Mmamalome

Lebo, Tlokweng

21 December, 2012

  Ke nna ka tlhobaelo Mmamalome Ke mosetsana wa dingwaga tse 20 mme ke nna le mmemogolo ka mme a tlhokafetse. Ke tshwenngwa ke gore m memogolo o gana ke ya kwa ga bo ntate ntswa mme a ne a nyetswe. Ke lekile go mo tlhalosetsa gore ga ke ka ke ka tsamaela ruri mme o gana a ba a thikitha tlhogo. Go na le dingwe tse mme a neng a di ntlogeletse mme ga a bue sepe ka tsone ke seo ke boneng go le botoka gore ke ye kwa ga bo ntate ba ntlhalosetse gore mme o ntlogeletse eng. Ke bona gore go na le sengwe se a se bipang ka e bile o nna a mpolelela gore fa ke ka ya kwa ga bo ntate ke seka ka tlhola ke boela kwa ga gag we. Ke dire jang ka ke rata mmemogolo e bile ke sa batle go kgaogana nae?   Setlogolo Go nna pelotelele ke sengwe se se molemo mo botshelong. O sego gore o bo o na le mmemogolo wa gago mme hela tlhaloganya pharologanyo ya dingwaga tsa gago le tsa gagwe. Ka fa bobedi jwa lona bo tlhaloganyang dilo ka t eng goa farologana. Ka jalo se fele pelo go mo tlhalosetsa maikutlo a gago le gore ke eng se se go gwetlhang gore o dire jalo. Kopa thuso mo go ba losika le bone ba boipelego mo Tlokweng go go thusa kgang e.

read more

Phenyo, Serowe

21 December, 2012

  Bonya ke jone sebe Mmamalome Ke kwala jaana ke itlhobog ile, ka ke sa kgone go dira se batho ba bang we ba ka se dirang, ke mathata a bonya. Ke motho yo ke tsayang gore ke tshwana le mongwe le mongwe mme ke lemogile fa ke le pharologano le ba bangwe. Fa ke dira tiro le ba bangwe, ba fetsa pele game, selo se se dira gore batho ba simolole go nkomanya kana ba simolola go nna le letlhoo mo go nna. Setlogolo Go na le batho ba ba bonya mo botshelong. Ga se sebe sepe hela gore o bo o le bonya. Ke ka fa Modimo a go dirileng ka teng mme o tshwanetse wa amogela seemo seo. Sa gago fela ke gore o tshwanetse go nna le tumelo, maikemisetso le kgwetlho ya gore nako le nako o leke ka bojotlhe go itepatepanya le ba bangwe fa lo tshwere tiro. Ke gore o amogele gore o bonya mme ebile e nne kgwetlho mo go wena gore bonnye jo o bo dirileng tsatsi jeno oa bo oketsa tsatsi le letsatsi. O ipeele seelo sa gore kamoso le malatsi a a latelang ke batla gore ke bo ke dirile go le kana.  

read more

Thuto, Palapye

21 December, 2012

  Ke dinalanyana Mmamalome Ke mosimane wa dingwaga tse 25 mme bothata jwame ke go nna dinalanyana. Ke godile ke le ngwana fela yo o sa senyeng mme mo dingwageng ka tlelwa ke mowa o, wa go utswa. Ntswa ke lemoga gore ke dira selo se se ka ntsenyang mo kgolegelong ke palelwa ke go tlogela. Ke setse ke kile ka kopa kgololo mo dikerekeng mme ke sa ntse ke utswa, se se botlhoko ke gore ga ke tlhoke sepe mme e bile fa ke sena go utswa ke tlala mowa wa boikotlhao. Ke dire jang Mmamalome?   Setlogolo Go molemo jang gore o bo o lemoga fa mokgwa wa go nna jalo o sa go siamela. Ka jalo dirisa temogo eo gore o bone ba boitseanape mo go tsa tshidilo tlhaloganyo le maikutlo go go thusa jaaka ba boipelego. Ikopanye le ba boipelego kwa khanseleng ya Palapye. Mme gape thapelo le yone e ka go thusa fela thata. O ka ikopanya le moruti yo o gaufi le wena go go thusa.

