Mmamalome

\"Via Mail,\" Gabs

09 September, 2013

Ba batla go ikgagapelela di-tsame Mmamalome Ke mosetsana wa dingwaga di le masome mabedi le botlhano ke tsena sekole mo Gaborone. Pele ga ke ya sekoleng ke ne ke bereka ka bo ke ikgobokanyetsa dilwana tsa ntlo. E ne ya re ngogola ka kopana le rre mongwe a nkopa lorato mme ra felela re dumalane. E ne ya re moragonyana ra nna mmogo go ka thusana botshelo. Rre yo ene o ne a seke a tla ka sepe tota ka e ne e le motho yo o neng a tshelela mo bojalweng. Ditsala tsa me di ne di nna di mpolelela gore mosimane yo ga a na bokamoso ke kgaogane le ene ka ebile re ne re nna mmogo ntle le kitso ya batsadi. Ka kgwedi ya Seetebosigo rre yo o ne a bona kotsi ya koloi mme a tlhokafala. Batsadi ba gagwe ba ne ba tla kwa ke nnang teng ba re ba tsile go tsaya dilwana tsa ngwana wa bone yo ba ne ba sa itse le kwa a nnang teng morago ga dingwagangwaga. Ke ne ka leka go ba tlhalosetsa gore dilwana ke tsa me mme ba seka ba reetsa ba re ke di rekile ka madi a ngwana wa bone. Ke feletswe ke maano ga ke itse gore ke dire jang Mmamalome. Via Mail Gabs Setlogolo, ke maswabi gore o bo o le mo bohutsaneng jwa go tlhokafalelwa ke tsala ga mmogo le go amogwa dilwana tsa gago. Go nna mmogo ga baratani ke nngwe ya dikgang tse di tshwenyang thata e bile di tsala dikgogakgogano magareng ga masika a baratani fa yo mongwe a tlhokafala. Ke ka go gakolola go isa kgang ya gago kwa go ba molao gore ba go thuse go e rarabolola. Mme gape ke go gakolola go senka dipampiri tsa theko (receipts) ka di ka thusa go rarabolola kgang ya gago.

read more

Ntsima, Mahalapye

09 September, 2013

Ke tshwentswe ke nyalo e e se nang boleng Mmamalome Ke kwala jaana ka pelo e e botlhoko fela thata. Ke mme wa dingwaga tse di masome mane, ke tsenye mo nyalong ka 2008. Mme e sale jaaka ke nyalwa ke rre wa me ga a ise a ko a dirise maitlamo a nyalo. Ke ne ka tsaya matsapa a go itsese botsadi jwa rona, mme ga seka ga nna nko e e tswang lemina. Ke ne ka ya kwa lekgotleng la Setswana ga nna ga tshwana fela. Ke feletse ke tsaya tshwetso ya go ya kwa go ba molao ka jaana re nyalane nyalo ya Setswana le sekgoa ga mmogo le magadi tota. Mme teng mmakaseterata a re kopanya, tharabololo ya nna gore rre wa me a ntlhokomele ka P300 kgwedi le kgwedi ka jaana re ise re kgaogane ka fa molaong. Jaanong ke botsa gore a ke one molao wa nyalo ka fa o ntseng ka teng ka jaana nna le rre yona re le mo nyalong ya tlhakanelo dithoto. Mmamalome kgang ena e ntsentse bolwetse e le ruri mo ke tlaa felelang ke tsere ditshwetso tse di seng maleba. Ke kopa kgakololo ya gago gore ke lebe kae fa go ntse jaana ka gore ke setse ke le mo ngwageng  wa borataro ke sa itse kwa monna wa me a leng teng. Ke le Ntsima; Mahalapye   Setlogolo, Ke maswabi gore rre yo o nyalaneng le ene a bo a kgathologile maitlamo a a a dirileng. Ka o sa kgotsofalela tshwetso ya ga mmakaseterata, ke gakolola gore o boele kwa go bone o dire boikuelo, kana o ikopanye la lephata la bong (Gender Affairs) mme o ba itsese ka mathata a gago gongwe ba ka go gakolola gore kgato o tseye efe. Mme gape Setlogolo, ke go gakolola gore o kope thuso ka mananeo a puso a o ka a dirisang go itshetsa.

