Mmamalome

Ronald Tshameko

12 December, 2012

POTSO - Ba nkitsa go dirisa sediba Ke nale matshwenyego a a seng kana ka sepe. Ke rre wa dingwaga tse di masome a marataro. E ne ya re ka ngwaga wa 2006, ntate a tlhokafala mme nna le barwarre ra dumalana gore dikgomo tsa rona di tswelele di le mo lesakeng la monnamogolo jaaka go ne go ntse a sa le botshelong. Tumalano e ne e le gore re tseye boikarabelo jo bo lekanang ka tlhokomelo ya sediba mo dilong di tshwana le go se baakanya fa se senyegile le go reka leokwane. Kgang e nngwe ya nna gore re fapaanele go duela modisa. Kwa tshimologong, tsotlhe di ne di apere tshiamo  mme mo tsamaong ya nako barwarre ba seka ba sala ditumalano tse morago. Jaanong ka dikgomo tsame e le tsone tse dintsi ebile modisa a thapilwe ke nna, mokgweleo wa go mo duela le go baakanya sediba wa sala le nna. Fa ke ngongorega ka se, barwarre ba nkoba mo sedibeng ntle le mabaka ape a a utlwalang. Ke kopa thuso kwa go wena mmamalome, ka gore ke batla kgotlhang e e fela ntle le go tsena ka makgotla a ditsheko. KARABO - Go mo mpaananeng gore dikgang tsa boswa di tshabelelwa ke go nna marara. Le fa go ntse jalo, ke dumela gore kgang ya gago e tlhamaletse mme ebile e ka rarabologa fa lotlhe ba le amegang le ka dira se se maleba. Kgang ya modisa yone e bonolo, se le ka se dirang ke gore mongwe le mongwe wa lona a nne le lesaka le e leng la gagwe. Se se ka tlhomamisa gore ga gona yo o bayang mo go yo mongwe gore e nne ene a mo duelelang modisa. Ya sediba yone e batla bannabagolo ka dijase, ka jalo o tla tshwanelwa ke go ikuela mo bagolong, e ka nna borwangwane le bafe fela ba ba lebaneng gore ba go kopanye le barwarraago go utlwa sentle mafatlha a bone. Pelaelo yame ke gore go ka tswa go nale mabaka mangwe a barwarraago ba nang le one a ba sa go a boleleleng. Dikarabo dipe tse ba tla di ntshang ke tsone di ka go fang tsela ya gore go tswa foo kgato o tsaya efe.

read more

Janet Mosebodi, Gaborone

12 December, 2012

POTSO - A CEDA  e dira tiro ya yone sentle? Go nale sengwe se se ntshwenyang ka lekalana la CEDA. Ke nna ke bona mo dipampiring tsa dikgang CEDA  e gapela batho ditsabone. Ga gona lekalana lepe le lengwe le le gapelang batho ka bokete jaaka CEDA. Se ke batlang go se tlhaloganya ke gore a CEDA e dira tiro ya yone sentle ka botlalo go tlhalosetsa batho ka ditsamaiso tsa yone pele e ba fa madi le gore a e sekaseka mo go tseneletseng go bona gore a dikgwebo ke tse di ka tswang maduo. KARABO   Lekalana lengwe le lengwe le nale ditsamaiso tse e di tlhomilweng tse le di salang morago go ntsha tirelo epe e le  efang. Ke dumela gore go ntse fela jalo ka lekalana la CEDA. Ka kgang ya go gapela batho ga lekalana le ke go gakolola go ikopanya le bone ba CEDA gore ba go tlhalosetse ka botlalo gore ditsamaiso tsa bone di ntse jang. Ntleng ga go tsaya tlhaloso e e maleba kwa go bone go tla nna thata gore o tlhaloganye gore seemo se se ntse ka fa o se bonang ka teng ka mabaka afe.

