Mmamalome

Tsano

04 July, 2014

Modimo o ntimile Mmalome ke lekawana le dingwaga di masome mabedi le bongwe,ke nna mo mmadinare. Ke tshwenngwa ke size ya bonna jame,ke akanya gonwa melemo ya bo re a itse? ke a sokola tota nthusa Tsano   Setlogolo Ke maswabi ka go utlwa ka mathata a gago. Setlogolo, go thata gore ke go gakolole ka go o bo o sa ala kgang ya gago sentle. O ka bo o lekile go mpha lesedi la gore a o na le makoa mangwe a o tshelang ka one le  seemo sa bokete jwa mmele wa gago. Dipatlisiso di supa fa bontsi jwa bomme le borre ba dumela fa selekanyo sa bonna se le botlhokwa fela thata mo go tsa tlhakanelo dikobo. Ka jalo, borre ba ba tseelang gore selekanyo sa bonna jwa bone se sennye ba na le go itseela kwa tlase mo go ka felelang go ama seriti sa bone. E re ntswa borre bangwe go bolelwa fa ba dumela gore go oketsa selekanyo sa bonna jwa bone go tlisa boitumelo mo go bone, go dira se ga go motlhofo. Le lone loaro tota la go leka go godisa bonna go supa fa le sa bereke, ke ka moo gantsi le dirwang ke dingaka tse di ikemetsen mme ebile go le turu. O ka bona thuso motlhofo fa o na le bothata jo ka sekgoa bo bidiwang micropenises. Ka ke bona o tshwenyegile thata ka seemo se, ke kgatlhanong le tiriso ya melemo ya boreaitse. Ikopanye le mogakolodi wa  bong (Psycho-sexual therapist) a go sidile maikutlo pele. Fela jaaka ke setse ke boletse, borre ba ba nang le bonna jo go dumelwang bo le bonnye (micropenises) ba ka kgona go dira loaro. Ke ka go gakolola gore fa e le gore bonna jwa gago bo ka fa tlase ga disenthimethara tse supa fa bo eme le fa bo sa ema, kopa ngaka a go kopele go bona ngaka yo o ithutetseng go tlhatlhoba le go alafa malwetsi a a amanang le tsa lela la motlhapo le dirwe tsa tsholo (urologist). Setlogolo, gape o ka ikgolaganya le ba dikokelwana tsa borre di tshwana le Mens Clinic mo Gaborone.

read more

Metha, Mathangwane

27 April, 2014

KE FARAFERWE KE DIKOLOTO Ngwaga o o fetileng go ne go leba yo o sebete  ke le mo loratong le lesha ke eja madi a ke neng ke a adimile mo makalaneng a a adimisang madi. Ke setse ke tshaba batho le ditsala tsame tota ka gore motho yo ke neng ke e ja madi le ene o mphuagantse jaanong ke sokola ke le nosi. Ke nnile le dikakanyo tse dintsi tsa gore ke ka ipolaya jang mme ka bona go le botoka go lebagana le mathata ka gore ke nna ke a bakileng. Le fa  kgwedi e fedile e nna o kare ga ke bereke ka ke tsaya bonyenyane jo le jone bo sa lekaneng ka ke tlhokomela bana ba babedi yo mongwe ko Tobane yo mongwe ko Semolale. Ke tshela ka lobelo fela ka gore batho ba ke ba kolotang ba bangwe ba bone ba ntatela kwa lwapeng ba shakgetse mo lenna go ntshosang. Ke setse ke lapisetswe ke go nna ke iphithile o kare ke tshameka black mampatlile ka gore le tiro e ka fela ka bangwe ba ntatela kwa tirong. Ntlu yone e setse e le lehalahala ka ba tsere sengwe le sengwe. Tota ga go ope yo o batlang go reetsa selelo same ka jaaka ke bone gore ke kope thuso mo go wena mmamalome! KARABO - Setlogolo,  go ikgapela botshelo ga se tharabololo ya mathata mme ebile go iphitlha le gone ga go na go go tswela mosola. Nna fa fatshe o kwale dikoloto tsotlhe tse o nang le tsone, mme o lebe gore o ka kgona go duela bonnyenyane jo bo kae mo go tsone ka kgwedi ,o buisane le ba o ba kolotang go dumalana gore o tla ba duela bokae ka kgwedi. Sengwe se se botlhokwa ke gore o seka wa dira dikoloto tse disha mme gape o diragatse se o tla bo o se dumalane le ba o ba kolotang.

