Mmamalome

Morutabana, Gaborone

21 October, 2013

Ngwana o tshwentswe ke kgaogano ya batsadi Mmamalome Ke morutabana wa sekole se sebotlana mono Gaborone mme e ne ya re beke e e fetileng ka amogela mokwalo o tswa mo mongweng wa baithuti. Mosetsana yo o ne a tlhalosa fa mmaagwe le rraagwe ba kgaogane. A re kgaogano e e tsisitse ketsaetsego mo botshelong jwa gagwe ka jaana e sale a tsholwa ngwaga tse some tse di fetileng a ntse a le ka fa tlase ga kgodiso ya batsadi ba gagwe. Bothata jwa moithuti ke gore a re o ipotsa gore jaaka a setse le mmaagwe jaana fa a bona monna yo mongwe go tsile go nna jang mo lwapeng le gone gore a fa rraagwe le ene a ka iponela mosadi a o tlaa kgona go mo etela, le yone kamogelo e tlaabo e ntse jang. Ke ka thusa jang moithuti yo Mmamalome go akofela kgang e ka e ka felela e ama maduo a gagwe ntswa e le mongwe wa bana ba sekole se ipelang ka bone. Morutabana Gaborone SETLOGOLO Ke go akgolela tiro e e molemo e o e dirang, e leng ya go ruta bana ga mmogo le go bona gore ba nna ba itumetse. Ikopanye le batsadi ba ngwana o ba lebise matshwenyego a ngwana. Selo se se botlhokwa ke gore ngwana o tshwanetse a bolelelwa le go bontshiwa gore batsadi ba gagwe ba a mo rata, mme e bile dikeletso tsa ngwana di tla pele ga tsa batsadi. Ngwana o tshwanetse go bontshiwa gore go kgaogana ga batsadi ba gagwe ga go nke go fetole lorato le tlhokomelo ya bone mo go ene.    

read more

Via Mail, Masunga

21 October, 2013

Ke fitlhetse monna a robetse le mme yo o thusang mo lwapeng Ke mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano. Ke direla kwa kokelong ya Masunga fa monna wa me e le lesole mme ene o direla kwa Francistown. Re na le ngwana wa mosetsanyana a le mongwe. E ne ya re Lwetse a ya fifing monna wa me a tsaya malatsi a boikhutso go tla go re tlhola. Lengwe la malatsi ke ne ka phakela ke ya tirong ka koloi, e ne ya re moragonyana ka lemoga fa ke lebetse sengwe sa botlhokwa kwa lwapeng. Ke ne ka boela morago ka dinao ka go se kgakala le kwa tirong mme fa ke tsena ka fitlhela monna a robetse le mmereki mo bolaong jwa me. Ga ke itse ke dire jang! Thusa Mmamalome. Via mail Masunga SETLOGOLO Ke maswabi ka se se go diragaletseng. Rre yo o nyalaneng le ene yoo ga a supe a go tlotla ebile ga a itlotle mmogo le lenyalo la lona. Mme yo o le thusang mo lapeng le ene o supile fa a sa le tlotle, jaanong ke go gakolola gore o mo ntshe mo tirong, o bo o buisana le monna wa gago a tlhalose maitshwaro a gagwe, morago ke gone o tsee tshwetso ya gore wena le ene lo tswelela jang.  

read more

Distressed mother, Gaborone

21 October, 2013

A ke ngwana kana kgogomodumo Mmamalome ke kwala jaana ka pelo e e tletseng kutlobotlhoko. Ke na le ngwana wa mosimanyana yo o dingwaga di robang bongwe. Rotlhe mo lwapeng ga re ke re tlhaloganya maikutlo a gagwe. Fa go itumetswe mo lwapeng ene o nna fela a le esi. Fa gongwe fa re re re a mmuisa o a re galefela mo ebile bana mo lwapeng ba setse ba mo tshaba. Ke lekile go bua le ene le gone go ka mo itumedisa mme maiteko ame ga a a ntsha maduo ape. Mmamalome ke feletswe ke maano, ke ipotsa gore a game ke moleko kana Modimo o mphile kgogomodumo gore e tle go nkgokgontsha. Distressed mother Gaborone SETLOGOLO Go tshela mmogo ka Kagiso ga bana gammogo le go itumela ga bone ke selo se se botlhokwa, mme ebile ke dingwe tse di amang go gola ga ngwana le gore o tlaa tsoga e le motho wa botho le maitshwaro a a ntseng jang. Ka jalo ke go gakolola go ikopanya le ba bogakolodi kana ba boipelego gore ba tle ba go gakolole gore o ka rarabolola jang bothata jo.  