read more

Anonymous, Gaborone

19 December, 2012

POTSO: O itatola mpa Mmamalome ke mosetsana wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe. Ke ne ke ratana le rre mongwe. Mathata a simologile fa ke mo itsese fa ke itsholofetse. O ne a mpolelela gore ene ga a di tsene e bile ke se ka ka batla go mo thubela lelwapa le e leng gore ga a ise a le umake fa re le mmogo.O ne a ntsha seipato sa gore ga a dumele fa ngwana e le wa gagwe. Ke ne ka mo kopa gore re ye go dira ditekeletso tsa DNA go rurifatsa se, a le supa le le fa e bile a mpolelela gore ke dire se ke bonang se ntshwanetse le dikgato ke di tsee ke tswe mo go ene! Ga ke kgone mmamalome ke tsena sekole madi a sekole a manyenyane a felela otlhe mo ngwaneng. Ke dire jang mmamalome a ke mo ise kgotla tshekelong kgotsa ke mo tlogele fela? KARABO: Kgang ya gago e khutshwane. Bona ba molao gore ba go thuse. Jaaka o buile, o ka isa kgang ya gago fa pele ga kgotlatshekelo ba go thusa. DNA test ke yone fela e ka rurifatsang kgang ya gore ngwana ke wa gagwe kgotsa nnyaa, mme kgotlatshekelo e kgona go laola gore go dirwe tshekatsheko eo. ENDS

read more

Pastor Thomas Lebitso Kock, Tsabong

19 December, 2012

POTSO: Kutlo botlhoko mahutsana Ke kwala jaana ka pelo e e botlhoko, ke tshela ka dikakanyo tse di duleng mo tseleng, gonne go lobaka ke ngongorega ka tiragalo e e ntiragaletseng mo kgolegelong ya Tshabong.  Mmamalome e rile kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le matlhano (5) ka ketekiwa ke borre ba ba direla puso ba le babedi fa pele ga moeteledipele wa kgolegelo ya Tshabong.  Mmamalome ke amegile thata. Tiro e banna ba e dirileng mo go nna ga e njese diwelang. Ke tshwenngwa ke tsebe e e nnang e dutla bosigo e le botlhoko jo bo tlhabang mo pelong le tlhogo e ntsentse fa le fa le moeteledipele wa kgolegelo o itse ka go sa tsoga ga me fela thata. Mmamalome ke ipotsa gore ditshwanelo tsa me di tshwanetse go gatakiwa fela jaana le gone fa pele ga magolegwa a mangwe.  Mme e rile kgwedi ya Tlhakole radikgolegelo Senior ACP Mokento a na le ngaka go tswa Gaborone Dr Seleke, ba etela kgolegelo ya Tshabong ba tla go tlhola magolegwa gore ba tsogile jang. Mme ke ne ka bolelela Senior ACP Mokento gore ke ketekilwe ke ba direla puso ba Tshabong Prison. Mme Senior ACP Mokento a botsa officer in charge ya kgolegelo gore a kgang e o a e itse mme a mmolelela gore o a e itse. Rre Mokento a bua le ene gore a tlhotlhomisa kgang e, fa a fetsa a ise phetolo.  Jaanong Mmamalome ga go nko e e tswang lemina, go rile tshoo, go fitlhela ke ikgogela kwa go wena. Mmamalome ke kopa go botsa gore a puso e letleletswe go keteka magolegwa, ka gore se se ntiragaletseng ke swabile nko go feta molomo ka motlholo o ke o boneng mo kgolegelong e bile malatsi ano ke nna ka go boifa. Ga ke tshele sentle mo kgolegelong fa ke bona banna ba ke a gadikega, ke fufula, ke e sha mo pelo ya me e nnang botlhoko.  Ka kopo le ka lorato le ka boammaaruri ke kopa gore lekwalo le lame le gatisiwe mo Kutlwano gore masika a me le batsadi ba ba rategang ba me, le setshaba sotlhe ka bophara ba bone gore re tshedisiwa jang mo kgolegelong. Mmamalome kana ke beleditswe gore ke ne ke sa buisiwa sentle ke rre wa ofisara mme fa ke mo lebisa lebaka la gore ga mpuise sentle ka bo ke tsositse diletseng. Ke kopa go itse gore ke dire jang. KARABO: Kgang ya gago ke a e utlwa. Ka bokhutshwane, ga se tshwanelo gore legolegwa le ka ketekiwa, e bile ke molato gore modirelapuso a dire jalo. Ka fa o tlhalosang ka teng bagolwane ba dikgolegelo go supa ba itse kgang ya gago, e bile go supa fa e diragetse bosheng fela jaana. Sengwe se se ntsietsang ke gore ga o tlhalose gore fa o bona go se nko epe e e tswang lemina o ne wa tsaya kgato efe go latedisa kgang ya gago le bagolwane ba kgolegelo gore ba go fe karabo. Ke tsaya gore o na le tshwanelo ya gore o ikopanye le bone gore ba go tlhalosetse gore kgang ya gago e tsamaya fa kae. Mme fela itse gore ditlhotlhomiso ke selo se se tsayang lobaka ka e bile tiragalo e, e diragetse bosheng fela jaana. Ke kopa gore o bone mogolwane wa kgolegelo a go tlhalosetse. Fa go pala o na le tshwanelo ya go fetisetsa kgang ya gago kwa go ba bagolwane. ENDS