read more

Tebogo Kesenogile, Francistown

12 December, 2012

POTSO - Nkuku o sotla ka rona Ke mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bosupa, ke nale bonnake ba le babedi. Ke dira Form 4, fa bonnake ba le mo go Standard 4 le 7. Mmamalome ke kwala ka pelo e e botlhoko e e rothang madi. Re tlhokafaletswe ke mmaarona ka 2010, mme morago ga phitlho nkuku a re tsaya go ya go nna le rona kwa lapeng la gagwe. O ne a re kwadisa kwa go mmaboipelego mme ra nna re thusiwa ka dijo kgwedi le kgwedi. Mathata ke gore nkuku ga a re tlhokomele ka tsela epe fela, a re mmaboipelego ke ene a re direle sengwe le sengwe. Ga a re fe lerato le re le solofetseng mo go ene ebile o nna a re kgobotletsa ka dipuo tsa lesotlo. Le mo lapeng go kgaogantswe gabedi go nale ka fa re nnang teng le kwa ene a nnang teng. Re nale leiso la rona kwa re ikapeelang teng, fa ene a apeela go sele. Le fa mongwe wa rona a lwala nkuku ga a na sepe. Ke ipotsa gore re dire eng gore nkuku a re tseye sentle, a re tseye fela jaaka motho a ka tsaya bana ba ngwana wa gagwe. Fa e le gore nkuku o ne a nale dikgang le mme rona o re sotlelang? Re dire jang Mmamalome? Re tshabele kae? KARABO - Setlogolo, Kgang ya gago e botlhoko e le ruri setlogolo. Ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe go tshela sentle a sa sotlakakiwe. Mme a e re ke ise ke go arabe setlogolo ke go akgolele bopelokgale jwa gago jwa go batla dikgakololo; motlapele a re ngwana yo o sa leleng o swela tharing. Seemo se o tlhalositseng se diphatsa ka se ka le itsa go dira sentle mo dithutong tsa lona. Ga ke eletse gore le tswelele le tshelela mo go sone. O nkutlwe sentle, ga ke re le phuthe mesobana le inee naga. Se se botlhokwa se o ka se dirang ke go ikgolaganya le ofisi ya boipelego go tsibosa mmaboipelego wa lona ka mangomo a le tshelelang mo go one. Ka a rwele boikarabelo jwa go bona gore le tshela sentle morago ga phularo ya motsadi wa lona, go nale go le gontsi mo a ka go dirang go bona gore seemo se a fetoga; mme ebile o tlamega go se tsibogela ka bofefo gore le lona fela jaaka bana ba bangwe le tshele sentle.

read more

Basetsana Gaokgethelwe, Letlhakane

12 December, 2012

POTSO - Ke batla go simolola kgwebo  Ke mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi. Go nale dikompone tse di farologaneng tse ba ba mo go tsone ba tsamayang ba kopa batho gore ba di tsenelele. Bontsi jwa tsone go ntshiwa madi gore motho a di tsenelele, mme o ka fitlhela di rekisa dilo tse di farologaneng di tshwana le ditlolo, dipilisi, le dijo jalo jalo. Ba ba mo go tsone ba di bua bontle thata gore di ka thusa motho go dira madi mme a tokafatse botshelo jwa gagwe.  Ke batla go tlhaloganya gore a ka boammaaruri go nale mangwe maduo a motho a ka a robang mo dikomponeng tse kana ke maano a tsone a go tseela batho madi? KARABO - Setlogolo, Go a itumedisa go bo o tlhophile go seke o wela wela sepe fela le fa o sa se tlhaloganye. Ke go gwetlha go batlisisa ka botlalo ka dikompone tse o buang ka tsone tse pele o ka nna leloko la tsone. Manweenwee a loga metlhale e mesha ya go tsietsa batho tsatsi le letsatsi mme go botlhokwa gore pele o tsaya kgato o bo o ikgotsofaditse gore ga o ye go gorometsa madi a gago mo motlhobodikeng. Mme fela bontsi jwa tsone ke metshelo e e berekang ka khupelekhupele (Pyramid schemes). O ka ikgolaganya gape le lephata la baji bareki go go fa dikgakololo tse di nonneng mabapi le kgang ya gago.