read more

Moitlhobogi, Kang

27 April, 2014

KE PALETSWE KE SEKOLO Ke mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro ke feitse Form 3 ngogola ka ke ne ke le mongwe wa ba ba fetisetsweng fela go ya go dira Form 1. Tota nna ke simolotse go sa dira sentle fela go tswa kwa moding ka ke goletse mo sepotong ke rekisa khadi. Batsadi bame ba ne ba sa nthuse ka sepe fela se se amanang le tsa thuto sa bone e le go batla ke itse chenchi fela. Bankane bame ba tsweletse kwa sekolong se segolwane nna ke tlhola ke rekisa bojalwa ka ke jone jo re itshetsang ka jone e bile ga go thona gore ke bo ke bitswa Rrasepoto. Ke gone ke lemogang gore tshelo jo ke bo tshelang jo ga se jone, jo ke neng ke bo eleditse bo fifaditswe ke batsadi bame. Ke a tle ke etelwe ke mogopolo wa go ikgapela botshelo ka ga ke na mosola mo sechabeng mme ka bona gore ke bue le mongwe yo o ka mphang kgakololo e e botoka ka batsadi bame ba le kgakala thata le botshelo jo bo siameng. Mmamalome nthuse le nna ke nne le lesedi. KARAB0 - Setlogolo, Go bo o reteletswe ke pasa lokwalo lwa boraro ga go ree gore go fedile ka bokamoso jwa gago. Goromente o simolodisitse mananeo a le mantsi a ka one a thusang banana. Lengwe la one ke go thusa banana go boela dithuto (back to school). Gape go na le go ithuta ka tlhaeletsanyo le ba BOCODOL. Ikopanye le ofisi ya thuto e e gaofi le wena kana le ba ofisi ya banana e e gaufi mme ba tla go gakolola gore tsela o ka tsaya efe.

read more

Moipolai, Ranaka

27 April, 2014

NGWANAKE GA A NTHEEETSE E le ruri ka e tlhoka ka tlhoka boroko, ka e rua ntse ka bo tlhoka hela. Ke na le ngwana wa mosimane o dingwaga di le masome a mabedi le botlhano. Mosimane yo ke mo godisitse e le ngwana yo o tsebe mme e rile morago ga go bona tiro ko moepong a fetola boitshwaro. O rekile koloi e e tlholang e tsositse modumo o kare waelese ya kwa sepotong se nka sekeng ka se bua ka leina. Sa gagwe ke go tlhola a nwa bojalwa le basimane ba ditsala tsa gagwe ba sasankega  mo motseng ka yone lori e. Ke lekile go bua le ene o kare ke  betsa letlapa mo go le lengwe ebile ke tlhapile diatla. Koloi e e setse e na le kgwedi tse pedi mme mongwe le mongwe o setse a e itse ka e tlhola e thuntshitse dithole gare ga motse. Sebe sa phiri ke gore le sone setankana ga a na naso. Ke bua se ke utlwisiwa botlhoko ke gore o ntshentse leina, o tla a felela a baka le tsone dikotsi le yone tiro e tla a mo senyegela  ka gore nako dingwe ga a theogele a  le mo sediding sa nno tagi. Tota fa ngwana a palela nna rraagwe emang a tla a mo kgonang! KARABO - Setlogolo, ke maswabi ka gore ngwana wa ga go e setse ele monna, yoo o nang le maikarabelo ka jalo ga go gontsi mo o ka go dirang. Kopa thuso ya masika jaaka bo malome le bagolo ba bangwe ba o itseng morwao a ka ba reetsa. Ba makgotla le bone ba a tle ba agisanye ba malapa fa go na le tlhoka kutlwisisano. Fa a pala go reetsa dikgakolo tsa ba masika le lekgotla ga go na se o ka sedirang fa e se go emela gore gongwe a itharabologelwe.

read more

Tshwenyego, Molaladau

27 April, 2014

O SULE A NKOLOTA Mmamalome, Tota fa nne gotwe baswi ba a tsoga gongwe madi ame ke ne ke tla a bona. Malobanyana  jwale ka festive 2013 ke ne ka adima rre mongwe wa tsala yame madi ka ke ne ke na le tshepo ya gore ga a kake a ntsenya dingalo ka re ne re le tse di ntshanang se inong. Ka bomadimabe e ne yare fa ngwaga  wa 2014 o simolola monna yo a ikela badimong a sa lwala le fa ele go supa bokoa golo gongwe. Jaanong ka ke sena sesupo sepe ba ga bone ga ba dumalane le se ke se buang ka ebile ba setse ba simolotse go lwela boswa. Motho yo o neng a ka ntshupela ke mosadi wa gagwe ka ke ene a itseng gore re ne re dirisana jang. Mme ka madi e le saatane ebile a kgaoganya ditsala, mosadi yo o kare ke mmaba mo go ene ebile wa nkila a re ke ka tswa e le nna ke bolaileng monna wa gagwe  fela ka gore ke batla madi ame. Pelo yame e botlhoko mo e leng gore ke ne ka tlelwa ke dikakanyo tsa go ya go ganyaola mosadi yo ka selepe ka a ntenne go feta selekanyo. Ke a ikotlhaa gore a mme 30 tousane wame o ka tsamaya motlhofo fela jaana, a ko o nthuse mmamalome! KARABO - Setlogolo, Bothata jwa kgang ya gago ke gore ga go na mokwalo ope kana bosupi jwa gore moswi o ne a go kolota, ka jalo tharabololo ga e na go nna motlhofo. Ikopanye le ba lekgotla kana ba molao gore ba go ga kolole gore fa go ntse jalo tsela o ka tsaa efe, kana go ga kolola gore o senke eng se se ka nnang bosupi jwa gore o adimile moswi madi.  

