Khumo

19 December, 2012

POTSO: Ga ke tlhaloganye

Mma Malome, ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le borobabongwe ke nna mo Serowe, ke tshela le rre wa dingwaga tse 41 yo o nnang kwa Gaborone. Re na le dingwaga tse di robang bongwe re ntse re le mmogo mme go tloga fela ka letsatsi la ntlha re kopana, mogala wa mokapelo wa me o nna o le mo silent fa ke le teng kgotsa fa re le mmogo. Fa ke botsa gore ke eng go ntse jalo, karabo e nna gore ene ga a batle go kgorelediwa fa a na le nna. Tota o kgorelediwa eng? Ke mang? Seemo se se mpogisa thata bogolo jang fa ke ka mo leletsa bosigo a bo a sa arabe mogala ke tsaya gore o a bo o le mo silent jaaka gale a na le mongwe. Go simolola ka 2012 re kopane fela gabedi ke mo etetse kwa Gaborone. A batla boroko kwa oteleng, ka a re ga a na boroko kwa Gaborone mme o nna mo lwapeng la ga mogolowe, yo botlhe kwa gagabo ba nkitseng le ene a itsiwe kwa ga rona.

O a bereka mme ga a batle go batla ntlo. Nna le ene re solofetsane lenyalo mme fa e sale a ya Gaborone, o fetogile. O ne a latlhela kwa tirong ya gagwe ya pele a ntsholofetsa gore fa a tsaya “package” re tlaa bo re nyalana. Gompieno fa ke mmotsa ka lenyalo a re ke a mo potlakisa e ne o sa ntse a ipaakanya mme Mmamalome ga go tshwarege, re nna ka komano fela. Ga go na tshephano gotlhelele. Nthusa ke agile tshwaragano e ka lebaka ga ke ka ke ka kgona go latlhegelwa ke mokapelo yo ke mo ratang gape re na le dingwaga di roba bongwe ka  lebaka la Gaborone.

KARABO: Fa ke soboka se o se kwadileng, ke bona fa o sa tlhaloganye maikutlo a mokapelo wa gago. Selo sa ntlha ke mogala o o  nnang o le mo “silent”, se se dirang gore o nne le pelaelo. Selo sa ntlha bakapelo ba tshwanetse go tlhaloganya gore puisano e botlhokwa e bile e nonotsha tshwaragano ya bone. Ka mantswe a mangwe, go tshwanetse go nne le puisano fa gare ga lona, e bile le tlhaloganye se mongwe le mongwe wa lona a se dirang. Mokapelo wa gago o tshwanetse go tlhaloganya se o se ratang le se o sa se rateng ka go go fa dikarabo tse di kgotsofatsang.

Se se aga tshepho mo go lona. Mogala o o nnang o le mo “silent” o tlisa dipelaelo ka go lemotshegile fa batho ka bontsi ba ba dirang jalo ba tsietsa. Le tshwanetse go se itse mme le tseye kgato e e lebaneng. Bua le mokapelo wa gago o mo itsise fa a tshwanetse go tlhaloganya le go amogela maikutlo a gago, go nne le golo gongwe fa le tlhakanelang megopolo teng, se ka sejatlhapi ba reng ke compromise. Ke ka go gakolola gore o buisane le ene o leke go mo sokolola. Gape o ka kopa mongwe yo o mo tshephang kgotsa ba boipelego go buisana le ene. Fa go pala tsaya kgato fela o tswe mo go ene ka gore ga go thuse sepe gore o nne fela ka kutlo botlhoko ka gore go sa nneng jalo go felela go tsala dipolaano.  ENDS

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%