Mmamalome

Mmereki wa pele wa BMC in Maun

11 December, 2012

QUESTION Re batla go busediwa mo tirong Mmamalome: Ke ne ke le mmereki wa matlhabelo a Maun (BMC). Erile matlhabelo a BMC a tswalwa ka 1997 modulasetilo wa nako eo a re itsese fa matlhabelo a tswalwa ka re wetswe ke seru sa bolwetse jwa lekgwafo. Mme a re solofetsa gore e tlaare seemo se tla mannong, BMC e bulwa gape, re tla nna ba ntlha go busediwa mo tirong. Mme ga go a ka ga nna jalo. Fa e bulwa re ne ra kwalela kwa BMC re kopa go boela mo tirong mme ga go na ope wa rona yo o bonyeng phetolo. Gape motho yo o neng a hira ke wa Maun. O hirile lesika le ditsala bontsi. Ke eletsa gore go tlhotlhomisiwe gore o ne a hira jang. Tona yo o lebaganeng le lephata le ke kopa gore a tlhotlhomise. Nka leboga  ANSWER Setlogolo: Kgang ya gago ke a e utlwa, mme kgakololo ya me ke gore o latedise metlhala e e maleba go itsise bogogi jwa matlhabelo ka ngongorego ya gago. Mo lekwalong la gago ga go tlhalosege gore a e ne ya re go sa boneng phetolo ga gago le bangwe-ka-wena la latedisa go utlwa gore ke ka go reng dikopo tsa lona tsa ikopelo tiro di sa atlega. Se le ka se dirang mo nakong eno ke go ikgolaganya le ba matlhabelo go batlisisa ka ditselana tsa go isa dingongorego. Ditselana tse di tshwanetse tsa go tsamaisa go fitlhela o goroga kwa setlhoeng. Ka kgang ya tshokamo mo go thapeng badiri ga mookamedi wa matlhabelo a Maun, ke go rotloetsa go ikopanya le makalana a tshwana le la twantsho tshenyetso setshaba kgotsa DCEC le lone le tlaa dupang kgang eo go bona gore a e na le boammaaruri. Gape o ka ikopanya le mopalamente wa gago. ENDS

read more

Khumo in Jwaneng

11 December, 2012

QUESTION Mmamalome: Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome a mararo le bone. Erile ka ngwaga wa 2002 ka segofadiwa ka ngwana wa mosetsana, mme dikgwedi morago ga seo rraagwe ngwana a bolela fa a batla go nyala. Ke ne ka batlwa ka fa Setswaneng. Ngwaga o o latelang wa 2003 mokapelo wame a simolola go nna mo go nna ka difeisi mme tota ke sa itse gore ke iteelwang. Bomogolowe ba ne ba leka go bua le ene mme a sa ba reetse. Go ikuela kwa mapodising le gone ga seka ga ntswela mosola. Erile ka 2004 a mpetsa mo go masisi a bo a tshosetsa go mpolaya. Mapodisi a ne a tla go mo tsaya a mo tlhatlhela, mme letsatsi la tiragalo eo ya nna lone la bofelo ke mmona ka matlho. Ya re ka ngwaga wa 2010 ka utlwa mogolowe a re o boile mme ka tsaya matsapa ka mo leletsa ke mo kopa gore a nthuse go tlhokomela ngwana. O ne a solofetsa gore o tla dira jalo mme se sa seka sa diragala. Ke ne ka mo isa kwa go ba molao mme kgang ya gagwe ya nna gore ga a bereke. Ke kopa thuso Mmamalome.  ANSWER Setlogolo: Kgang ya gago nka e araba ka go go gakolola gore o ikopanye le ba molaodi wa kgaolo ya gago go tlhotlhomisa boammaruri kgang ya gore ga a bereke. Le wena fela jalo o ka itirela ditlhotlhomiso tsa gago gore fa oya kwa ga molaodi o bo o na le bosupi jo bo tletseng. Molaodi le ene o tla go thusa go isa kgang ya gago fa pele ga lekgotla go motlama go diragatsa tlhokomelo ya ngwana. ENDS