read more

Motlhokaina

11 December, 2012

Ga ke bone boroko Mmamalome
 Sa ntlha ke madume go wena Mmamalome, ke kwala jaana ka tshepo ya gore o tlaa ntswa thuso le kgakololo ka o le motsadi wame. Kana e bile Motswana a re ngwana o sa leleng...
Ke mosetsana wa dingwaga tse 20, ke dira ngwaga wa ntlha kwa University. E ne yare nako nngwe kwa sekolong ka kgatlhiwa ke mosimanyana mongwe wa dingwaga tse 22, a ise
a bue sepe le nna. Ke ne ka kgalemela pelo yame ka ke itse e se Setswana sentle. E rile morago e bile ke lebetse rre yoo, a bo a nkopa lerato.  Mme ke ne ka gana kopo ya gagwe ka lebaka le le leele mme ke sa itse gore ke ganela eng mme gone ke ikutlwa fela gore ke a mo rata. O ne a diragatsa gore tsatsi le letsatsi o bua le nna sengwenyana fela. Malatsi a, o dule fela mo go nna ka ke mo utlwisitse botlhoko. Selo se se nja mo pelong e bile se ama dithuto tsame. Fa ke mmona e kare ke ka lela le fa a ka fitlhela ke ne
ke tlotla ke tlelwa ke tidimalo le mo batho ba tla a ntemogang.
Fa a ntumedisa ke buela ka lentswe le le ko tlase tota e se gore ke a itira ke ipotsa gore o boelela leng kopo ya gagwe. Tota nna ngwana yo le wa batho ke a mo rata. Fa ke mo gakologelwa ke tshega ke le nosi. O tlhalositse gape fa a sena mosetsana mme ga ke itse gore ke dire jang gore pelo ya gagwe e boele mo go nna. Thusa foo Mmamalome kana ke wena fela motsadi yo o ka se kgwathiseng ngwana a bua dikgang tsa go tshwana le tse. Setlogolo Kgang ya gago ke a e utlwa. Kana pelo fa e ratile selo go thata gore motho o ka busa mogopolo. Ke kgwetlho e motho mongwe le mongwe a lebaganang le yone mo botshelong. Mo Setswaneng go thata gore ngwana wa mosetsana a ka ipuelela le mosimane. Ke tsaya gore mme fela go na le kafa o ka dirang kateng. `Gantsinyana ditsala le tsone di ka thusa. O ka bua le tsala nngwe ya gagwe go mmotsa fa a santse a go rata, a mo lebisa mabakaagorelewenaoamoratammefelaoneokasekewa mo dumela fela o ise o ikakanye. Kana go tsena mo leratong le kgwetlho e le ene a tshwanetse a e tlhaloganya ka ebile malatsi ano baratani ba lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi. Se se batla batho ba digetse makgwafo ka gore go tabogela go tsena mo leratong o ise o ikakanye go ka go tsenya mo mathateng
fa gongwe. Mme fela nna pelo telele gore gongwe o tla a busa mogopolo, fa go pala itse gore e ne e se wa gago. Gongwe go mo gana ga gago go ne go go bolelela sengwe. Se sa feleng se a tlhola, kajalokutlobotlhokoeolengmogoyoneetlaafelammeotlaa itumela gape. Ga se ene wa ntlha ebile ga se ene wa bofelo. Nnete ga e bolaye.      

read more

Orethusitse
 Otse

11 December, 2012

Go Mmamalome 
Ke monana mo motseng wa Otse mo Central District. Ke monana yo o itirelang mekgabisa, ke dira mekgabisa e e farologanyeng jaaka go tsenya mebu e e mebala mo mabotleleng a mmu, dithunya le bojang ke dirisa pente. Jaanong ke eletsa go ipapatsa mo Kutlwano. Ga ke itse gore ke ka dira jang, kgang yame ke gore ke batla go rekisa kgwebo ya mekgabisa mo Botswana ka bophara. Ke ka itumela thata fa kopo yame e ka atlega. Ke le
 Orethusitse
 Otse Setlogolo
 Go ipapatsa mo bukaneng ya Kutlwano go tlhokana le madi a mantsi, gape go batla o setse okgonagodiradilotseorengoadidiradi
le dintsi, bontsi jo bo ka kgonang go re bareki botlhe ka lefatshe go nne motlhofo mo go bone go di reka. Se o ka se dirang mo nakong eno,
o ka ya mo go nngwe ya diofisi tsa lephata Dikitsiso (Information Services), o buisanye le mokwala dikgang foo, a thlotlhomise gore a o ka tswa ka kgang. E seng jalo o tla a tshwanelwa ke go bona ba ba dirang makwalo a ipapatso (adverts) go re ba tle ba go direle ipapatso e o ka e tsenyang mo bukaneng ya Kutlwano, mme jaaka ke tlhalositse o tla a tshwanelwa ke go e duelela. Mo godimo ga moo, o ka bona ba lephata la banana go ka go thusa ka ditsetlana tsa go ipapatsa.

