M. C Sesinyi

11 December, 2012

 

Ke lapile Mmamalome

Ke mme wa dingwaga tse 27. Ke nna le rre wa dingwaga tse 39. Rre yo o dira go tlala ka diatla. Rre yo o ntshitse magadi ka 2009 ka November ra nna go fitlha 2010 ka December ke sa itse thebe wa gagwe a reka dijo a duela ntlo. E rile ka 2011 ka kgwedi ya Lwetse ka tshwara molaetsa wa mme mongwe mo mogaleng wa gagwe. Mme nne ka isa kgang kwa baruting mme ba mmitsa ba mo lebisa kgang, mme a dumela gore ke nnete o ratana le mme yoo. A tlhalosa gore mme yoo o nna kwa Francistown, ba kgalema fa ba kgalemang teng. E rile morago ka bitsa batsadi ba gagwe ka ba alela kgang mme ba ne ba mpolelela gore ngwana wa bone ga a kake a dira jalo ke a mo pateletsa fa ke sa batle ngwana wa bone ke buwe fela ke tlogele go ipata ka dilonyana. E rile go sa ise go ye gope a ratana le mme mongwe ko kerekeng. Nne ka buseletsa kgang gape kwa baruting mme ba mmitsa ba mo lebisa kgang a araba ka gore ga a ratane le mme yoo, mme ka pono ya matlho a gagwe o bona gore mme yoo, o a mo rata. Ke lapile ke akanya go mmusetsa ditsa gagwe. Ke kotame magala ka marago. E bile o mpolelela gore o tlaa mpolaya a bo a ipolaya.

 M. C Sesinyi 

 Setlogolo

 Kgang ya gago e utwlisa botlhoko e le ruri. Go lebega go sena tshepho bobeding jwa lona. Selo se se tona mo barataning ke tshepho le ikemisetso ya go lebagana le mathata lotlhe. Fa yo mongwe a gogela gosele e nna mathata ka gore go felela go sena kutlwisisano. Ga ke tlhaloganye gore ke eng rre wa gago a sa nne fa fatshe le wena la lebisana mabaka ka kgang ya lona. Baruti le batsadi ba ka gakolola fa ba gakololang teng mme fela kgang le maikutlo ke a batho boo babedi, eleng wena le rre wa gago. Ope yo o tswang kwa ntle ga a kake a fetola maikutlo a lona, ntleng ga go le gakolola fela. Tshwetso ke ya lona boo babedi ya gore tsela le tsaya efe. Mme fela fa go na le lerato, tshepho le maikemisetso ga go sepe se se thata. Ke kopa gore o nne fa fatshe le rre wa gago le buisane kgang e gore le kgone go rarabolola mathata a lona. E tshwanetse ya simolola mo go lona pele ga le ka e lebisa ba boipelego. Fa go pala bona ba boipelego ka ebile a setse a go tshosetsa ka go go bolaya. Go tshosetsa motho yo mongwe ka polao ke molato fela o motona ebile ga go supe fa motho a ratela yo mongwe botshelo. Mme fela fa sengwe le sengwe se padile go botoka le kgaogana ka mowa wa neelano.

 

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%