read more

Khumo

19 December, 2012

POTSO: Ga ke tlhaloganye Mma Malome, ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le borobabongwe ke nna mo Serowe, ke tshela le rre wa dingwaga tse 41 yo o nnang kwa Gaborone. Re na le dingwaga tse di robang bongwe re ntse re le mmogo mme go tloga fela ka letsatsi la ntlha re kopana, mogala wa mokapelo wa me o nna o le mo silent fa ke le teng kgotsa fa re le mmogo. Fa ke botsa gore ke eng go ntse jalo, karabo e nna gore ene ga a batle go kgorelediwa fa a na le nna. Tota o kgorelediwa eng? Ke mang? Seemo se se mpogisa thata bogolo jang fa ke ka mo leletsa bosigo a bo a sa arabe mogala ke tsaya gore o a bo o le mo silent jaaka gale a na le mongwe. Go simolola ka 2012 re kopane fela gabedi ke mo etetse kwa Gaborone. A batla boroko kwa oteleng, ka a re ga a na boroko kwa Gaborone mme o nna mo lwapeng la ga mogolowe, yo botlhe kwa gagabo ba nkitseng le ene a itsiwe kwa ga rona. O a bereka mme ga a batle go batla ntlo. Nna le ene re solofetsane lenyalo mme fa e sale a ya Gaborone, o fetogile. O ne a latlhela kwa tirong ya gagwe ya pele a ntsholofetsa gore fa a tsaya “package” re tlaa bo re nyalana. Gompieno fa ke mmotsa ka lenyalo a re ke a mo potlakisa e ne o sa ntse a ipaakanya mme Mmamalome ga go tshwarege, re nna ka komano fela. Ga go na tshephano gotlhelele. Nthusa ke agile tshwaragano e ka lebaka ga ke ka ke ka kgona go latlhegelwa ke mokapelo yo ke mo ratang gape re na le dingwaga di roba bongwe ka  lebaka la Gaborone. KARABO: Fa ke soboka se o se kwadileng, ke bona fa o sa tlhaloganye maikutlo a mokapelo wa gago. Selo sa ntlha ke mogala o o  nnang o le mo “silent”, se se dirang gore o nne le pelaelo. Selo sa ntlha bakapelo ba tshwanetse go tlhaloganya gore puisano e botlhokwa e bile e nonotsha tshwaragano ya bone. Ka mantswe a mangwe, go tshwanetse go nne le puisano fa gare ga lona, e bile le tlhaloganye se mongwe le mongwe wa lona a se dirang. Mokapelo wa gago o tshwanetse go tlhaloganya se o se ratang le se o sa se rateng ka go go fa dikarabo tse di kgotsofatsang. Se se aga tshepho mo go lona. Mogala o o nnang o le mo “silent” o tlisa dipelaelo ka go lemotshegile fa batho ka bontsi ba ba dirang jalo ba tsietsa. Le tshwanetse go se itse mme le tseye kgato e e lebaneng. Bua le mokapelo wa gago o mo itsise fa a tshwanetse go tlhaloganya le go amogela maikutlo a gago, go nne le golo gongwe fa le tlhakanelang megopolo teng, se ka sejatlhapi ba reng ke compromise. Ke ka go gakolola gore o buisane le ene o leke go mo sokolola. Gape o ka kopa mongwe yo o mo tshephang kgotsa ba boipelego go buisana le ene. Fa go pala tsaya kgato fela o tswe mo go ene ka gore ga go thuse sepe gore o nne fela ka kutlo botlhoko ka gore go sa nneng jalo go felela go tsala dipolaano.  ENDS

