Mmamalome

A re ga a batle ngwanake

06 March, 2013

  Mmamalome, Ke mme wa dingwaga tse masome a mararo. Ke na le ngwaga tse pedi ke le mo loratong le rre, mme re dumalane go nyalana. Mathata ke gore rre yoo o mphithetse ka ngwana wa mosetsana wa dingwaga tse tlhano. Rre yo o batla go nnyala, mme a re gaa batle go ntsaya le ngwana. Ke na le mathata a gore ga ke itse gore a ke tlogele lenyalo ke nne le ngwanake kana ke mo tlogele le batsadi bame kwa lwapeng ke tsene mo lenyalong. Ke rata rre yo fela thata le ene oa nthata, mathata ga re dumalane ka ngwana. Ga ke kake ka kgona go tshela ngwanake a le kgakala le nna. Nthusa mmamalome gore ke dire jang gore rre yo, a amogele ngwanake. Setlogolo, Setlogolo, kgang ya gago ke a e utlwa. Mme e thata ka gore motho ga a patelesege go go nyala ka ngwana e se wa gagwe. Batho ba ka bobedi ba lebega ba le mosola ka go lekana mo botshelong jwa gago mme o tshwanetse go lebela kwa pele. Sa ntlha ke gore, a ngwana wa gago o ya go tshela sentle a sa nne le wena a itse gore o mo tlogetse o ya lenyalong? Sa bobedi ke gore a mme rre yo, o mo rata mo o ka tlogelang ngwana wa gago o ya kwa go ene? A mabaka a gagwe a gore ga a batle ngwana wa gago aa utlwala? Go ya ka wena, fa rre yo a gana go tsaya ngwana a go a tlhokafala gore o tsene mo lenyalong le ene o tlogele ngwana wa gago yo monnye jalo yoo santseng a tlhoka tlhokomelo ya motsadi wa gagwe?

read more

Re kgaoganngwa ke setsha

06 March, 2013

  Mmamalome, Ke rre wa dingwaga tse masome a mararo le bosupa, ke na le bonnake ba le babedi ba basetsana. Re sa le re tlogetswe ke batsadi ba rona ngwaga tse pedi tse di fetileng.  Batsadi ba rona ba re tlogetse le motse, jaanong nnake o simolotse go lwela setsha sa batsadi ba rona, a re ke mo sutele ke ye go ikagela go sele ka a le monnye o batla go se fetolela mo leineng la gagwe. Ke lekile go supegetsa nnake gore se a se dirang ga se sone ka gore batsadi ba rona ba re tlogetse re le babedi fela gago tlhokafale gore re kgaogane. Mathata ke gore ga a rate mme yo ke tshelang nae. Ke kopa thuso mo go wena mmamalome gore ke dire jang gore ke nne le kagiso le kutlwisisanyo le nnake, ebile a emise mokgwa wa go batla go ikgagapelela motse wa batsadi ba rona. Nna ga ke na maikaelelo a go huduga mo ntlong ya batsadi bame ka gore ga go na ko ke yang teng ebile ga go kgoreletse sepe gore ke nne le nnake mo setsheng sa batsadi ba rona. Setlogolo, Selo sa ntlha ke gore monnao ga a na mabaka ape aa utlwalang go go koba mo lwapeng. Fa le le bana le tlogetswe ke batsadi le na le tshwanelo ee lekanang mo setsheng ka na ntlo ya batsadi ba lona. Bitsa batsadi ba le tshereganye, ba tlhalosetse monnao gore lotlhe le na le tshwanelo ya go nna mo lwapeng la batsadi ba lona. Selo se setona ke go agisanya le le bana ba motho le ithute go tshela mmogo go sena dintwa le dikomano. Utlwa gore mathata a ga monnao le mme yoo tshelang nae ke eng, mme o ba kopanye le rarabolole kgang. Go dira jalo go tlaa thusa gore lotlhe, wena le kgaitsadio le mme wa gago le nne sentle mmogo.

