Fidah, SEFHARE

07 November, 2013

A mme ke ka thola ke mo tshephile mo botshelong?

MMAMALOME, Ke mme wa dingwaga tse di masome a mararo, ene ya re ngwaga tse pedi tse di fetileng ka ntshediwa bogadi, leina le lone la kopiwa mme ba le neelwa ka lone letsatsi la bogadi. Kgang ya nyalo e ne ya ema e ntse jaana go fitlha mo nakong ya gompieno. Rre yo o ne a direla kwa moepong wa Phikwe, kgwedi e fela ke sa itse gore o dira eng ka madi, ke sa itse le gone gore o amogela bokae le gone ka di kae, ke ne ke bona ka polasetiki ya diaparo, a bo a tsena mo ntlung  a tlhapa a bo a tswa a apere sentle.

Nna ke ne ke nna kwa gae nako e ntsi ka go ne go lebega fa a sa batle ke nna mo tlase ga gagwe. Fa ke mmolelela gore ke batla go mo etela a bo a mpolelela gore o tabogela golo gongwe o tla mpolelela fa a boa.

Dinako tse dingwe ke ne ke emelela maikaelelo e le gore o tla mphitlhela nako e a boang mme e ne ya re ke mmolelela gore ke mo lwapeng a bo a mpotsa gore ke mang yo o rileng ke tle kwa ntlung ya gagwe mme ka tshwanelwa ke go boela kwa gae. Rre yo o ne a tsena kereke, ke fa e tla re nako nngwe ke mo etetse a bo a re ke fete ke mo tsaya ko kerekeng, ka boammaaruri ka fologa fa kerekeng ya bone.

Fa a tla kwa go nna o tla a pegile mme mongwe le ngwana, ka bapa le ene sentle mme ba feta ba mpaya fa lwapeng ba bo ba feta. Gape o ne a sa batle gore ke ka ya le ene kwa kerekeng ya gagwe. Malatsi a feta ka go tlhomagana ke ntse ke babalelwa. Re ne re dirisa leterase le le pompiwang, nako nngwe ke fitlhela le phofile mme morago mme yo a neng a mo pegile a nteletsa a nthaya a re ke botse monna wame gore leterase le phofisitswe ke eng!

Fa wa rre a goroga ka mmegela kgang a bo a khutshwafatsa kgang are ene nne a tlotlela wa mmenyana gore leterase la gagwe le phofile o batla go reka bolao. Kutlobothoko, mahutsana, mme yo o ntatetse straight mo ntung ya ga rre yo a bua ka fa ke mo rogileng ka teng ka dinomore tse di farologanyeng, morago ke fa ke tsewa ke mapodisi ke ya go lala ko kgolegelong.

Morago ka tlhaselwa ke mme wa moimana yo e rileng fa re mo latetse  ka o ne a mo itatola, mme yole a tlhalosa fa rre yo a mmatile a le 5 months, ebile ene one a senke a bona sepe se se supang fa rre yo a na le mosadi, go ne go supagala gore diaparo tsame o a di fitha a bo a ntsha dinepe ka ke ne ke te ke nne ke gakgamalele ka fa di beilweng fa ke goroga.

Fa ke bua jaana o na le ngwaga tse pedi are o berekela ko Maun, le gone jaana o gana a latola gore nka ya teng, ebile a re o na le ministry o ke ipotsang gore a mme o kgona go o etelela le gone o ruta batho eng, o tetse lefatshe jaaka letsatsi. Moono wa kgang ke gore ke kopa thuso gore ke dire jang ka ene ka tota ke bona e le motho yo o sa thwaafalelang nyalo ebile a sa e thomphe gape a sa batle go itirela sepe mo isagong gape o ithobogisitse le bagaetsho ka ditiro tse a di dirang.

KARABO

Setlogolo, Rre yoo o go itshupeditse fa a sena boammaaruri ebile a sena sepe le wena. Bolelela batsadi ka tshotle tse rre yo a di dirang mme botsadi ka bobedi bo ka kopana ga tsewa kgato. Ga go na mosola go nna le motho mme ene a sena sepe le wena. Mme gape ke go gakolola go ikemela ka dinao go itshetsa.

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%