read more

Johannes Tjitjo, Namibia

21 October, 2013

Mmamalome Ke batla go bona morwaake Ke kopa thuso mo kgannyeng e e latelang: Ke ka dira jang gore ke latedise my loved Kabo koo Botswana. I am looking for ngwanake Kabo Modibedi. Mmaagwe ke Mengi Modibedi (now Moatlhodi) ka o nyetswe. Nna le Mengi re kopane kwa Maun Secondary School ka bo1982. We parted the same year when I came to Namibia. Kabo was born the same year, but we never met since then. Nkile ka leka go dira tracing through Kutlwano long back. Then Mengi responded to say Kabo was 13 years old. That is when I heard she became a Moatlhodi. I have not seen Kabo and he has not seen me for 31 years now. Sometime this year I made enquiries through email ka kopana le motho yo mongwe with the same name and surname (Kabo Modibedi). He did inform me gore he is not the one I am looking for. A bo a re at one point re kopane for the name’s sake. He was then staying in Selebi Phikwe. Ke batla go itse fa Kabo a le teng, le gore o kae, ebile o tshela jang, and if there can be any possible reunion, with greatest respects of Mengi’s status.  I am also happily married and staying in Namibia. Please accept assurances of my highest regards and esteem at all times. Johannes Tjitjo Namibia SETLOGOLO Go sa itse ka ngwana wa gago ke selo se se botlhoko. Ngwana le ene o na le tshwanelo ya go itse gore motsadi wa gagwe ke mang. Mme ka gore mmaagwe ngwana o tserwe e bile ngwana ga a go itse, go botlhokwa gore o buisane le mmaagwe lo rulaganye bokopano jwa gago le ngwana. Go ikopanya le ngwana ntle le kitso ya ga mmaagwe go ka baka mathata. Go botlhokwa gore le wena le ngwana lo kopane lo bo lo itsesanngwa ke mmaagwe ngwana mme lona botsadi ka bobedi lo bo lo ipaakanyeditse dipotso tse ngwana a tlaa di botsang.

read more

Bangongoregi, Kopong

21 October, 2013

Motokwane o kgaothantse banana ba kopong Tota ka gatwe o a tshwarelwa bone ba o tsaya kae? Ke bua jaana ke utlwisiwa botlhoko ke borre bangwe le tshimanyana nngwe ya motse o, e e inaakantseng le go goga motsoko o o nkgang maswe o o ka reng go tshubilwe bojang jo bo metsi. Fa o feta gaufi le bone o tla a bo o sale o kgatlhantshitswe ke mosi o rile thii! Banana ba ba fetogile bannabagolo ka more o. Gantsi ba o gogela kwa madirelong a go beolwang moriri, mo mekgwatlheng le mo malwapeng tota. E re ntswa monko o o tshwenya bangwe ka o sa siamela botsogo, go lebega batsadi bangwe go se tsapa le ba fisang pelo. Bagogi ba more o ba o timetsa motlhala ka go o tshopha ka dipampiri tsa metsoko e e leng teng mo mmarakeng. Re kopa thuso ka gore monko wa motsoko o o ama le rona ba re sa gogeng. Bangongoregi Kopong SETLOGOLO Tiriso botlhaswa ya dino le ditagi mo bananeng e a tshwenya. Puso e dirisa madi a mantsi ngwaga le ngwaga go ruta, le go lwantshwa tiriso ya dino le ditagi. Le fa goromente a eme ka dinao go lwantshwa se, Banana ba le bantsi ba senyegelwa ke bokamoso ka ntlha ya ditagi. Bangwe ba helela mo di kgolegelong , bangwe ba senyega ditlhaloganyo mme ba felele ba senyegelwa ke ditiro le dikolo ka ntlha ya ditagi tse. Goromente a le esi ga a kake a kgona ntwa e ale nosi, go tlhoka gore mongwe le mongwe a gwetlhege abo a eme ka dinao go thusa. Ke ka moo ke lo akgolelelang go tshwenyega ka tiriso ya ditagi mo motseng wa lona. Mme ke lo gakolola go ikopanya le ba sepodisi ka kgang e gore ba thuse go bona gore mokgwa o o o a hedisiwa.