read more

Motlhokaina 4

06 February, 2013

BARE BA BATLA DILWANA Mmamalome, Ke mme wa dingwaga tsedi masome a mararo le bone, kena le bana bale bararo. Kene ke nyetswe mme ka tlhokafalelwa ke monna. Morago ga leso  mmaagwe le bokgaitsadie rre yoo ke neng ke tshela nae bane ba simolola go ntshwenya bare ba batla dilwana tsa gagwe. Ke lekile go bua leba lelwapa lame gore ba nthuse mme go tshwana fela ka gore bantse ba tsweletse bare ba batla dilwana le madi aa tlogetseng. Ke kopa thuso mogo wena mmamalome ka gakeitse gore ke dire jang gore ba kgone go lemoga gore kene ke nyetswe kafa molaong le gore seba se dirang gase sone. Setlogolo, Selo sa ntlha fela gakeitse gore a one o nyetswe ka tlhakanelo dithoto. Fa ele gore o ne ole mo lenyalong la tlhakanelo dithoto, o nale tshwanelo yago tsaya boswa jwa monna wa gago. Oka yako molaong ko kgotla tshekelong waya go ikuela teng. Ke gone koba ka kgonang gole tshereganya teng. Fa ele gore rre wa gago one a nale mokwalo wa kabo ya dithoto (will) ke yone ee ka kgonang go supa gore le tshwanetse go kgaogana boswa ja gagwe jang. Rre yo mo lenyalong ga patelesege go tlhokomela masika a gagwe, oka dira jalo ene kago rata ga gagwe. Wena ole mme yoo nyetsweng kafa molaong o nale tshwanelo ya go tsaya boswa jwa monna wa gago ka ebile le nale bana mmogo.

read more

Motlhokaina 3

06 February, 2013

O GANA RE KGAOGANA Mmamalome, Ke mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi. Kena le ngwaga kele mo leratong le rre wa dingwaga tsedi masome a mabedi le bobedi. Mo kgweding tse pedi tsedi fitileng, rene ra tlhoka kutlwisisanyo. Ke neka tsaya tshwetso ya gore re kgaogane le rre yo mme ka mmolelela. One a seka a rata mafoko a thata mme a mpolelela faa sa batle re kgaogana. Gagosa tlhola gole monate mo kgolaganong yame le rre yo. Nako tsotlhe fake bua kgang ya gore re kgaogane o mpolelela gore gaa batle go utlwa ke bua jalo gape ebile fanka tswelela ka mafoko ao otlaa dira sengwe sese maswe. Ke tshaba go bolelela batsadi ka gore ko lwapeng ba kgatlhanong le gore ke setse ke simolotse marato. Ke dire jang mmamalome ka gore kenna kesa itumela ebile gake tshele sentle, ke  tshela ka letshogo. Setlogolo, Selo sa ntlha seokase dirang kego bolelela bagolo. Ba ka tswa bale kgatlhanong le gore o mo maratong mme fela ga gona motsadi ope yoo ka eletsang gore ngwana wa gagwe a tshele asa itumela. Rre  yoo jaaka ore ogo tshosetsa ka mafoko mangwe, gao itse gore otlaa felela a dirile eng sese maswe jaaka a bua. Ikopanye mapodiseng fa ele gore o tshaba batsadi, ba sepodise ke bone batlaa go isang ko bagolong gore mosimane a botswe gore ka goreng asa batle le kgaogana. Oka bona gape ba ofisi ya mmaboipelego ba gofe dikgakololo, ba bue le wena le mosimane lele mmogo, le bone baka go thusa kago go kopanya le batsadi.

read more

Motlhokaina 2

06 February, 2013

KEMO BOTLHOKONG Mmamalome, Ke mme wa dingwaga tsedi masome a mabedi le bone. Ke tshwentswe ke kgang ya gore ke sale ke tlhokafalelwa ke motsadi wame ka ngwaga wa 2002, mme botlhoko gabo tswe mogo nna. Ke nna ka pelo ee botlhoko ka gore gake kgone go lebala motsadi wame. Ke nna kemo gopotse ka nako tsotlhe. Selo se se ama botshelo jwa me fela thata ka gore gake na boitumelo mo pelong yame. Jaanong ke botsa go wena mmamalome gore ke dire jang gore ke kgone go tswelela le botshelo. Gore botlhoko jo bo tswe mogo nna, ke dire jang ka gore se se ama dithuto tsame le kafa ke tshelang ka teng le batho ba bangwe. Setlogolo Mathata a gago kea utlwa ebile kea tlhaloganya setlogolo. Go swelwa ke motsadi ke selo sese botlhoko thata. Kutlobothoko ee tlang morago ga leso ke selo sese tlwaelesegileng. O tshwanetse go supa kutlobotlhoko gore o kgone go tswelela le botshelo mme bo tshwanetse go fokotsega fa nakop e ntse e tsamaya. Bua le ba masika oba itsise ka seemo sa gago.  Le wena ka bonosi jwa gago o ipolele gore oka kgona go tswelela le botshelo lefa motsadi wa gago a seyo. Fagosa tlokafale oka kopa thuso mo bathong ba tshwana le bommaboipelego le barutabana  kana batho ba bangwe baba rutetsweng go sidila maikutlo.

