Onkemetse Tshegetsang, Mahalapye

11 January, 2013

 

Gatwe re reng?

 

Mmamalome, Ke mme wa dingwaga tse masome a mabedi le bosupa. Ke modiri wa lekalaneng lengwe le le ikemetseng. Go nale sengwe se ke se etseng tlhoko mo melaetseng e e romelwang ka maranyane a inthanethe. O ka fitlhela mo melaetseng e, e ka Sekgoa e bidiwang email go rotloediwa ba ba e amogelang go e fetisetsa kwa palong e e rileng ya batho, mme go kwalwe gore fa ba ka dira jalo ba tla amogela dikhumo kana eng fela se se tona se ba ntseng ba se batla. Fa ba sa fetise melaetsa eo kana ba e phimola go tla bo gotwe ba tla diragalelwa ke sengwe fela se se maswe. Melaetsa e bontsi jwa yone o ka fitlhela e bua ka Modimo, jaanong potso yame ke gore a ba ba dumelang mo Modimong ba batla go tshosa ba ba sa dumeleng kana jang. Le gone gore a tumelo e tshwanetse ya baa batho mo kgatelelong ya poifo kana e tshwanetse go ba golola mo poifong?  

 

KARABO

Setlogolo, Ke itse ka botlalo se o buang ka sone setlogolo. Mme ebile ke lemogile fa bontsi jwa batho ba dumela matshosetsi a melaetsa e. Ke dumela gore sengwe le sengwe se a fufulelwa; fela jaaka mo Baebeleng Modimo a boletse gore mongwe le mongwe o tla tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe.  Ka jalo Mmamalome ga a dumele le fa e le go le go nnyennyane gore o ka huma ka ponyo ya leitlho fela ka gore o fetiseditse molaetsa kwa ditsaleng tsa gago di le lesome kana epe fela palo. Mo Modimong go tshelwa kwa tumelo, e seng go bua sengwe se o se eletsang o bo o romela mmopelela wa melaetsa e le wena tota o sa e dumeleng. Go dumela mo Modimong ke boikgethelo, mme ebile ope ga a tshwanela go pateletsa ope ka go tshameka ka letswalo la gagwe gore a kgethe tumelo epe e ene a iseng a tle mo seemong sa go amogela go tshela ka yone. Mme le gone setlogolo, fa go ne go nale boammaaruri mo dikgannyeng tse, a re ka bo re sa bona matshelo a batho bangwe a fetogile ka motsotso? Ke dumela gore nna le wena re itse bontsi jwa batho ba ba ineeletseng go nna marogo a a fetisang melaetsa e ka ntlha ya lenyora la bone la dikhumo le dikgakgamatso; tota le jone bopelotshetlha jwa go nna le dikhumo tse ba sa di berekelang.

 
 

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%