua le wena jaana Mmamalome ke na le ngwana le mme yo ke batlang go mo nyala mme ebile botshelo bo sa relele ka gore mme yo ke buang ka ene yo o tsena sekolo kwa GIPS mme jaanong nna yo ke ntseng ke ba tsomatsomela ke sala le ngwana. Tota go tloga ka letsatsi la ntlha la boimana go fitlha jaana, ke ne ke gama ke ikotelela. Tota ke mogoa dira…

Mmamalome ke ne ke batla go nyala ka potlako. Bogolo jang go batla ke bo ke agelela ka terata ka jaana botshelo jwame jwa sedumedi bo ntlama ebile le nna ke bona go tshwanela. Tota bothata jwa me ke gore ere ke dirile maiteko go ikgolaganya le ba ga rona, ke paletswe mo ebileng o ka re ke tshela mo lefatsheng ke le nosi.

Tswee! Fela jaaka o a tle o fe bangwe dipone, le nna mpha tlhase ke bonese tsela ya me. Go a tle gotweng fa go ntse jaana Mmamalome?

Simonsizola

Khakhea

Setlogolo, Setswana sa re “ e a re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting”. Ke ka jalo ke go gakololalng go ikemela ka dinao o batle maano a go itshetsa le go tlhokomela ngwana wa gago. Ikopanye le bo boipelego go bona gore ka o le khutsana, a gona thuso e baka go e thusang go duela sekoloto sa sekolo. Mme gape o ikopanye le ba thuto go bona gore a ba ka se thuse go ikoketsa dithuto ka lenaneo la back to school. Ba lephata la banana le bone ba na le mananeo a o ka ithusang ka one. Mme mo godimo ga tse tshotlhe selo se botlhokwa ke gore wena o bo o itomile molomo wa tlase o ikaeletse go tlhabolola botshelo jwa gago. Buisana le ba masika a lona ka bobedi go bona gore a ga gona ope yo o ka thusang go sala le ngwana ha mmangwana a ya sekolong gore o tle o kgone go batla dithuso.

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%