read more

Motlhokaina

06 February, 2013

BOGADI BO NKITSA GO NYALA Mmamalome, Ke rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi kemo loratong le mme wa dingwaga tsedi masome a mabedi le borataro. Re nale dingwaga tse tharo rele mo loratong mme re tsere tshwetso ya gore re tsene mo lenyalong. Mathata ame ke gore batsadi ba mosetsana ba lopa tuelo ee ko godimo ya bogadi. Ke batla go nyala mme yo mme gake kake ka kgona go duela tuelo eke e lopilweng ka gore ga kena batsadi baba ka nthusang, ke sale ke tlogetswe ke batsadi kele mmotlana.  Ke rata mme yo fela thata, o lekile go bua le batsadi ba gagwe gore ba fokotse ditlhwatlhwa tsa bogadi mme go retetse. Ke kopa thuso mogo wena mmamalome gore ke dire jang ka gore ke batla go nyala mme yoo ka renale dilo tsere batlang godi dira mmogo rele mo lenyalong. Setlogolo, Kgang ya gago kea e utlwa setlogolo mme tota e thata. Kgang ya bogadi ke ya Setswana mme kafa molaong wa lenyalo bogadi gabo kganele ope go ka nyala. O kgona go nyala mosadi wa gago o ntse osa ntsha bogadi, ka gore o tlhalosa fa le nale dilo dingwe tse le batlang godi dira morago ga lenyalo la lona. Bua le batsadi le ba tlhalosetse maikaelelo a lona, leba kope gore le batla go nyalana mme otlaa ntsha magadi morago. Ba lemotshe gore gao kake wa kgona go ntsha tuelo ya bogadi gompieno ka mabaka a gore boa tura mme otlaa duela fao setse o ipaakantse o kgobokantse go lekane.

read more

Onkemetse Tshegetsang, Mahalapye

11 January, 2013

  Gatwe re reng?   Mmamalome, Ke mme wa dingwaga tse masome a mabedi le bosupa. Ke modiri wa lekalaneng lengwe le le ikemetseng. Go nale sengwe se ke se etseng tlhoko mo melaetseng e e romelwang ka maranyane a inthanethe. O ka fitlhela mo melaetseng e, e ka Sekgoa e bidiwang email go rotloediwa ba ba e amogelang go e fetisetsa kwa palong e e rileng ya batho, mme go kwalwe gore fa ba ka dira jalo ba tla amogela dikhumo kana eng fela se se tona se ba ntseng ba se batla. Fa ba sa fetise melaetsa eo kana ba e phimola go tla bo gotwe ba tla diragalelwa ke sengwe fela se se maswe. Melaetsa e bontsi jwa yone o ka fitlhela e bua ka Modimo, jaanong potso yame ke gore a ba ba dumelang mo Modimong ba batla go tshosa ba ba sa dumeleng kana jang. Le gone gore a tumelo e tshwanetse ya baa batho mo kgatelelong ya poifo kana e tshwanetse go ba golola mo poifong?     KARABO Setlogolo, Ke itse ka botlalo se o buang ka sone setlogolo. Mme ebile ke lemogile fa bontsi jwa batho ba dumela matshosetsi a melaetsa e. Ke dumela gore sengwe le sengwe se a fufulelwa; fela jaaka mo Baebeleng Modimo a boletse gore mongwe le mongwe o tla tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe.  Ka jalo Mmamalome ga a dumele le fa e le go le go nnyennyane gore o ka huma ka ponyo ya leitlho fela ka gore o fetiseditse molaetsa kwa ditsaleng tsa gago di le lesome kana epe fela palo. Mo Modimong go tshelwa kwa tumelo, e seng go bua sengwe se o se eletsang o bo o romela mmopelela wa melaetsa e le wena tota o sa e dumeleng. Go dumela mo Modimong ke boikgethelo, mme ebile ope ga a tshwanela go pateletsa ope ka go tshameka ka letswalo la gagwe gore a kgethe tumelo epe e ene a iseng a tle mo seemong sa go amogela go tshela ka yone. Mme le gone setlogolo, fa go ne go nale boammaaruri mo dikgannyeng tse, a re ka bo re sa bona matshelo a batho bangwe a fetogile ka motsotso? Ke dumela gore nna le wena re itse bontsi jwa batho ba ba ineeletseng go nna marogo a a fetisang melaetsa e ka ntlha ya lenyora la bone la dikhumo le dikgakgamatso; tota le jone bopelotshetlha jwa go nna le dikhumo tse ba sa di berekelang.    