read more

Ndabatadope, Masukwane

09 September, 2013

Ke palelwa ke go dirisa madi ka kelelelo Mmamalome Mmamalome ke faraferwe ke dikoloto mo e reng fa kgwedi e fela e be e kare lefatshe le ka fatoga ka tsena. Bothata jwa me ke gore ke palelwa ke go dirisa dikatso tsa me tsa kgwedi ka kelelelo. Fa kgwedi e fela ka tlaabo ke adima madi mo ditsaleng ke duela ntlo a mangwe ke reka tse ke di tlhokang. Morago go nna thata go ka busa madi ka jalo dikoloto tsa me di tlhatlagane. Sebe sa phiri ke gore ke setse ke adimile madi kwa bankeng, ka jalo ga ke sa itse gore ke ka dira jang gore ke duele ba ke ba kolotang.  Ke palelwa ke go ba duela mme ke ka nna ka felela ke senyegetswe ke tiro ka jaana ba nna ba tla ofising. Ke kopa kgakololo e e ka nkinolang mo mathateng a. Ndabatadope, Masukwane Setlogolo, Ke go akgolela gore o bo o itemogile fa o na le bothata mme ebile o tsere tshwetso ya go batla tharabololo. Selo sa ntlha se nka go gakololang go se dira ke go nna fa fatshe o kwale dikoloto tsa gago mme o ikopanye le ba o ba kolotang go buisana le bone ka fa o tlaa ba duelang ka teng. Mme gape ke go gakolola gore o simolole ka go duela tse di nnye pele. o seka wa dira dikoloto dipe tse disha pele ga o fetsa go duela tse o nang le tsone.

read more

Anonymous, Sefhare

09 September, 2013

O ntshotlakaka ke sa itse molato wa me Mmamalome Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe. E ne ya re ka 2009 monna a roma bangwe kwa gae gore o batla mosadi. Ka 2010 ka August a ntsha bogadi a be a ntsholofetsa gore re tlaa ya go pega maina kwa ga molaodi mme nako kgolo ke eno. Ka 2012 re ne ra tshola ngwana wa mosimane yo a neng a sa bolo go mmatla. Ga ke itse gore a ke mo tenne ka go mo tsholela ngwana ka e sale foo dilo di be di dubega. Ga a ise a nthuse go reka mesese ya boimana fa ke le mo mmeleng, o ne a se na sepe le nna a kgona go ntlogela ke le nosi mme fa a boa banyana ba letse ba mmatla ba omana. Ka nna motsetsi ka sotlega mo ntlung ke bolawa ke tlala, ngwana a se na diaparo, ke se na le one molora wa go mo tlhatswetsa. Monna yo o bereka kwa moopeng kwa Maun mme kapari le dikoloi di bonelwa mo go ene. O ntlogedisitse tiro a re dikatso tsa me di dinnye ebile a ntshephisa go ntlhokomela. Ka ke ne ke tsaya gore ke mosadi wa gagwe ka mo reetsa, a mphuaganya. E setse e le dingwaga tse pedi a gana nna le ngwana re ya go bona kwa a nnang teng. Ke isitse kgang kwa botsading mme ga go nko e tswang lemina. Rraagwe ngwanake ga a na nnete ka e rile ke le motsetsi a reka koloi e a neng a re ke ya ngwana. Ka Moranang monongwaga o ne a re o buletse ngwana letlole la polokelo a bo a tsenya P86 000 mme ka leta karata ya motshine ebile ke itlhobogile. O ne a nthomelela nomore ya letlole a re ke yone ya ngwana, morago a nthaya a re bukana ya cheke ya ngwana e dule mme fa ke kopa go e bona ke fa e kwadile maina a gagwe gape ke ne ke tlhotse ke bone motshegare a kwalela batho dicheke mo go yone. Nna ke mosadi fela yo o sa itseng sepe ka botshelo jwa gagwe, kgwedi e fela ke bechelwa ka P300. ANONYMOUS, Sefhare   Setlogolo, Rre yo o tshelang le ene ga a lebege a na le boammaaruri. Letlole la polokelo le kwalwa ka leina la mong wa lone. Fa e ne e le ya ngwana e ka bo e kwadilwe ka maina a ngwana. Dilo tsotlhe tse rre yo a di dirang, o a di itirela. Go a swabisa gore a bo a ithekela dikoloi le mekgabo mme a sa tlhokomele ngwana wa gagwe. Ke go gakolola gore o leke go bua le ene o mmontshe gore ga o itumelele ka fa a go tsayang ka teng ga mmogo le ngwana wa lona. Fa a sa fetole boitshwaro, a tswelela a ikgatholosa maikarabelo a go tlhokomela ngwana, o ye go ikuela kwa go ba molao.

