Mmamalome

Angel, Francistown

11 December, 2012

Ke tlhorontshwa ke dintsa   POTSO Kana molemo wa kgang ke go buiwa, ke nna mo Somerset mme ga ke nne sentle ke dintsa tsa lefelo le. Moagisanyi wame o ruile dintsa mme ga a di tlhokomele. Dintsa tse di goletse mo matlhong a me mme fela fa di dira molato o a di itatola. Ngwaga e e fetileng nngwe ya dintsa tsa gagwe e ne ya loma ngwana wa sekole, ya re a begelwa molato a latola a re dintsa tse di tletseng mo ga gagwe ga se tsa gagwe, ya gagwe e nngwe e bile ga e lome. Gompieno ga re a tsoga mo lekeishaneng re ola dintsa tsa gagwe. Fa o mo lebisa bothata jo a re re seka ra mmolelela re bolelele beng ba dintsa ka e se tsa gagwe. Tota fa e le gore dintsa tse ke matimela re ka thusiwa jang ka e bile di tlatsa tikologo leswe ka go diga ditanka tsa matlakala.     KARABO Le fa go twe ntsa ke tsala ya motho fa di senya e nna mathata. Kgakololo yame ke gore bona ba khansele ba bye law gore ba tseye dikgato tse di lebaneng. Ka fa molaong wa toropo dintsa ga di a tshwanela go gobeya mo mebileng di sa tlhokomelwe. Ke molato o mong wa tsone a ka tseelwang kgato kgotsa di bolawa ka ga di na mong.    

read more

Tshepelo , Kumakwane

11 December, 2012

  Ke buile ke lapile POTSO Mmamalome nthusa, ke na le ngwana wa mosetsana wa dingwaga tse 19. Ngwana yo o goletse mo kerekeng e le ngwana fela yo o nkutlwang mme fa e sale rraagwe a tlhokafala ka 2008 dilo di fetogile. Ngwana yo ga a aka a dira sentle mo maduong a mophato wa botlhano. Ka 2010 ke ne ka mo duelela gore a kgone go kwala gape a tle a kgone go bona phatlha kwa UB. Ngwana o ne a simolola sekole fela sentle a pasa mme ga senyega fa a sena go kopana le rre mongwe. Rre yo wa moagisanyi ke kile ka mmitsa ka leka go mo kgalema le go mo lemosa gore ngwanake o santse a le monnye go ka nyalwa. Ke ne ka bitsa bo malomaagwe ba bua le ngwana ka a ne a setse a nna fela ko go rre yoo. Masika a ne a mo latela kwa monneng yo ba mo lebisa fa e se segarona mme e bile ngwana yo a santse a le mo tlhokomelong yame mme go lebega ke sa utlwala ka se se tsweletse. Bosheng ke ne ka bidiwa kwa sekoleng ka tlhalosediwa gore ngwana ga a tsene sekole. Tota ke lekile ga ke sa itse gore ke reng. Mmamalome nkgakolole gore tsela ke tsaya efe jaanong. A molao o ka nthusa mo kgannyeng e? KARABO Kgang ya gago e utlwisa botlhoko e le ruri bogolo jang fa go bua motsadi. Se ke kgwetlho ka jaana o batlela ngwana wa gago bokamoso jo bo botoka. Mme fela nka go gakolola go ikopanya le ba lephata la boipelego. Le bone ba kwa sekoleng ba na le barutabana ba ba sidilang batho maikutlo, ba kope go go thusa go bua le ngwana ba mo lemotshe botlhokwa jwa go reetsa molao wa batsadi le go tsena sekole. Fa e le gore rre yo o rata ngwana wa gago o ka mo letlelela go fetsa sekole a itse fa e tlaa nna mothusi wa gagwe kamoso. Thuto ke yone konokono ya botshelo ka gore fa o sa rutega go thata go bona botshelo jo bo rileng mo malatsing a gompieno. Mo godimo ga moo botshelo bo motlhofo le bereka lotlhe, le gore fa yo mongwe a ka tikela o ka kgona go tswelela o itshetsa.  

read more

Maatla Moroka, Mmadinare

11 December, 2012

Ke kgokgontshiwake mokapelo  POTSO   Ke rre wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano. Ke ratana le mme wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi. Mme yo ke tshotse ngwana le ene. Mathata ke gore mme yo o a nkgokgontsha o batla ke nna ke mo fetse madi ruri mme le fa ke a ntshitse ga a kgotsofale. O setse ebile a nna a ntshosetsa ka loso a re ke tla swa ke sa laela. Ke ntse mosima wa phika ka marago Mmamalome ebile ke akanya go kgaogana le ene ka ke lemogile fa a sa nthate a ipatlela ditsame fela. Nthuse Mmamalome.    KARABO   Kgang ya gago ke a e utlwa. Ga go tlhalosege mo lekwalong la gago gore a o kile wa leka go bua le mokapelo wa gago ka matshwenyego a o nang le one. Fa o dirile jalo mme seemo sa seka sa fetoga o ka tsholetsa diatla wa ikgogela fa morago mo botsalanong jwa lona. Kana gatwe go tholwa ga monna ga se go lema dinaka. Ka matshosetsi a loso o ka kopa thuso kwa go ba sepodisi; kana go tshosetsa botshelo jwa motho ke molato o motho a ka o sekisediwang a ba a atlholwa. Le fa go ntse jalo, Mmamalome o tshwenngwa ke sengwe ka wena setlogolo. Ke ipotsa gore ka go lemotshega fa o kopane le mokapelo wa gago a le dingwaga di lesome le botlhano a go ratana ga lona ga go a mo kgoroletsa go tswelela le dithuto. Mme e bile ka nako eo o ne a le kwa tlase ka dingwaga go ka tsaya ditshwetso ka tlhakanelo dikobo. gape ke molato go tlhakanela dikobo le motho yo o dingwaga di ka fa tlase ga lesome le borataro. Se se a tshwenya ka jalo ga ke se rotloetse. 

read more

Kedisaletse Kethobogile, Tonota

11 December, 2012

POTSO - Ke batla go ithuta go sega le go kgabisa diaparo    Ke lemogile fa Motswana a rata mmala wa lefatshe la gagwe jaanong ke batla go ithuta go sega le go kgabisa diaparo ka mmala wa folaga ya lefatshe la rona. Ke eletsa go dira tiro e e le maiteko a go sireletsa ngwao ya rona gore e seka ya nyelela. Gape ke dumela gore kapari ke yone e gantsi e kgonang go supa gore motho ke wa letso lefe.   KARABO   Go nale dikolo tsa ithutelo tiro ya diatla tse di rutang ka go sega le go roka diaparo, mme ke dumela gore fa o ka ikopanya le tsone o ka nna le sebaka se sentle sa go fetola toro ya gago boammaaruri. Jaaka o boletse, kapari e botlhokwa thata mme ka jalo ke go akgolela keletso ya gago ya go thusa go tshegetsa kapari e e ka tlhaolang Batswana mo ditshabeng tse dingwe. Dingwe tsa dikole tseo ke tsa vocation training centre (VTC). 

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%