Anonymous, Molapowabojang

19 December, 2012

 

POTSO: Re kgokgontshiwa ke mosadi

Mmamalome go thata ya lentswe, le lelwapa le ka nna la thubega. Ke rre yo o nyetseng wa dingwaga tse di masome matlhano wa kwa Molapowabojang. E ne ya re ngwaga mongwe ke le mo leetong la tiro le tsala ya me kwa Palapye, ra kopana le mme mongwe yo ke neng ke mo itse mme tsala ya me ya mo kgatlhegela. Ke ne ka mmuelelela mme ba dumalana. E ne ya re nako e ntse e tsamaya ka ke ne ke nna ke ya Palapye gantsi, nako nngwe le nna ka ipala mabala a kgaka mo go mme yo mme a dumela. Morago ga ngwaga mme yo ke fa a imile mme a sa itse gore tota gareng ga rona ngwana ke wa ga mang. O ne a re bolelela rotlhe gore fa re sa tlhokomele ngwana o tla a re isa dipampiring tsa dikgang. Ke ne ka dumalana le tsala yame gore re tlhokomele ngwana. Ngwana o godile mme mosadi yo o re ntshitse di ATM ka o tobetsa fela nako le nako fa a tlhoka sengwe. Ke kwala jaana ke rothisa keledi ka gore ga ke sa tlhole ke bereka jaanong mme mme yo o tsweletse fela ka go batla madi ntswa re agetse ngwana ntlo. Mma Malome, setlogolo se dire jang gore lapa le seka la thubega ka jaanong madi a pension a mannye a ka se lekane go tlamela malwapa a mabedi.

KARABO: Wena setlogolo dilo o di itirile. Fa go twe kgoa dira o a ba a di ikgoela go tewa mo o go dirileng. Makgoa bare fa o letsa pina o tshwanelwa ke go e bina.  Selo sa ntlha fela fa o na le mosadi le bana ga o tsene maratong ka fa tlhoko; fa e le go dira ngwana gone re tlhoka mafoko a le tlhaeng. Dikano tsa lenyalo ga di a tshwanela go tsuuloolwa, e seng jalo o a bo o dira sebe sa boaka fa pele ga Modimo. Sebe mokgwa wa sone ga se ke se tlhoka go tshematshema fa morago ga modiri wa sone. Ka o setse o dirile ngwana ka fa tlhoko, ke wa gago go tlaare o mo tlhokomele mo go feletseng, sephiri se a tswa kana ga se tswe. A o lemoga gore jaanong o mo dipharagobeng; fa o sa ntshe madi sephiri se a tswa.  Fa o ntsha madi bana kwa lapeng ba wela mo isong. Nna fatshe o ipotse gore segolo se o se batlang fa go ntse jaana ke eng. O bo o bapisa ditlamorago tsa fa sephiri se dule le ditlamorago tsa go tshelela ruri o le ATM.  Jaanong o bo o tlhopha smo go nang le ditlamorago tse di botoka. Dingwaga tse di masome matlhano di raya gore o mogolo, ga o kake wa palelwa ke go tsaya tshwetso.  Lemoga gore le wena o kgona go ntsha sephiri pele ga mme yo, wa bolelela mosadi wa gago dibe tsa gago mme wa kopa maitshwarelo. Ka ntlha e nngwe o ka dira diteko tsa bongaka go rurifatsa fa ngwana e le wa gago. ENDS

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%