Tadwa, Gaborone

19 December, 2012

POTSO: Ngwana ga a batle ke nna le mokapelo

Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro. Ke na le ngwana wa mosetsanyana yo o dingwaga di supang mme ke kgaogane le rraagwe dingwaga tse tharo tse di fetileng. Ngwana yo ka a ne a nna le nkukuagwe kwa Nkange o ne a a tle a etele rraagwe mme e ne ya re ngwaga o o simologa ka mo tsaya go tla go nna le ene mo Gaborone. Ka e sale ke kgaogane le rraagwe ke ne ka iponela rrenyana ebile o mpha lerato le ene ngwana tota oa mo tlhokomela.

Ka ke tlotla ngwanake, rre yo ga a ke a lala kwa ga ga me. Sebe sa phiri ke gore ngwana a re ga a batle mokapelo wa me ka gore ga se rraagwe, o simolotse go robala le nna mo kamoreng ntswa a na le ya gagwe ebile le fa ke bua le mogala o a ngongorega. A re ene o batla rraagwe ntswa a itse gore ke kgaogane le ene ka gore o ne a ntshwenya.

Mmamalome nthusa gore tsela pedi ke tseye efe! Ke tshaba go bolelela mokapelo wa me ka gore o tloga a ntlogela gape ga ke batle go utlwisa ngwanake botlhoko.

KARABO: Fa batsadi ba tsena mo maratong a masha, go le gantsi ngwana a iphitlhela ba le mo seemong se se bokete go amogela yo o tsenang mo botshelong ja motsadi wa gagwe. Ke go akgolela tlotlo ya gago mo go morwadio jaaka go sa lala le mokapelo wa gago kwa lapeng, le go fa ngwana lerato ka go robala le ene. Gongwe dingwaga tsa gagwe dikotlase, fela o ne o ka nna le ene fatshe wa mo tlhalosetsa gore ke eng tse di dirang gore o rate mokapelo wa gago. O setse o boletse gore o lerato, o a le tlhokomela, o a tlotla, o botho, le tse dingwe.  O ka tlhalosa le gore ke eng o sa kake wa boela kwa go rraagwe. Ka o re dingwaga tsa ngwana di bosupa fela, gongwe ke dikgang tse di mofetileng, fela ke wena o mo itseng botoka.

Sekaseka boitsholo jwa ga morwadio gore a ke ngwana yo o botho le go rata batho ka tlhago. Fa go sa nna jalo, bua le ene o mo rute go tshela le batho, a ba rate go sa kgathalesege gore ke bomang, ba dira eng.  O mo rute gore letlhoo ke sebe fa pele ga Modimo; le ene ga  a kake a itumela fa a sa ratwe ke ba bangwe. Le wena setlogolo, o itshekatsheke gore lerato le nako tse o di fang morwadio a ke tse di lekaneng. Gongwe ngwana o lemogile gore mokapelo wa gago o go akola go feta ene, jaanong o ikutlwa a kgaphetswe thoko. Fa go ntse jalo, leka go fetola mokgwa o o lekalekanye dilo.

Le fa go tle go nne thata, ka o supile gore o batla rraagwe, sekaseka go mo isa kwa go ene fa mabaka a letla. O leke ka bojotlhe go supetsa ngwana gore mokapelo wa gago ga a tsee maemo a ga rraagwe mo go ene, e bile o nonotshe kgolagano ya ngwana le rragwe. Go botlhokwa gore le ene mokapelo wa gago e nne bontlha bongwe jwa mathata a, le thusane go a fenya. Go bona kgakololo e e tseneletseng, etela batlhalefedi ba tsa marato kana bo mmaboipelego, kana baruti ba dikereke. Ba ka bonwa kwa dikhanseleng, kwa dipateleng ko University, le kwa dikerekeng. ENDS

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%