read more

Ditlogolo

11 December, 2012

 RE SOTLWA KE BAPHAKISI MO BOTETI Mmamalome Re kwala jaana e le la ntlha re kwalela koo ka ngongorego ya rona mo Boteti. Ngwaga ono re phakisiwa ke batho ba ba sa direng le rona ka fa re tlwaetseng ka teng. Re bua ka mophako wa melora. Re sale re tewa go twe Tlhakole a tlhole lesome le boraro go phakisiwa fa ofising ya bommaboipelego, ra tlhola foo, tsatsi la la ba la phirima. Labobedi ra nna ra tlhola foo gape go se na nko e tswang lemina. Motho yo o re thusang o ne a goroga ka Laboraro motshegare mme le fa a tla ga a ise a kope maitshwarelo ka se a se dirileng. Selo seo ga se a re itumedisa gotlhelele. Re bona a sa re bone re
le batho ba sepe go kopa maitshwarelo ka se a se dirileng. Re ne ra bolelela mokhanselara, a botsa bommaboipelego, mme ba itatola. Selo se se botlhoko ke gore bagolo ba ne ba batla go ya masimo mo malatsing a ba a tlhodisitsweng kwa diofising go se na se se diragalang. Kana mmidi o mo tshutlheng kwa masimo, ga se nako ya go tlhola mo gae nako eno. Ga re a tshwanela go bogisiwa jalo, batho ba a duelwa ga ba fe bana mahala. Re Penka leboga thata fa mafoko a rona a ka gatisiwa.
Mopipi Boteti . Ditlogolo Kgang ya lona e utlwisa botlhoko e le ruri. Ga se tshwanelo gore le bo le tlhodisitswe foo lebaka le le kalo. Modiri wa puso o tshwanetse go sala melao
ya morago. Le ka setho sa rona fela fa motho a
dirile phoso o ikopa maitshwarelo. Mme fela ga
twe moseka phofu ya gagabo ga a swe lentswe. Kopanang le baemedi ba lona mo kgaolong, le ene mopalamente tota go mo lebisa ngongorego ya lona. Fa o lwela ditshwanelo tsa gago ga o a tshwanela gore o itlhoboge, e seng jalo go tlaabo go ipogisa wena. Ka jalo tswelelang le buisana le bagolwane le baemedi ba lona jaaka mopalamente go fitlhelela kgang e rarabololwa fa e le gore mathata a tsweletse.

read more

M. C Sesinyi Kanye

11 December, 2012

Mmamalome.  Ke mme wa dingwaga tse 27. Ke nna le rre wa dingwaga tse 39. Rre yo o dira go tlala ka diatla. Rre yo o ntshitse magadi ka 2009 ka November ra nna go fitlha 2010 ka December ke sa itse thebe wa gagwe
a reka dijo a duela ntlo. E rile ka 2011 ka kgwedi ya Lwetse ka tshwara molaetsa wa mme mongwe mo mogaleng wa gagwe. Mme nne ka isa kgang kwa baruting mme ba mmitsa ba mo lebisa kgang, mme a dumela gore ke nnete o ratana le mme yoo. A tlhalosa gore mme yoo o nna kwa Francistown, ba kgalema
fa ba kgalemang teng. E rile morago ka bitsa batsadi ba gagwe ka ba alela kgang mme ba ne ba mpolelela gore ngwana wa bone ga a kake a dira jalo ke a mo pateletsa fa ke sa batle ngwana wa bone ke buwe
fela ke tlogele go ipata ka dilonyana. E rile go sa ise go ye gope a ratana le mme mongwe ko kerekeng. Nne ka buseletsa kgang gape kwa baruting mme ba mmitsa ba mo lebisa kgang a araba ka gore ga a ratane
le mme yoo, mme ka pono ya matlho a gagwe o bona gore mme yoo, o a mo rata. Ke lapile ke akanya go mmusetsa ditsa gagwe. Ke kotame magala ka marago. E bile o mpolelela gore o tlaa mpolaya a bo a ipolaya. M. C Sesinyi Kanye Setlogolo Kgang ya gago e utwlisa botlhoko e le
ruri. Go lebega go sena tshepho bobeding jwa lona. Selo se se tona mo barataning
ke tshepho le ikemisetso ya go lebagana
le mathata lotlhe. Fa yo mongwe a gogela gosele e nna mathata ka gore go felela
go sena kutlwisisano. Ga ke tlhaloganye gore ke eng rre wa gago a sa nne fa fatshe le wena la lebisana mabaka ka kgang ya lona. Baruti le batsadi ba ka gakolola fa
ba gakololang teng mme fela kgang le maikutlo ke a batho boo babedi, eleng wena le rre wa gago. Ope yo o tswang kwa ntle ga a kake a fetola maikutlo a lona, ntleng ga go le gakolola fela. Tshwetso ke ya lona boo babedi ya gore tsela le tsaya efe. Mme fela fa go na le lerato, tshepho
le maikemisetso ga go sepe se se thata.
Ke kopa gore o nne fa fatshe le rre wa
gago le buisane kgang e gore le kgone go rarabolola mathata a lona. E tshwanetse ya simolola mo go lona pele ga le ka e lebisa ba boipelego. Fa go pala bona ba boipelego ka ebile a setse a go tshosetsa ka go go bolaya. Go tshosetsa motho yo mongwe ka polao ke molato fela o motona ebile ga go supe
fa motho a ratela yo mongwe botshelo. Mme fela fa sengwe le sengwe se padile go botoka le kgaogana ka mowa wa neelano.