read more

Onkarabile Rob

11 January, 2013

    Ga re sa tlhole re tlwana jaaka pele   Mmamalome ke kwala jaana ke tshwenyegile mo moweng. Matshwenyego ame a mo go tlhokeng tshwaragano ga lesika la rona go golelang pele ka teng. Go tswa mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, re ntse re sa utlwane fela sentle. Go ne go nna fela go nale dikgogakgogano tse di sa feleng. Ka nako ya teng re ne re kopanngwa ke ditiro di tshwana manyalo le dintsho fela; mme gompieno le fa go nale ditiro tsa go nna jaana batho ga ba tle jaaka pele. Ba ba tlang ba tla fela gore gotwe ba ne ba le teng ba sa tla thusa ka tsela epe. Ke ipotsa gore ke ka dira jang go kopanya lesika le, ka ke eletsa go bona go nale tshwaragano le lerato tse di renang mo masikeng a mangwe. Lefufa le le tletseng mo lesikeng la rona le setse le ntlhabisa ditlhong.   KARABO Setlogolo, lesika lengwe le lengwe le nale dikgang tsa lone; mme le fa go ntse jalo go botlhokwa gore go nne le neelano. Mowa o wa neelano ke one o o thusang bamasika go kgona go dira ka katlego ditiro tse di tshwanang le tse o di umakileng.  Mme go araba selelo sa gago sa gore o ka kopanya bagaeno jang, ke go rotloetsa go ipha nako mme o bue ka bongwe ka bongwe le bontsi jwa masika a gago jo o ka bo kgonang go utlwa mafatlha a bone a kgang e. Maikaelelo a se e tla bo e le go go lemotsha gore ke bomang ba ba tshwentsweng ke seemo se jaaka wena, mme morago ga go lemoga batho ba, wena le bone le ithulaganye le tle ka maano a gore go ka dirwa eng go fetola seemo se. Go dira le le setlhopha, le fa se ka tswa se felela mo seatleng go ka le fa sebaka se se botoka sa go tlola molapo o, go nale fa o ka ithoma kgang o le nosi jaaka go supega o eletsa go dira mo lekwalong la gago.     

read more

Ontiretse Segadimo, Molepolole

11 January, 2013

O ikgatholositse ngwana Mmamalome, Ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano. Ke tshwentswe ke go bo mongwe wa bokgaitsadiake a ikgatholositse ngwana wa gagwe. Ngwana yo o sale a tlhokafaletswe ke mmaagwe ka 1998. Le fa gone rraagwe a ne a sa mo tlhokomele sentle le fa mmaagwe a santse a tshela, kwa lapeng re ne ra nna le tsholofelo ya gore ka ngwana a sa tlhole a nale mmaagwe, kgaitsadiake o tla simolola go mo tlhokomela ka fa tshwanelong. Sebe sa phiri ke gore kgaitsadiake o ne a tswelela a ikgatlholosa ngwana, mme ba ga bone ba felela ba mo kwadisitse kwa go mmaboipelego. Ke utlwisiwa botlhoko ke seemo se, ebile ka kgaitsadiake a nale bana ba bangwe ba bone a ba tlhokomelang fela sentle. Mmamalome, go ka dirwa eng gore kgaitsadiake a emise go sotla ka lesiela le?   KARABO Ke go utlwa sentle setlogolo, ebile kgang ya gago ke utlwa e nkama pelo segolo jang ka e ama ngwana. Boammaaruri ke gore ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe go ratwa le go akola tlhokomelo ya batsadi boo-babedi, mme go maswabi thata go bona gore bangwe batsadi ba ba santseng ba sena sebete sa go tsaa boikarabelo jwa go nna jaana. Mme mo seemong se motsadi yo mongwe a hulereng, go maleba gore yo o setseng a sale a tshegeditse tiro e e masisi e. Mme le fa go ntse jalo re tshwanetse ra lemoga gore maarogi a nna teng mo setshabeng, mme ke belaela fa kgaitsadio a wela mo setlhopheng se sa maarogi. Ntle le go golola tlou le maroo, tlaa ke go gakolole go nna fa fatshe le kgaitsadio go mmotsisisa gore ke eng a dira jaana. Fela jaaka mogologolo a rile molemo wa kgang ke go buiwa, ditharabololo tsa dikgang ka bontsi gantsi di mo go buiweng ga tsone. Fa go bua ga bobedi jwa lona go ka seke go tswe dipe, o ka kopa ba lapa la gaeno go bitsa kgaitsadio go tla go nnela kgang e, ka tumelo ya gore ka setshwarwa ke ntsa pedi se seke se nna thata, maduo a ka bonala.    

read more

Tebo, Makaleng

21 December, 2012

  Ke eletsa go rua dinotshe Mmamalome ke nale kgatlhego ya go rua dinotshe go itshetsa jaanong ga ke itse gore go dirwa jang. Ke tlhoka kgakololo ya thuo ya dinotshe le gore ke ka di rekisa kae fa ke na le tsone.   Setlogolo Tebo, ikopanye le ba lephata la temo thuo mo kgaolong ya gago ba tla a go tswa thuso.    

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%