read more

Mmaagwe Tshiilo, Francistown

09 July, 2013

  O nkadima madi go rekela bana ba gagwe dijo Go Mmamalome Mmamalome, ke mme wa dingwaga di le masome a mane. Ke na le bana ba le bane ba botlhe ba tsenang sekole. Ke na le dingwaga di le some ke nyetswe ke rre yo o direlang kwa moepong mongwe wa diteemane. Nna ke morutabana kwa Francistown. E sale ke nna le rre yo dingwaga di le masome a mabedi tse di fetileng pele re nyalana mme le fa ke bua jaana ga ke itse le fa e le thebe wa gagwe. Fa kgwedi e fela ga a ntshe madi go thusa mo lwapeng. Sa gagwe fela ke go nwa bojalwa. Fa ke mo lebisa mabaka a gore a nthuse go tlhokomela bana o tlaabo a nkadima madi. Fa kgwedi e fela ke a a mmusetsa mme fa nka se dire jalo go tsoga kgotlhang. Nako dingwe fa ke ntse ke lelediwa ke batho ba a ba kolotang, segolo jang ba marekisetso a bojalwa. O tsamaya a dira dikoloto a bo a a fa batho mogala wa me a re ba tle go tsaya madi kwa go nna ka ke mo tshwarela karata ya banka. Mmamalome ke dire jang, tota ke setse ke babaletswe. Mmaagwe Tshiilo, Ghetto   Setlogolo Ga o itlhalose gore a bana ba bane ba ke ba gago le rre yo o ngongoregang ka ene. Mme fa e le gore ke ba gagwe o tshwanetse go go thusa, mme fa e le gore ga se ba gagwe go ka nna thata go mo pateletsa go ba tlamela, ka e bile a sa itlama ka sepe. Kgang ya go tsaya dikoloto ka leina la gago yone ga e letlelesege gotlhelele. Ke borukutlhi jo bo tlhokang gore o mo gogele fa go ba molao ba mo kgalemele, e seng jalo o tlaa hakgamala o le mo mathateng o setse le dikoloto tsa motho.

read more

Ndigele Masimbe

09 July, 2013

MOSADI GA A NTSHEPE Go Mmamalome Ke rre wa dingwaga tse masome mararo ebile ke nyetse mosadi yo re lekanang ka dingwaga wa kwa Mulambakwena. Sebe sa phiri ke gore ee re ntswa ke rata mosadi wame la o ka a swa nka go ja, ene ga a ntshephe. O nna a bala melaetsa mo mogaleng wame wa letheka le mo Facebook tota mme se se nkutlwisa botlhoko. Ga ke na keletso ya go tsietsa mosadi wame ka gore le bonebommenyana ba ke a tleng ke bue le bone ke ditsala tse dikgologolo tsa fa re santse re le kwa sekolong. Ke bua le bone gangwe mo kgweding di le pedi go ya kwa go tse tharo ebile dikgang e le go botsana matsogo. Ke nna ke aketsa masika le ditsala gore lenyalo le monate ntswa dilo di sa nna sentle. Mathata a me ke gore ke ga ke dumele mo go boleleleng batho ka digang tsa lapa la me. Mosadi o nna a mpolelela gore bomme ba ke buang le bone ke ba ke nang le keletso ya go ratana le bone mme ke setse ke ipotsa gore a ke mo galefele, a ke emise go bua le bomme gotlhelele kana mosadi wame o ka tswa a na le bothata jo re tshwanetseng go bo rarabolola! Pele ke nyala o ne a ratana le batho ba ba neng ba mo utlwisa botlhoko, segolo bogolo monna yo o neng a mo nyetse ebile ba na le ngwana.  Mmamalome ke lapile, ke ipotsa gore a ke duedisetswa melato ya borre ba ba kileng ba mo utlwisa botlhoko. Setlogolo, Setlogolo, ke maswabi go bo mathata a gago a go sulafaletsa lenyalo. Go bo mosadi wa gago a kile a sotlwa, go dira gore go nne bokete mo go ene gore a tshephe motho wa rre. Mme kana molemo wa kgang ke go buiwa, nna fa fatshe o buisane le ene a go bolelele matshwenyego a gagwe le wena o mmontshe gore ga o tshwane le banna ba a kileng a kopana le bone. Manyalo a le matsi a thujwa ke go tlhoka go tshepana, ka jalo go botlhokwa gore le buisane ka kgang e bothata bo ise bo tswe mo taolong. Kgakololo e nngwe e nka go e fang ke gore pepetletsa mosadi wa gago a bone thuso ya bogakolodi gongwe e ka re a sidilega maikutlo a bulega matlho a lemoga gore wena ga o selalome jaaka borre ba ba neng ba itirile dibatana mo go ene.