read more

K. M. Moment Nkange

11 December, 2012

 Mmamalome Ke a dumedisa Mmamalome, ke mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi. Ke kopa thuso mo go wena motsadi wame. Ke batla nyalo ka pelo e e botlhoko. Banna botlhe ba ke kopanang
le bone ba re ke tshole ngwana pele ga nyalo mme nna ga ke batle ngwana pele ga lenyalo. Selo se se ntira motho yo o maswe thata mo bathong ba ke kopanang le bone. Bangwe ba re kolojwane e nngwe e tshwanetse ya bo e golotse. Fela fa monna a umaka ngwana nna le ene re a kgaogana.
Nthusa Mmamalome, a ke segole kgotsa jang? K. M. Moment Nkange Setlogolo Nnyaa mma, ga o na bogole bope. Go supa fa o na le boikarabelo ebile o itse ditshwanelo tsa gago. Go le gantsi borre ba gatelela bomme ba ba rontsha ditshwanelo tsa bone, mme bontsi jwa bomme bo felela bo ineela ka go leka go itumedisa motho yo mongwe ka tsela e e leng gore e felela e ba beile
ka fa mosing. Kgakololo yame ke gore tswelela
fela ka maikemisetso ao. Yo o batlang go go nyala o ya go dira jalo ka pelo ya gagwe yotlhe a sa mo reke ka ngwana. Lerato le tla pele ebile ke lone
le tlaa dirang gore rre yo o batlang go go nyala a tlhomphe maikutlo le dikeletso tsa gago. Ebile
o seka wa itlhoboga ka o sale monnye. Bangwe
ba atle ba re se nkganang se nthola morwalo ka gore fa rre a re o batla ngwana pele ga o oitse
gore o ya go felela batla eng gape se gongwe o tlaa palelwang ke go se dira. Fa motho a go rata o nna fa fatshe le wena mme le boisane ka dikeletso le maikemisetso a lona boo-babedi, mme le felele le dumalana se se tlaa le kgotsofatsang lotlhe.  

read more

Segomotso

11 December, 2012

 Mmamalome Ke rre wa dingwaga tse di masome mararo le borobabobedi mme bothata jwa me ke gore ke na le ngwana kwa Khakhea. Ngwana yo ga ke mo itse ka gore e rile mmaagwe a le moimana a siela kwa ga bone kwa Khakhea. Nako ya teng re ne re nna kwa Jwaneng mme gompieno ke kwala jaana ke le mo kgolegelong ya Tshabong. Mme Mmamalome ke eletsa go bona ngwana ka matlho a me e bile ke rata ngwana yoo fela thata. Ke batla go mo fa lerato le motsadi a ka le fang ngwana wa gagwe. Maloba ke kopane le masika a gagwe kwa Khakhea mme ba mpolelela fa ngwana a batla go mpona. Mmaagwe motho oora Mokae fa nna ke bidiwa Segomotso Lubinda. Ke kopa thuso kwa go lona mmamalome. Ke bone masika a gagwe ke ntse ke le mo koloing ya kgolegelo ka re ne re reka fa marekisetsong. Ke ka itumela fa nka bona thuso. Segomotso Tsabong Setlogolo Sa ntlha ke go akgolela setho le bobelo ntle jwa gago. O itshupile fa
o le motsadi tota gore ntswa o le mo kgolegelong pelo ya gago yone
e bo e le kwa ngwaneng. Ga se ba le bantsi borre ba ba tshwanang le wena jaana. Ba a balwa. Ke kopa gore o inaakanye le ba dikgolegelo o ba kope gore ba buisane le ba boipelego gore ba rulaganye go bona gore o thusiwa jang gore o kgone go bona ngwana wa gago. Kana ngwana le ene, le fa ke sa itse gore o dingwaga di kae, o tshwanetse a itse kwa rraagwe a le teng. Mme fa a le monnye go tshwanetse gore ba boipelego ba mo sidile maikutlo pele gore a seka a hakgamala gore ke eng mongwe wa batsadi ba gagwe a le kwa oleng teng ebile o sa nne le mmaagwe. Ke tsaya gore le bone ba dikgolegelo ba na le ba lekalana la boipelego ba ka go thusa go bona ngwana wa gago.

