Esnathi, Matobo
25 March, 2014
KE DINALANYANA Mmamalome ke dumela gore game e le ruri ke boloi. Fa ke ntseng teng fela go a re ke tseye kana ke topole sengwe. Ke sego le go bona makolwane a a siameng mme fela fa ke ka mo etela ke ya go boa ke tsere sengwe e bo e le gone jaaka botsalano bo fedile. Ga ke sena le tsala epe e ke e etelang ntateng ya se. Fa ke tsena mo shopong pelo e a re ke latlhele sengwe mo bekeng. Fa ke bua jaana ke kobilwe mo tirong ka ke ne ke senyetsa babereki ba bangwe. Ga ke utswe kagore ke a tlhoka, go a re ke dire fela. Bangwe ba re ke loilwe ke ye go tsena mo dibafong kana ke ye kwa baruting ba e go ntsha letimone la teng. Ke kopa kgakololo e e ka fetolang botshelo jwame mmamalome. KARABO - Setlogolo, Ke maswabi gore o bo latlhegetswe ke tiro, mme gape ke go akgolelea gore o bo o lemogile fa o na le bothata ebile o batla tharabololo ya jone. Mme kana tharabololo e ka tswa kwa moding wa bothata. I kopanye le ba bogakolodi (counselling) jaaka bo mmaboipelego go go thusa go bona gore mathata a bakwa ke eng ebile a ka rabololwa jang.
read more








                    
                    