read more

Anonymous via email

09 July, 2013

  GA A BATLE KE KGALEMELA NGWANA Go Mmamalome Ke na le kgwedi tse pedi ke nyetse mme yo ke filthetseng a na le ngwana wa mosimanyana yo o ngwaga tse tlhano. Re a utlwana le ngwana ebile ke mo rata fela thata mme bothata ke gore fa go tla gore ke mo kgalemele ga a ntseye jaaka rraagwe. Mosadi wame o mpoleletse gore ke seka ka kgalemela ngwana wa gagwe mme ngwana le ene o mpoleletse gore fa ke ka mo dira sengwe o tlaa bolelela mmaagwe. Mmaagwe a re tsotlhe tse di amanang le go kgalemelwa ga morwae di tlaa dirwa ke ene a le esi. Ke ipotsa gore a fa dilo di ka tswa tseleng re le babedi fela ke dira jang? Se se nkutlwisang botlhoko ke gore le fa ke re ke mo kgalemelela selo se sennye o tabogela kwa go mmaagwe mme ke sale ke ipotsa gore se se supa eng. Ke ipotsa gore a mosadi ga a ntshephe le gore fa re ka tshola ngwana go ya go nna jang? Anonymous, Via email Setlogolo Ke go akgolela go bo o ititeile sehuba go nyala mme ebile o  amogetse gammogo le go rata ngwana wa mosadi wa gago. Mme hela, go lebega wena le mosadi wa gago le tsene mo nyalong le sa buisana ka kgang ya ngwano yoo. Ke dumela gore magareng ga tse dingwe, batho ba nyalanela go godisa bana mmogo. Ke gakolola gore o nne fa fatshe le mosadi wa gago le buisane kgang e, mme ha le palelwa ke go tswa ka tharabololo, ikopanye le ba masika kana ba bogakolodi go le thusa.

read more

Motlhoka Leina

09 July, 2013

  KE IMELWA KE LE ESI ​ Go Mmamalome Ke ne ke kopa kgakololo mabapi le kgang yame. Ke mme yo o nyetsweng ke na le ngwana le rre yo o nyetseng. Ga a tlhokomele ngwana wa gagwe, ke bua ka ngwana wa ngwaga le kgwedi tse pedi. Tota betsho rre yo ga a ise a ko a nthuse ka sepe go fitlhelela ngwana a tsholwa. Ke fa e re monongwaga ka Tlhakole tota ke setse ke babaletswe ke be ke ya kgotleng ya ditsheko. Mme wa teng o ne a mo leletsa ke na le ene gore ke fano mabapi le tlhokomelo ya ngwana e senang seabe mo go yone, a bo a kopa mme wa kwa court gore o kopa gore re kopane pele nna le ene. Re ne ra kopana, phelelong a nkopa gore ke emise kgang ya lekgotla o tlaa leka go nthusa. O ne a tlhalosa gore ngwaga o o tlang o tlaabo a sa bereke go raya gore ngwana o tlaa bo a sa je. Le fa ke ka mo raya ke re ngwana ga a a tsoga ebile ga a itse gore ke bua ka ga eng? Kana go botlhoko le go feta gore motho a go dire jaana a bo a bifela le one madi a gagwe tota le go mo itse ga a mo itse, se se nkutlwisang botlhoko le go feta ke gore rre wa teng o mpheta ka dingwaga di le 18. Tota fa ke ne ke dirwa ke monkane wa me ke tsaya gore gongwe ke ka bo ke se na mathata. Ke kopa thuso koo go wena mmamalome. Motlhoka Leina Setlogolo Setlogolo, ga  o  a tlhalosa gore a rre yo ke ene a go nyetseng. Le fa go ntse jalo, ke bona go le botoka gore o  boele kwa go ba molao gore ba thuse. Rre yo o tlamegile go thlokomela ngwana wa gagwe go sa kgathalesege gore a o a bereka kana ga a bereke. Ke maikarabelo a lona ka bobedi go bona gore ngwana yo o a tlamelwa ka tsotlhe tse a di tlhokang.