read more

C. P, Palapye

19 December, 2012

POTSO: Ke fisiwa ke palamonwana e ke sa tlholeng ke nna le mong wa yone. Ke mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa, ke sale ke nyetswe ke na le masome mabedi a dingwaga ka 2005. Morago ga malatsi a mabedi ke sena go nyalwa monna a simolola go nna mo nageng a kgona go tsaya beke go ya kwa go tse pedi a se yo mo lwapeng mme e re fa a goroga, e nne ntwa fela. Ke ne ke setse ke fetogile kgetse ya matswele. Ke ne ka isa kgang e kwa ga bone mme ba seka ba ntsaya tsia. Mogolowe wa mosadi ke ene a neng a kgathala, sebe sa phiri ke gore kgaitsadie o ne a sa mmone ka sepe o ne a mo roga jaaka ekete o roga lesea. E rile go bona ba ga bone ba sa tseye tsia ka ya go ikuela kwa ke tsalwang teng, mme malome a dira gore ba kopane le batsadi ba mosimane ba leka go bua le ene mme ga retela, ka gore mosimane ga a tlotle ba gabone. O ne a bolela gore ene o ne nyala bana e seng nna, lebaka ele gore ba te ba dirise sefane sa gagwe. E rile ka 2008 ka Tlhakole ka phutha makgasa ame ka boela kwa ga rona ke lapisitswe ke difeisi, ke lapisitswe ke tala le go nna mo ntlong mong wa yone a se yo. Ke ne ke lapisitswe ke selelo sa phakela, motshegare le bosigo ke setse ke tatilwe ka fa ke neng ke bo ga ka teng. Se senkutlwisang botlhoko le go feta ke gore rre yo, o ntshenyeditse bokamoso. Ga ke sa tlhole ke batla rre yo, ke batla divorce mme ga ke na madi, ke sale ke tlhokafaletswe ke mme kena le ngwaga di le some, ga gona yo o nthusang bana ke sokola ka bana kele nosi, ene ke lekau la Gaborone o bonwa mo dibareng mafelo a beke mangwe le mangwe. Ke batla go tswelela le botshelo jwa me rre yoo a seyo mo go jone. Ke tsere nako ke akanya ka se jaanong ke bona gore nako e a tsamaya, ke tsaya gore ke nako jaanong. Ke eletsa go ya Bocodol ngwaga e e tlang ke le free, Mmamalome nthusa. KARABO: Setlogolo, Monna ga a a tshwanela go itlhokomolosa mosadi le bana ba gagwe ka fa mokgweng le ngwao ya rona; ka fa molaong, le tumelo.  Yo o dirang jalo, e re go twe o a lekwa a pala, o a bo sa tlhole a na le lerato le kgatlhego mo mosading le lelwapa. Go le gantsi go thata go tsosolosa lerato fa le fedile, fa e se go amogela seemo wa tswelelela pele le botshelo.  Dingwaga tsa gago di santse di le monate gore o ka nyalwa gape, gongwe o ka segofala wa bona rre e seng mosimane. Mabaka a gago go kgaogana le monna wa gago a a utlwala. Boammaaruri ke gore monna wa gago o setse a kgotsofaditse mangwe a mabaka a lenyalo le ka fedisiwang semolao ka one: go go kgokgontsha ka matswele le dipuo, go katoga lelwapa lebaka le lelele, go sa tshetsa mosadi le bana, le go nwa bojalwa mo go feteletseng.   Le fa o sa tlhalosa, ke dumela gore fa o sale o boela gaeno ga a ise a tsee epe kgato go go busa, bogolo jang ka le wena o supile gore o feditse mogopolo ga o sa mmatla. Fela bana bone o tshwanetse a tsenye letsogo mo kgodisong ya bone, le kgaogane kana le sa kgaogana. Etela molaodi yo o gaufi le wena go tsaya kgakololo e e tseneletseng ya mahala ka go fedisa lenyalo. ENDS

