Ontiretse Segadimo, Molepolole

11 January, 2013

O ikgatholositse ngwana

Mmamalome, Ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano. Ke tshwentswe ke go bo mongwe wa bokgaitsadiake a ikgatholositse ngwana wa gagwe. Ngwana yo o sale a tlhokafaletswe ke mmaagwe ka 1998. Le fa gone rraagwe a ne a sa mo tlhokomele sentle le fa mmaagwe a santse a tshela, kwa lapeng re ne ra nna le tsholofelo ya gore ka ngwana a sa tlhole a nale mmaagwe, kgaitsadiake o tla simolola go mo tlhokomela ka fa tshwanelong. Sebe sa phiri ke gore kgaitsadiake o ne a tswelela a ikgatlholosa ngwana, mme ba ga bone ba felela ba mo kwadisitse kwa go mmaboipelego. Ke utlwisiwa botlhoko ke seemo se, ebile ka kgaitsadiake a nale bana ba bangwe ba bone a ba tlhokomelang fela sentle. Mmamalome, go ka dirwa eng gore kgaitsadiake a emise go sotla ka lesiela le?

 

KARABO

Ke go utlwa sentle setlogolo, ebile kgang ya gago ke utlwa e nkama pelo segolo jang ka e ama ngwana. Boammaaruri ke gore ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe go ratwa le go akola tlhokomelo ya batsadi boo-babedi, mme go maswabi thata go bona gore bangwe batsadi ba ba santseng ba sena sebete sa go tsaa boikarabelo jwa go nna jaana. Mme mo seemong se motsadi yo mongwe a hulereng, go maleba gore yo o setseng a sale a tshegeditse tiro e e masisi e. Mme le fa go ntse jalo re tshwanetse ra lemoga gore maarogi a nna teng mo setshabeng, mme ke belaela fa kgaitsadio a wela mo setlhopheng se sa maarogi. Ntle le go golola tlou le maroo, tlaa ke go gakolole go nna fa fatshe le kgaitsadio go mmotsisisa gore ke eng a dira jaana. Fela jaaka mogologolo a rile molemo wa kgang ke go buiwa, ditharabololo tsa dikgang ka bontsi gantsi di mo go buiweng ga tsone. Fa go bua ga bobedi jwa lona go ka seke go tswe dipe, o ka kopa ba lapa la gaeno go bitsa kgaitsadio go tla go nnela kgang e, ka tumelo ya gore ka setshwarwa ke ntsa pedi se seke se nna thata, maduo a ka bonala.

 

 

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%