read more

Tebogonyana

11 December, 2012

 We appeal for support Mmamalome 
Mmamalome we need your assistance to help
us find sponsorship. We are a group of 15 girls residing in Masuaditshwene ward in Molepolole. We have formed a football team as we believe that sport can take us somewhere and earn a living out of our talent. Presently we are finding it difficult to run the team due to financial constraints and we are appealing to companies to help us realise our dream. We need support of any kind. Tebogonyana Molepolole Setlogolo 
The interesting thing about your initiative is that it is not only a community building move, but a very unique idea started by brave young ladies. It is quite unusual for women your age to have a passion for football to the extent of voluntarily forming a team that you want to professionalise. What you have to internalise however, is that the noble project will obviously encounter teething problems, chief of which is lack of sufficient operational funds. Surviving this stage of the project will attest to the true bold unshakeable character of all of you. Start by getting somebody to help you draw a detailed business plan that will show your needs, growth potential, and all other ways of mitigating your disadvantages as a football team. The youth office in your area can help in this regard, but you should not be shy
to approach private companies for sponsorship provided you have satisfactorily done your groundwork. I wish you all the best in this novel expedition.

read more

M. C Sesinyi

11 December, 2012

  Ke lapile Mmamalome Ke mme wa dingwaga tse 27. Ke nna le rre wa dingwaga tse 39. Rre yo o dira go tlala ka diatla. Rre yo o ntshitse magadi ka 2009 ka November ra nna go fitlha 2010 ka December ke sa itse thebe wa gagwe a reka dijo a duela ntlo. E rile ka 2011 ka kgwedi ya Lwetse ka tshwara molaetsa wa mme mongwe mo mogaleng wa gagwe. Mme nne ka isa kgang kwa baruting mme ba mmitsa ba mo lebisa kgang, mme a dumela gore ke nnete o ratana le mme yoo. A tlhalosa gore mme yoo o nna kwa Francistown, ba kgalema fa ba kgalemang teng. E rile morago ka bitsa batsadi ba gagwe ka ba alela kgang mme ba ne ba mpolelela gore ngwana wa bone ga a kake a dira jalo ke a mo pateletsa fa ke sa batle ngwana wa bone ke buwe fela ke tlogele go ipata ka dilonyana. E rile go sa ise go ye gope a ratana le mme mongwe ko kerekeng. Nne ka buseletsa kgang gape kwa baruting mme ba mmitsa ba mo lebisa kgang a araba ka gore ga a ratane le mme yoo, mme ka pono ya matlho a gagwe o bona gore mme yoo, o a mo rata. Ke lapile ke akanya go mmusetsa ditsa gagwe. Ke kotame magala ka marago. E bile o mpolelela gore o tlaa mpolaya a bo a ipolaya.  M. C Sesinyi   Setlogolo  Kgang ya gago e utwlisa botlhoko e le ruri. Go lebega go sena tshepho bobeding jwa lona. Selo se se tona mo barataning ke tshepho le ikemisetso ya go lebagana le mathata lotlhe. Fa yo mongwe a gogela gosele e nna mathata ka gore go felela go sena kutlwisisano. Ga ke tlhaloganye gore ke eng rre wa gago a sa nne fa fatshe le wena la lebisana mabaka ka kgang ya lona. Baruti le batsadi ba ka gakolola fa ba gakololang teng mme fela kgang le maikutlo ke a batho boo babedi, eleng wena le rre wa gago. Ope yo o tswang kwa ntle ga a kake a fetola maikutlo a lona, ntleng ga go le gakolola fela. Tshwetso ke ya lona boo babedi ya gore tsela le tsaya efe. Mme fela fa go na le lerato, tshepho le maikemisetso ga go sepe se se thata. Ke kopa gore o nne fa fatshe le rre wa gago le buisane kgang e gore le kgone go rarabolola mathata a lona. E tshwanetse ya simolola mo go lona pele ga le ka e lebisa ba boipelego. Fa go pala bona ba boipelego ka ebile a setse a go tshosetsa ka go go bolaya. Go tshosetsa motho yo mongwe ka polao ke molato fela o motona ebile ga go supe fa motho a ratela yo mongwe botshelo. Mme fela fa sengwe le sengwe se padile go botoka le kgaogana ka mowa wa neelano.  