read more

Cecilia Ga-Mononyane

11 December, 2012

  Go rileng ka basimane ba gompieno? POTSO Mmamalome mo ke go bonang ke dumela gore bontsi bo go lemogile. Bana ba basimane ba malatsi a ga ke itse gore a ga ba leboge Modimo go bo a ba tlhodile jalo kana jang? Malatsi a go tletse basimane fela ba e ka reng bomme, ba itshasa metako ya basadi, ba apara e bile ba bua fela jaaka bo mme. Ke ipotsa gore a borre ba bothata jwa bone ke eng? Tota selo se, se a ntshwenya, kana re itse fa monna a tsisa ngwetsi mo lapeng e seng rre ka ene. Ke ipotsa gore selo se se bakwa ke eng?   KARABO Tota Modimo ke ene a itseng ka fa a re tlhodileng ka teng maikutlo a rona a farologana. Rona re ka tswa re bona go sa siama gore monna kgotsa mosadi a dire se re tsayang gore ga se sa bong jwa gagwe mme kana re tshwanetse go lemoga gore dilo tse dingwe ga rena taolo ya tsone. Ke raya ka jaana gore monna kgotsa mosadi ga a tshwanela go dira se kgotsa sele ga se se tlhodilweng ke Modimo. Ke ngwao tsa rona tse di farologanyeng, mme kana ga twe ngwao ea fetoga. Ke mang yo neng a ka dumela gore bomme gompieno ba apara marokgwe? Ee, molao wa rona ga o letle gore mme o ka nyala mme kgotsa rre a nyala rre, mme kana gore motho gore o itshwara jaaka mme e le rre kgotsa ree a itshwara jaaka mme ga se molato ka fa moalong. Ke dilo tse di tlang le tlhabologo tse re tshwanetseng go bona gore re dira jang gore di seka tsa dira gore tlhoe ba ba itlhophetseng betshelo jo bo sa tshwaneng le jwa mongwe le mongwe.

read more

Letty, Bokaa

11 December, 2012

  Ga a ikamogele POTSO Mmamalome kgaitsadiake o palelwa ke go ikamogela ntswa rotlhe re lemoga fa a sa tsoga gotlhelele. Kgaitsadiake o ne a ntse a nna le mmaagwe bana ba gagwe mo Gaborone mme ya re ngwaga e e fetileng a tla le mme yo, yo o neng a solofetse ngwana wa botlhano kwa gae. Mme ra lemoga fa mme yo o sa tsoga, ra mo ragosetsa kwa sepateleng kwa a neng a thusiwa go belega ka loaro. O ntse dikgwedi tse pedi le ngwana a ba a tlhokafala. Morago ga phitlho batsadi ba gagwe ba re rebola bana, ba ba mo tlhokomelong ya rona ka nakwa e. Mme ka re itse se se jeleng mmaabo ra gakolola mogoloarona gore a itlhatlhobele mogare wa HIV mme o a gana. A re mosadi wa gagwe o ne a jesitswe. Go botlhoko ka le ene re a mmona gore o a fela jaanong ga re itse gore re dire jang ka e le mogolo e bile a na le ditshwanelo. Re rata kgaitsadia rona fela thata. Re dire jang gore a dumele. KARABO Go thata gore batho bangwe ba ikamogele seemo. Mo gongwe go dirwa ke tumelo tsa rona tse di farologanyeng. Ke ka le gakolola gore tswelelang le leke go mo sosoetsa, le nne le ene fa fatshe le leke go mmontsha mabaka a gore a itlhatlhobele mogare nako e sale teng. Ga o a tlhalosa gore o itse go bala, fa e le gore o a itse, leka go mo rotloetsa go bala. Mo godimo ga moo o ka mo rotloetsa go bona ba boipelego kgotsa ba bongaka gore ba bue le ene.