read more

Neo, Francistown

19 December, 2012

  POTSO: Ke tshaba go abelwa madi a mmele Mma malome ke mme wa dingwaga tse di masome mararo wa kwa Kgaphamadi, Francistown. Ke itsholofetse, ga ke na mogare mme ba bongaka ba re ke tlhaelelwa ke madi a mmele mme ke na le kgotlhang e kgolo ya dikakanyo go tsaya tshwetso ya gore ke dire jang. Mo nakong e, ke fa gare ga botshelo le loso. Mma malome ke kopa kgakololo go wena gore a madi a a babalesegile le gore fa e le gore madi a ke tla a bong ke a abelwa a abilwe ke motho yo o nang le mogare wa HIV mme o ise o itshupe a se se ka se beye botshelo jwame le lesea lwame mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. KARABO: Setlogolo, botshelo ke selo se se tshwanetseng go somarelwa thata. Fa o tshameka ka jone bo ka go latlhegela. Tlhamalalela fela kwa sepateleng sa Francistown kana sefe fela se se gaufi o ye go itseela ka tsebe ka madi a a ajwang. Fela o se tshoge sepe setlogolo, ba bongaka ba berekana le kalafi le pabalesego ya botsogo jwa batho, ka jalo ga ba kake ba go fa madi a a nang le mogare. Go go tlhamalaletsa kgang madi a tsewa mo bathong ba go tlhomamisitsweng gore ga ba na mogare kana bokoa bope fela.  O itlhaganele ga twe madi a a teng aa tlhaela.  O seka wa lebala go ya go itseela ka tsebe kwa sepateleng. ENDS  

read more

Anonymous, Molapowabojang

19 December, 2012

  POTSO: Re kgokgontshiwa ke mosadi Mmamalome go thata ya lentswe, le lelwapa le ka nna la thubega. Ke rre yo o nyetseng wa dingwaga tse di masome matlhano wa kwa Molapowabojang. E ne ya re ngwaga mongwe ke le mo leetong la tiro le tsala ya me kwa Palapye, ra kopana le mme mongwe yo ke neng ke mo itse mme tsala ya me ya mo kgatlhegela. Ke ne ka mmuelelela mme ba dumalana. E ne ya re nako e ntse e tsamaya ka ke ne ke nna ke ya Palapye gantsi, nako nngwe le nna ka ipala mabala a kgaka mo go mme yo mme a dumela. Morago ga ngwaga mme yo ke fa a imile mme a sa itse gore tota gareng ga rona ngwana ke wa ga mang. O ne a re bolelela rotlhe gore fa re sa tlhokomele ngwana o tla a re isa dipampiring tsa dikgang. Ke ne ka dumalana le tsala yame gore re tlhokomele ngwana. Ngwana o godile mme mosadi yo o re ntshitse di ATM ka o tobetsa fela nako le nako fa a tlhoka sengwe. Ke kwala jaana ke rothisa keledi ka gore ga ke sa tlhole ke bereka jaanong mme mme yo o tsweletse fela ka go batla madi ntswa re agetse ngwana ntlo. Mma Malome, setlogolo se dire jang gore lapa le seka la thubega ka jaanong madi a pension a mannye a ka se lekane go tlamela malwapa a mabedi. KARABO: Wena setlogolo dilo o di itirile. Fa go twe kgoa dira o a ba a di ikgoela go tewa mo o go dirileng. Makgoa bare fa o letsa pina o tshwanelwa ke go e bina.  Selo sa ntlha fela fa o na le mosadi le bana ga o tsene maratong ka fa tlhoko; fa e le go dira ngwana gone re tlhoka mafoko a le tlhaeng. Dikano tsa lenyalo ga di a tshwanela go tsuuloolwa, e seng jalo o a bo o dira sebe sa boaka fa pele ga Modimo. Sebe mokgwa wa sone ga se ke se tlhoka go tshematshema fa morago ga modiri wa sone. Ka o setse o dirile ngwana ka fa tlhoko, ke wa gago go tlaare o mo tlhokomele mo go feletseng, sephiri se a tswa kana ga se tswe. A o lemoga gore jaanong o mo dipharagobeng; fa o sa ntshe madi sephiri se a tswa.  Fa o ntsha madi bana kwa lapeng ba wela mo isong. Nna fatshe o ipotse gore segolo se o se batlang fa go ntse jaana ke eng. O bo o bapisa ditlamorago tsa fa sephiri se dule le ditlamorago tsa go tshelela ruri o le ATM.  Jaanong o bo o tlhopha smo go nang le ditlamorago tse di botoka. Dingwaga tse di masome matlhano di raya gore o mogolo, ga o kake wa palelwa ke go tsaya tshwetso.  Lemoga gore le wena o kgona go ntsha sephiri pele ga mme yo, wa bolelela mosadi wa gago dibe tsa gago mme wa kopa maitshwarelo. Ka ntlha e nngwe o ka dira diteko tsa bongaka go rurifatsa fa ngwana e le wa gago. ENDS

