Pastor Thomas Lebitso Kock, Tsabong

19 December, 2012

POTSO: Kutlo botlhoko mahutsana

Ke kwala jaana ka pelo e e botlhoko, ke tshela ka dikakanyo tse di duleng mo tseleng, gonne go lobaka ke ngongorega ka tiragalo e e ntiragaletseng mo kgolegelong ya Tshabong.  Mmamalome e rile kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le matlhano (5) ka ketekiwa ke borre ba ba direla puso ba le babedi fa pele ga moeteledipele wa kgolegelo ya Tshabong.  Mmamalome ke amegile thata. Tiro e banna ba e dirileng mo go nna ga e njese diwelang. Ke tshwenngwa ke tsebe e e nnang e dutla bosigo e le botlhoko jo bo tlhabang mo pelong le tlhogo e ntsentse fa le fa le moeteledipele wa kgolegelo o itse ka go sa tsoga ga me fela thata.

Mmamalome ke ipotsa gore ditshwanelo tsa me di tshwanetse go gatakiwa fela jaana le gone fa pele ga magolegwa a mangwe.  Mme e rile kgwedi ya Tlhakole radikgolegelo Senior ACP Mokento a na le ngaka go tswa Gaborone Dr Seleke, ba etela kgolegelo ya Tshabong ba tla go tlhola magolegwa gore ba tsogile jang. Mme ke ne ka bolelela Senior ACP Mokento gore ke ketekilwe ke ba direla puso ba Tshabong Prison. Mme Senior ACP Mokento a botsa officer in charge ya kgolegelo gore a kgang e o a e itse mme a mmolelela gore o a e itse. Rre Mokento a bua le ene gore a tlhotlhomisa kgang e, fa a fetsa a ise phetolo.  Jaanong Mmamalome ga go nko e e tswang lemina, go rile tshoo, go fitlhela ke ikgogela kwa go wena.

Mmamalome ke kopa go botsa gore a puso e letleletswe go keteka magolegwa, ka gore se se ntiragaletseng ke swabile nko go feta molomo ka motlholo o ke o boneng mo kgolegelong e bile malatsi ano ke nna ka go boifa. Ga ke tshele sentle mo kgolegelong fa ke bona banna ba ke a gadikega, ke fufula, ke e sha mo pelo ya me e nnang botlhoko.  Ka kopo le ka lorato le ka boammaaruri ke kopa gore lekwalo le lame le gatisiwe mo Kutlwano gore masika a me le batsadi ba ba rategang ba me, le setshaba sotlhe ka bophara ba bone gore re tshedisiwa jang mo kgolegelong. Mmamalome kana ke beleditswe gore ke ne ke sa buisiwa sentle ke rre wa ofisara mme fa ke mo lebisa lebaka la gore ga mpuise sentle ka bo ke tsositse diletseng. Ke kopa go itse gore ke dire jang.

KARABO: Kgang ya gago ke a e utlwa. Ka bokhutshwane, ga se tshwanelo gore legolegwa le ka ketekiwa, e bile ke molato gore modirelapuso a dire jalo. Ka fa o tlhalosang ka teng bagolwane ba dikgolegelo go supa ba itse kgang ya gago, e bile go supa fa e diragetse bosheng fela jaana. Sengwe se se ntsietsang ke gore ga o tlhalose gore fa o bona go se nko epe e e tswang lemina o ne wa tsaya kgato efe go latedisa kgang ya gago le bagolwane ba kgolegelo gore ba go fe karabo. Ke tsaya gore o na le tshwanelo ya gore o ikopanye le bone gore ba go tlhalosetse gore kgang ya gago e tsamaya fa kae. Mme fela itse gore ditlhotlhomiso ke selo se se tsayang lobaka ka e bile tiragalo e, e diragetse bosheng fela jaana. Ke kopa gore o bone mogolwane wa kgolegelo a go tlhalosetse. Fa go pala o na le tshwanelo ya go fetisetsa kgang ya gago kwa go ba bagolwane. ENDS

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%