read more

Kedibonye, Gaborone

09 September, 2013

O nkobile ke sena go mo adima madi Ke go kwalela jaana Mmamalome ka pelo e e botlhoko ka jaana ke jetswe madi ke mosimane. Dingwaga tse pedi tse di fetileng ke ne ka kopana le rre mongwe wa kwa Kanye mme ra felela re ratana. Ka re ne re direla mmogo mo Gaborone, erile morago ga dingwaga tse pedi a fudugela kwa tlung e ke e firisitseng gore re thusane botshelo ka tota e ne e le motho wa dikgwebonyana. O ne a nkopa gore ke adime madi kwa bankeng go mo thusa mo kgwebong e a neng a e dira. Mme ka ke ne ka tsiediwa ke pelo ya lorato, ke ne ka dira jalo ntle le pelaelo ya gore o ka tsoga a ntlhanogetse. Morago ga dikgwedi tse tharo ke fa a simolola go itshupa mebala, a lala nageng, a nna a tagilwe le tsone dijo mo lwapeng a sa tlhole a nthusa go di reka. Mme erile fela ke ntsha molomo ya bo e le gone jaaka ke mo kobile. Sebe sa phiri ke gore ke mo adimile P50 000 mme ga re a baya monwana tumalano epe fela ebile rre yo a re ene ga a tsene gope mo dikolotong tse a sa di itseng. Ke dire jang Mmamalome gore bogolo a buse madi a me? KARABO Ke maswabi gore rre yo a bo a go tsentse mo dikolotong a bo a go phuaganya. Ke go gakolola gore o ise kgang ya gago fa pele ga ba molao ba tlaa go thusa go e rarabolola. O senke bosupi jotlhe jo o nang najo go supa gore ke nnete o ne a go tsenya mo sekolotong ka tsholofetso ya gore o tlaa go thusa go se duela.

read more

Xumka, Shorojenaa

09 September, 2013

Ke tlhorontshiwa ke ngwana Ke rre wa dingwaga di le masome matlhano le botlhano wa Shorojenaa. Ke na le ngwana wa mosimane yo o dingwaga di masome mabedi mme ga ke bolo go kgaogana le mmaagwe a sale mmotlana. Ke ne ka mo godisa mme ya re morago ka nyala. Jaanong mosimane yo o iphetotse poo ya seganka mo ga me ka jaana a ntlhorontshetsa mosadi le bana. Dilo o di dira ka jaana a re mosadi wa me ke ene a dirang gore ke seka ka mo fa madi. Madi a o a batlela go nwa bojalwa le go reka motsoko. Ga se motho yo o tshwarang sepe mo lwapeng ebile bosheng o ketekile mosadi le bana a re ba mo fe madi ebile ke bone ba ba dirang gore a tingwe madi. Botsadi bo lekile go agisanya mme ga go supe fa mosimane a utlwile kana a ikaeletse go fetola boitshwaro jwa gagwe. Ke feletswe ke maano jaanong, ga ke sa itse gore ke dire eng go rarabolola bothata jo. KARABO Setlogolo, Ke go akgolela go bo o ne wa godisa ngwana wa gago, mme ebile o dira jalo ntle le thuso ya ga mmaagwe. Ikopanye le ba molao go go thusa go bona tharabololo ya kgang e.