read more

Ndadziila in Mapoka

11 December, 2012

  QUESTION O GANA GO YA GO ITLHATLHOBELA MOGARE Mmamalome Mmamalome, ke mosetsana wa di ngwaga tse di masome a mabedi le boroba bongwe. Ke tshedisanya le rre yo o mphetang ka dingwaga tsenne. Rre yo re sale re tsena mo loratong re santse re le kwa sekolong ebile re na le ngwana yo o ngwaga tse tlhano. Sebe sa phiri ke gore mokapelo wame ga a  dumalane le go nna re etela Tebelopele go itlhatlhobela mogare. Fela fa ke bua ka kgang ya teng o a nkgadimola a bo a re ke tshwanetse ke bo ke simolotse go mo tsietsa. Le nako e ke neng ke itsholofetse ke ne ka ya go itlhatlhoba ke le nosi ene a re o tla itse seemo sa gagwe ka maduo ame. Se se dira gore ke seka ka motshepa e bile ebile ga se ntshedise sentle ka malatsi a a re ene ga a batle go dirisa sekausu ka go lobaka re le mmogo. Gakolola Mmamalome ka tota ga ke batle go tsenya botshelo jwa me mo diphatseng. ANSWER Setlogolo:Ke itumelela maitlamo le maikemisets o a o nang nao a go dibela botshelo jwa gago. Ga se  ba le bantsi ba ba kgonang go tsepama mo maikemi setsong a bone jaaka wena mme e re ba bona mo koro ekete o tla nwela ba kope dikgakololo. Selelo sa gago setlogolo se a utlwala. Kgakololo yame mo go wena ke gore o kope mokapelo wa gago gore le tsamaele fa kokelwaneng kgotsa kokelo e e gaufi go bona ba  bogakolodi ba tle ba mo tlhalosetse ka botlalo ka  botlhokwa jwa go itlhatlhobela mogare. Kana fa o  ka ela tlhoko go na le mabaka a a farologanyeng a a tshabisang batho bangwe go ikatametsa ditirelo tsa botsogo. Ba bangwe ba na le poifo ya gore fa maduo a ka tla a supa fa ba nale mogare ba tla seke ba kgone go ikamogela. Le fa go ntse jalo, go nale ba ba sa itlhatlhobeng fela ka ntlha ya go tlhoka boikarabelo. Tsaa kgato le kope bogakolodi. ENDS

read more

G William at Selebi Phikwe Prison

11 December, 2012

QUESTION She wants nothing to do with me Mmamalome: I am a young man aged 22 years. My girlfriend broke up with me when I got arrested last year. She told me that she had lost feelings for me because of my being arrested. But the problem is that I had nothing to do with this offence but she does not believe me when I tell her this. Mmamalome please help me. I want this girl to be my future wife because I really love her.   ANSWER Setlogolo:  Mmamalome understands your situation and really sympathises with you. Because love is such a strong emotion, it is sad that you find yourself in a predicament in which the person your heart longs for is rejecting you. Being in prison also makes your situation a bit difficult as it limits both your communication avenues and robs you of the opportunity to prove your undying love for this young woman in other ways. I, however, would advise you to use your detention as an opportunity to introspect; to look deeply into your relationship and try to find out if it indeed was founded on true love. I believe if this young woman truly loved you, she would not turn her back on you at the earliest opportunity. ENDS  

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%