Anonymous, Sefhare

09 September, 2013

O ntshotlakaka ke sa itse molato wa me

Mmamalome

Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe. E ne ya re ka 2009 monna a roma bangwe kwa gae gore o batla mosadi. Ka 2010 ka August a ntsha bogadi a be a ntsholofetsa gore re tlaa ya go pega maina kwa ga molaodi mme nako kgolo ke eno. Ka 2012 re ne ra tshola ngwana wa mosimane yo a neng a sa bolo go mmatla. Ga ke itse gore a ke mo tenne ka go mo tsholela ngwana ka e sale foo dilo di be di dubega.

Ga a ise a nthuse go reka mesese ya boimana fa ke le mo mmeleng, o ne a se na sepe le nna a kgona go ntlogela ke le nosi mme fa a boa banyana ba letse ba mmatla ba omana. Ka nna motsetsi ka sotlega mo ntlung ke bolawa ke tlala, ngwana a se na diaparo, ke se na le one molora wa go mo tlhatswetsa. Monna yo o bereka kwa moopeng kwa Maun mme kapari le dikoloi di bonelwa mo go ene.

O ntlogedisitse tiro a re dikatso tsa me di dinnye ebile a ntshephisa go ntlhokomela. Ka ke ne ke tsaya gore ke mosadi wa gagwe ka mo reetsa, a mphuaganya. E setse e le dingwaga tse pedi a gana nna le ngwana re ya go bona kwa a nnang teng. Ke isitse kgang kwa botsading mme ga go nko e tswang lemina. Rraagwe ngwanake ga a na nnete ka e rile ke le motsetsi a reka koloi e a neng a re ke ya ngwana. Ka Moranang monongwaga o ne a re o buletse ngwana letlole la polokelo a bo a tsenya P86 000 mme ka leta karata ya motshine ebile ke itlhobogile.

O ne a nthomelela nomore ya letlole a re ke yone ya ngwana, morago a nthaya a re bukana ya cheke ya ngwana e dule mme fa ke kopa go e bona ke fa e kwadile maina a gagwe gape ke ne ke tlhotse ke bone motshegare a kwalela batho dicheke mo go yone. Nna ke mosadi fela yo o sa itseng sepe ka botshelo jwa gagwe, kgwedi e fela ke bechelwa ka P300.

ANONYMOUS, Sefhare

 

Setlogolo,

Rre yo o tshelang le ene ga a lebege a na le boammaaruri. Letlole la polokelo le kwalwa ka leina la mong wa lone. Fa e ne e le ya ngwana e ka bo e kwadilwe ka maina a ngwana. Dilo tsotlhe tse rre yo a di dirang, o a di itirela. Go a swabisa gore a bo a ithekela dikoloi le mekgabo mme a sa tlhokomele ngwana wa gagwe. Ke go gakolola gore o leke go bua le ene o mmontshe gore ga o itumelele ka fa a go tsayang ka teng ga mmogo le ngwana wa lona. Fa a sa fetole boitshwaro, a tswelela a ikgatholosa maikarabelo a go tlhokomela ngwana, o ye go ikuela kwa go ba molao.

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%