read more

Tadwa, Gaborone

19 December, 2012

POTSO: Ngwana ga a batle ke nna le mokapelo Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro. Ke na le ngwana wa mosetsanyana yo o dingwaga di supang mme ke kgaogane le rraagwe dingwaga tse tharo tse di fetileng. Ngwana yo ka a ne a nna le nkukuagwe kwa Nkange o ne a a tle a etele rraagwe mme e ne ya re ngwaga o o simologa ka mo tsaya go tla go nna le ene mo Gaborone. Ka e sale ke kgaogane le rraagwe ke ne ka iponela rrenyana ebile o mpha lerato le ene ngwana tota oa mo tlhokomela. Ka ke tlotla ngwanake, rre yo ga a ke a lala kwa ga ga me. Sebe sa phiri ke gore ngwana a re ga a batle mokapelo wa me ka gore ga se rraagwe, o simolotse go robala le nna mo kamoreng ntswa a na le ya gagwe ebile le fa ke bua le mogala o a ngongorega. A re ene o batla rraagwe ntswa a itse gore ke kgaogane le ene ka gore o ne a ntshwenya. Mmamalome nthusa gore tsela pedi ke tseye efe! Ke tshaba go bolelela mokapelo wa me ka gore o tloga a ntlogela gape ga ke batle go utlwisa ngwanake botlhoko. KARABO: Fa batsadi ba tsena mo maratong a masha, go le gantsi ngwana a iphitlhela ba le mo seemong se se bokete go amogela yo o tsenang mo botshelong ja motsadi wa gagwe. Ke go akgolela tlotlo ya gago mo go morwadio jaaka go sa lala le mokapelo wa gago kwa lapeng, le go fa ngwana lerato ka go robala le ene. Gongwe dingwaga tsa gagwe dikotlase, fela o ne o ka nna le ene fatshe wa mo tlhalosetsa gore ke eng tse di dirang gore o rate mokapelo wa gago. O setse o boletse gore o lerato, o a le tlhokomela, o a tlotla, o botho, le tse dingwe.  O ka tlhalosa le gore ke eng o sa kake wa boela kwa go rraagwe. Ka o re dingwaga tsa ngwana di bosupa fela, gongwe ke dikgang tse di mofetileng, fela ke wena o mo itseng botoka. Sekaseka boitsholo jwa ga morwadio gore a ke ngwana yo o botho le go rata batho ka tlhago. Fa go sa nna jalo, bua le ene o mo rute go tshela le batho, a ba rate go sa kgathalesege gore ke bomang, ba dira eng.  O mo rute gore letlhoo ke sebe fa pele ga Modimo; le ene ga  a kake a itumela fa a sa ratwe ke ba bangwe. Le wena setlogolo, o itshekatsheke gore lerato le nako tse o di fang morwadio a ke tse di lekaneng. Gongwe ngwana o lemogile gore mokapelo wa gago o go akola go feta ene, jaanong o ikutlwa a kgaphetswe thoko. Fa go ntse jalo, leka go fetola mokgwa o o lekalekanye dilo. Le fa go tle go nne thata, ka o supile gore o batla rraagwe, sekaseka go mo isa kwa go ene fa mabaka a letla. O leke ka bojotlhe go supetsa ngwana gore mokapelo wa gago ga a tsee maemo a ga rraagwe mo go ene, e bile o nonotshe kgolagano ya ngwana le rragwe. Go botlhokwa gore le ene mokapelo wa gago e nne bontlha bongwe jwa mathata a, le thusane go a fenya. Go bona kgakololo e e tseneletseng, etela batlhalefedi ba tsa marato kana bo mmaboipelego, kana baruti ba dikereke. Ba ka bonwa kwa dikhanseleng, kwa dipateleng ko University, le kwa dikerekeng. ENDS

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%