read more

Tinah, Mokolodi

11 December, 2012

  Matsale ga a mpatle POTSO Mmamalome ke na le ngwaga tse pedi ke nyetswe, mme ebile ke nyetswe ke monna yo o nthatang. Mathata ke mmaagwe. Pele ga re nyalana mme yo, o ne a nthata jaaka ngwana wa gagwe le nna ke mo rata tota. Mathata a tswa fa re mo tlhalosetsa gore re bone setsha re batla go ikagela, mosadimogolo a gana a re re tshwanetse go aga mo lwapeng. Re lekile go mmontsha gore ga go kake ga nna sentle bogolo jang ka go na le masiela a a tshwanetseng go sala mo lapeng. Se sa kgopisa mosadimogolo thata, ra bitsa bokopano jwa masika go mo lemotsha se. Mme a seka a reetsa a tlhalosa fa ke tlhakanya ngwana wa gagwe tlhogo, e bile ke batla go ba kgaoganya. Ka tswa mosadi yo maswe lerato le ile. Ke leka go dira tsotlhe go mo kgotsofatsa mme ga go na tema. Ke dire jang Mmamalome ka ke rata mme fela thata.   KARABO Selo se se botlhokwa fa gare ga batho ke kutlwano le tirisanyo mmogo. Mme tse tsotlhe di tsalwa ke lerato. Ke lemoga fa o le motho yo o nang le boikarabelo ebile o rata motsadi wa gago. Se fele pelo, leka go mo pepetletsa go mmontsha mabaka a se o se buang. Kana fa gongwe go sokolola motho ga go motlhofo ebile go tlhokana le methale e mengwe ya go buisana le ene. Kgakololo yame ke gore tswelela o buisana le ene, Tshepo yame ke gore e tlaare bofelong a go utlwe.  

read more

Masedi, Tsabong

11 December, 2012

  O loba ngwana   POTSO Ke mme yo o nang le lelapa la gagwe mme e bile ke dumela thata mo Modimong. Mme Mmamalome ga ke je diwelang ka kgaitsadiake a ntshedisetsa mo maakeng. Rre yo jaanong a leng monna wa lelwapa o na le ngwana yo a mo tshotseng bogologolo a ise a ba a kopane le mosadi yo a mo nyetseng. Ngwana yo o setse a godile. Pele ga moo, o ne a ntse a tlhokomela ngwana. Ya re fa a tlhalosa gore o a nyala, ka mo gakolola go bolelela mohumagadi ka ngwana. A gana a ba a thikitha tlhogo. Jaanong o tlhokomela ngwana mo sephiring a nthoma, selo se e leng gore ga ke se rate. Mmamalome ga ke batle kamoso mosadi wa gagwe a ntshupa ka monwana gore ke ne ke mo direla boferefere le monna wa gagwe. Kgang e e ka dirwa jang gore go nne le kagiso?     KARABO Ke ipotsa gore ke eng kgaitsadio a ne a loba ngwana, kgotsa gore o ne a mo tlhabisa ditlhong. Mme kana se se botlhokwa ke gore e ka bo fela erile kwa tshimologong a tlhalosa fa a na le ngwana, fela fa e se gore gongwe go na le se a se fitlhang. Kgakololo yame ke gore nna fa fatshe le kgaitsadio o leke go mmotsa mabaka a go loba ngwana. Fa e le gore ga go na lebaka lepe fela mo rotloetse go dira boamaruri mme a dire jalo ka thuso ya ba boipelego ka gongwe go tlhokega gore ba lelwapa la gagwe ba sidilwe maikutlo le go kaelwa ka fa ba rarabololang kgang ka teng. Mme hela mo itsese gore wena ga o kake wa tswelela o dira dilo ka bokukuntshwane ka seo se le kgatlhanong le tumelo ya gago ebile go ka dira gore fa sephiri se tswa batho ba go tlhoboge.  

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%