read more

Frustrated Mother, Gaborone

09 September, 2013

Ke palelwa ke go mo itshwarela Mmamalome Ke palelwa ke go itshwarela rraagwe ngwanake morago ga go ntshotlaka ka lobaka. E ne ya re ka 2007 ra tshola ngwana wa mosimanyana. Pele ga ke tshola ngwana yo, ke ne ke nna ke latelwa ke basetsana ba re ke ba tseetse mosimane ntswa nna a ne a mpoleletse gore ga a na motho. Ke ne ka mo itshwarela makgetho a le mmalwa mme phelelong ka mo tlogela ka a ne a le kgatlhanong le go dirisa sekausu a re se direletswe batho ba ba tsietsanang. Nna ga ke nwe bojalwa mme rraagwe ngwanake o ne a anwa ebile a goga motsoko. O kile a nkimisa makgetho a le mabedi e be e re morago a mpateletse go senya mpa. Tse tsotlhe tse a di ntirileng di sa ntse di nkhupeditse, ke mo ila mo ke mo eleletsang loso. Ke na le kgotlhang ya dikakanyo e e nketefaletsang go ka tswelela ke ratana. KARABO Setlogolo,Ikopanye le ba bogakolodi gore ba go sidile maikutlo. Go bo o na le ngwana le rre yoo go raya gore wena le ene le tla tshwanelwa ke go nna le buisanya ka tse di amang ngwana wa lona, ka jalo go botlhokwa go mo itshwarela gore o tle o kgone go tswelela le botshelo jwa gago le ngwana wa gago.

read more

Nkukuagwe Lee, Francistown

09 September, 2013

Ngwetsi ga e nthate Mmamalome Ke nna nkukuagwe Lee. Ke mosadimogolo wa dingwaga tse di masome a a supang. Ke na le ngwana wa mosimane a le mongwe yo e leng ene a ntlaletsang mo mading a bagodi go reka tse ke di tlhokang. Ngwanake o na le dingwaga tse some a nyetse mme le fa e le ka tsatsi lepe mosadi wa gagwe ga a ke a supa lorato mo go nna kana ope fela wa tshika ya me. Le ke bua jaana mmele wa me ga o itse le fa e le seaparo sepe se a kileng a se nthekela go supa fa ke le mmaagwe. Ke rata ngwanake thata mme ga nke ke baya lonao kwa ga gagwe ka mosadi wa gagwe a sa nkamogele sentle a ntebela kwa tlase mo a kgonang go bua dipuo tse di seng monate a re setlhako go lela sa gagwe ka ntlu e le ya gagwe. Se se nkutlwisang botlhoko ke gore ke thusitse morwaake go mo ntshetsa magadi ke re gongwe e tlaa tla e nna ene ngwanake wa mosetsana. Le fa e le malatsi a boitapoloso ga a ke a tla kwa ga me fa e se ngwanake a le teng. Tota le ene ngwanake ga a tshele sentle ka go nna go tletse tshika ya gagabo mosadi. Potso ya me ke gore ke dire jang go lemotsha ngwanake fa ke hupeditswe ke ka fa mosadi wa gagwe a mpuisang le ka fa a ntsayang ka teng ntle le go mo utlwisa botlhoko? KARABO Nkuku, kgang ya gago e utlwisa botlhoko e le ruri. Go a swabisa gore o bo o sa kgone go etela morwao. Go botlhokwa gore fa go na le bothata mo gareng ga batho, go buisanwe gore go tle go nne le tharabololo. Ke gakolola gore o kope ngwetsi ya gago le morwao le nnele kgang e fa fatshe gore le buisane ka mathata a a ka tswang a le teng.

read more

Banyepi, Via Mail

09 September, 2013

O mpitsa letimona Mmamalome Ke mosimane wa dingwaga di le masome mararo mme ke iphitlha le mmenyana yo ke mo fetang ka dingwaga tse pedi wa Tutume. Nna ke a tle ke ye maitisong mme ke tshware dibiri tse pedinyana. Mo dingwageng tse tharo tse ke di ntseng le mokapelo wa me go ne go se na bothata ebile fa gongwe re a tle re tswe mmogo. Dikgwedi tse pedi mosetsana yo o ne a simolola go ya kerekeng mme jaanong ke tshela bokete ka ke patelediwa go ya kerekeng. Fa a tswa kerekeng le ditsala tsa gagwe ba ikgatlha ka nna ba re ke letimona fa gongwe go ipuelwa fela gotwe, ‘le kae letimona la gago, a le a bo le ntse le tsere nap’? Ke a etsaetsega jaanong ka ga ke sa itse gore a mosetsana yo ke gone jaaka a nkoba kgotsa jang! KARABO Setlogolo, molemo wa kgang ke go buiwa. Nna fa fatshe le mokapelo wa gago le buisane ka kgang e. Go botlhokwa gore lona ka bobedi le buisane gore mongwe le mongwe a bue tsholofelo le dikeletso tsa gagwe mme le bo le ka tswa ka tharabololo ya bothata jwa lona.

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%