Segomotso

11 December, 2012

 Mmamalome

Ke rre wa dingwaga tse di masome mararo le borobabobedi mme bothata jwa me ke gore ke na le ngwana kwa Khakhea. Ngwana yo ga ke mo itse ka gore e rile mmaagwe a le moimana a siela kwa ga bone kwa Khakhea. Nako ya teng re ne re nna kwa Jwaneng mme gompieno ke kwala jaana ke le mo kgolegelong ya Tshabong. Mme Mmamalome ke eletsa go bona ngwana ka matlho a me e bile ke rata ngwana yoo fela thata. Ke batla go mo fa lerato le motsadi a ka le fang ngwana wa gagwe. Maloba ke kopane le masika a gagwe kwa Khakhea mme ba mpolelela fa ngwana a batla go mpona. Mmaagwe motho oora Mokae fa nna ke bidiwa Segomotso Lubinda. Ke kopa thuso kwa go lona mmamalome. Ke bone masika a gagwe ke ntse ke le mo koloing ya kgolegelo ka re ne re reka fa marekisetsong. Ke ka itumela fa nka bona thuso.

Segomotso

Tsabong

Setlogolo

Sa ntlha ke go akgolela setho le bobelo ntle jwa gago. O itshupile fa
o le motsadi tota gore ntswa o le mo kgolegelong pelo ya gago yone
e bo e le kwa ngwaneng. Ga se ba le bantsi borre ba ba tshwanang le wena jaana. Ba a balwa. Ke kopa gore o inaakanye le ba dikgolegelo o ba kope gore ba buisane le ba boipelego gore ba rulaganye go bona gore o thusiwa jang gore o kgone go bona ngwana wa gago. Kana ngwana le ene, le fa ke sa itse gore o dingwaga di kae, o tshwanetse a itse kwa rraagwe a le teng. Mme fa a le monnye go tshwanetse gore ba boipelego ba mo sidile maikutlo pele gore a seka a hakgamala gore ke eng mongwe wa batsadi ba gagwe a le kwa oleng teng ebile o sa nne le mmaagwe. Ke tsaya gore le bone ba dikgolegelo ba na le ba lekalana la boipelego ba ka go thusa go bona ngwana wa gago.

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%