read more

Katso, Mabutsane

20 June, 2013

Ke ipotsa gore a ke motsadi wa me Ke mme wa dingwaga tse di masome mane le botlhano. ke na le bana ba basimane ba le babedi. Mosadi yo ke ka bong ke re ke mme ga a nthate e sale go tswa bonnyennyaneng. Nkuku le ene o ne a lemoga se a bo a ntsaya a ya go nna le nna. Ka go tlhoka lesego o ne a tlhokafala. Mosadi yo o ne a gana ke nyalwa ke rraagwe bongwanake mo a neng a felela a re kgaogantse. Ga nke ke nna le motho wa rre a bo a mo amogela, o nna a buetse ditlontlokwane ruri le fa e le bongwanake ga a ba batle. O nthata fela fa ke tla ke mo reketse tse a di tlhokang ke bo ke mo fa le madi. Mmamalome ke dire jang go tlhomamisa gore a mosadi yo ke ene mme? KARABO - Lorato lwa motsadi le botlhokwa thata mo kgolong ya ngwana ebile ke lone le thusang go bopa ngwana go nna motho yo o nang le maitshwaro le bokamoso jo bo eletsegang. Go maswabi gore o bo o godile o sa bona lorato mo motsading wa gago. Seemo se bana ba gago ba tshelelang mo go sone ga se a siamang, mme e bile se ka ama maikutlo a bone ka tsela e e sa siamang. Mme ga go thari gore wena le mme-mmago le ka baakanya dilo gore le tshedisanye sentle. Ke gakolola gore o kope mongwe wa losika kana mmaboipelego go le kopanya gore le bue ka tsotlhe tse di go tshwenyang, le go le thusa go bona tharabololo gore le tswelele pele.  

read more

Anonymous

20 June, 2013

Ke mo botlhokong Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome mabedi. Ke na le dingwaga di le thataro ke ratana le mosimane wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe. Mosimane yo, o nthata thata le nna ke a mo rata ebile a re o batla go nnyala. Se se ntshwenyang thata Mmamalome ke gore mosimane yo, a re o batla go nnyala mme jaanong o a tshaba ka gore re masika. Kgang e ke yone e emisitseng sengwe le sengwe. Ke boditse mme ka kgang e, o ntlhaloseditse fa e le lesika le le kgakala la bogologolo. O paletswe ke go tlhalosa gore nna le mosimane re sikana jang. A re ga a itse ka gore dilo tsa bogologolo ga di tlhalosege. Mosimane a re o tshwenngwa ke gore fa re ka nyalana, batho ba tsile go re leba jang gape ba tsile go bua dipuo. Jaanong Mmamalome ke botsa gore re dire jang gore mosimane a nnyale ka gore le ene a re kgang e ga e mo tshidise sentle. Ene o batla go nnyala gore re tshele mmogo ka re tswa kgakala re le mmogo. Le nna ke nna ke sa itumela e bile ga ke tshele sentle. Nthusa Mmamalome. KARABO - Ruri ya gago kgang e bokete, Ke nnete gore batho fa ba sikana, ga go motlhofo gore ba nyalane. Mme go botlhokwa go tlhotlhomisa gore wena le mokapelo wa gago le sikana jang. Batsadi ba lona ka bobedi ba ka thusa go rarabolola kgang e ka go le bolelela gore le sikana jang, mme ebile ke bone ba ka thusang go bona gore a mme le ka nyalana. Jaanong ke rotloetsa gore le kopane le botsadi jwa lona ka bobedi go tshotlha kgang le go batla tharabololo ya yone.  

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%