Tlhoka Ina

04 July, 2014

KE IMELWA KE LE ESI

Ke ne ke kopa thuso le kgakololo mabapi le kgang yame. Ke mme yo o nyetsweng ke na le ngwana le rre yo o nyetseng. Ga a tlhokomele ngwana wa gagwe, ke bua ka ngwana wa ngwaga le kgwedi tse pedi.

Tota betsho rre yo ga a ise a ko a nthuse ka sepe go fitlhelela ngwana a tsholwa. Ke fa e re ngwaga ono ka Tlhakole tota ke setse ke babaletswe ke fa ke ya go ikuela kwa lekgotleng.   Ka tlhalosetsa ba lekgotla sengwe le sengwe morago ke fa mme wa lekgotla a mo leletsa ke na le ene gore ke ikuetse mabapi le ngwana yo o sa tlhokomelweng, a bo a kopa mme wa lekgotla gore o kopa gore re kopane pele nna le ene.

Re ne rakopana, phelelong a nkopa gore ke emise kgang ya kwa lekgotleng o tla a leka go nthusa. O ne a tlhalosa gore ngwaga o otlang o tla a bo a sa bereke go raya gore ngwana o tla a bo a sa je ka o tla a bo a sa bereke.

Le fa ke ka mo raya ke re ngwana ga a tsoga ebile ga aitse gore ke bua ka ga eng? Kana go botlhoko le go feta gore motho a go dire jaana a bo a bifela le one madi a gagwe tota le go mo itse ga a moitse.

Se senkutlwisang botlhoko le go feta ke gore rre wa teng o mpheta ka dingwaga di le 18. Tota fa ke ne ke dirwa ke monkane wa me ke tsaya gore gongwe ke ka bo ke sena mathata. Ke kopa thuso koo go wena mmamalome gore fa motho a dira jaaka ene jaana go ka tweng tota.

Motlhoka Ina

Setlogolo

Mo ke gone go tshwara phage ka mangana, o batla go seka molato mo molatong. Ke lemoga bothata jwa gago, rre yo ke monna wa lelwapa mme e bile go supafala fela sentle gore o ne o itse gore monna yo ke wa motho mme wa mo letlelela go go  imisa.

Ga se kgang ya gore monna yo, o dingwaga tse dikae, o itse gore ngwana o dirwa ke monna le mosadi . Jaanong kgang ke gore a kwa lwapeng o boleletse mosadi gore o dirile molato o. Ke dumela gore o ne a go kopa gore o folose kgang kwa lekgotleng go babalela lenyalo la gagwe.

Ka e le monna wa motho ga ke bone gore a go ka nna bonolo gore a tswe kwa lapeng gore a ise ngwana le wena kwa ngakeng jaaka o eletsa. Mme le fa go ntse jalo o tshwanetse go tlhokomela ngwana, kopanang le buisane mme fa ele gore o tswelela a sa go thuse boela ko lekgotleng molao o tlaa tsaya dikgato tse di maleba go bona gore o tlhokomela ngwana wa gagwe.

Le fa e le gore o tlogela tiro, ngwana e ne o tswelela a tshela. Fa kgang e le ko molaong ba tlaa itse gore tsela go tsewa e fe gore o tlogela tiro jaaka a bua.

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%