read more

Concerned Boyfriend

25 March, 2014

Ke tshaba go bolelela mokapelo gore ke nwa diritibatsi Ke rre wa dingwaga tse di masome a mane mme ke mo lenaneong la diritibatsi. Ke tshaba go bolelela mokapelo wame ka seemo same ka ke tshaba gore o tla a ntlogela. Fa mmenyana yo a nketetse ke emela gore a thulamele e be e le gone ke kgonang go ya go di nwa kana ke tsoga phakela a santse a robetse ke dira e kare ke ya go tlhapa meno. Fa e le nna ke mo etetseng go nna thata ka gore gantsi ke batla go goroga a ise a boe kwa tirong e be ke ya go epela dipilisi tsame kwa tshingwaneng ya merogo. Ke bona sebaka sa go di nwa fela fa a ile tirong kana ke tlamega go kubugela kwa tshingwaneng ke re ke ya go nosetsa. Kgang e e mpheletsa masole a mmele, thusa Mmamalome. Concerned Boyfriend Setlogolo, nngwe ya dilo tse di botlhokwa mo loratong kana lenyalo ke boammaruri. O tshwanetse go bolelelea mokapelo wa gago nnete, mme ebile o bo o mo fe sebaka sa go ikakanya gore a o batla go tswelela ka go ratana le wena. Ga go na jaaka le ka tshela sentle mmogo le sa itsisane nnete ka matshelo a lona. Mme gape ke molato go tlhakanela dikobo le motho mme o sa mmolelela ka botsogo jwa gago.

read more

Joseph

25 March, 2014

She seems to be avoiding me    Around the end of last year I was introduced to this girl and we hit it off quite well on a date. To cut the story short we began to see each other when she had time and it was all going really well, although she seemed really shy. However I guess she had a busy schedule, and one day she told me that we couldn't be go out anymore. It’s kind of hard to be honest. I genuinely don't like many people out there, so while I was looking for the next cool girl out there I decided that I still really want to be friends with this one. Because, well, she's just a cool girl and I think it would be nice. So as of late we have been texting up a storm and been making plans to hang out every now and then, except well. Every time she is supposed to come over something "pops up" and she can't make it. She claims its just bad luck and "nothing is up" but come on. This has happened so many times, that of course I'm gonna question it. The final straw for me was on Valentine’s Day. I went to eat out and I realized that her job was quite close by. I texted her, asking about her lunch break and proposed that maybe we could go grab something to eat for one of these days. And I never received anything. She rarely takes this long to respond. Can you explain to me what might be going on? Joseph Gaborone Setlogolo, sometimes people are not direct in showing their lack of interest in a relationship. Such people will try other tactics to show the other person that they do not want to be with them. Such tactics may include ignoring calls or messages sent to them. I suggest you send a message asking her to meet with you to discuss the issue, if she ignores your message I suggest you take it as a sign that she is really not interested and you should then move on.

read more

Anonymous in Gaborone

25 March, 2014

Ke palelwa ke go mo itshwarela Ke palelwa ke go itshwarela rraagwe ngwanake morago ga go ntshotlaka ka lobaka. E ne ya re ka ngwaga wa 2007 ra tshola ngwana wa mosimanyana. Pele ke tshola ngwana yo, ke ne ke nna ke latelwa ke basetsana ba re ke ba tseetse mosimane ntswa nna a ne a mpoleletse gore ga a na mokapelo. Ke ne ka mo itshwarela makgetlho a le mmalwa mme phelelong ka mo tlogela ka a ne a le kgatlhanong le go dirisa sekausu a re se direletswe batho ba ba tsietsanang. Nna ga ke nwe bojalwa mme rraagwe ngwanake o ne a nwa ebile a goga motsoko e be e re morago a bo a batla ke robala le ene. O kile a nkimisa makgetlho a le mabedi e be e re morago a mpatleletsa go senya boimana. Tse tsotlhe tse a di ntirileng di santse di nkhupeditse, ke mo ila mo ke mo eleletsang loso. Ke na le kgotlhang ya dikakanyo e e nketefaletsang go ka tswelela ke ratana. Anonymous Gaborone Setlogolo, rre yoo o go itshupeditse gore ke motho yoo ntseng jang. Ipotse gore a o batla go tshela le motho wa boitshwaro jo bo ntseng jalo, yo o go sotlang go le kalo. Ga go na mosola go itshokela dilo tse di ntseng jalo, mme ebile ngwana wa lona o tlhoka go godisiwa mo lwapeng le le nang le boitumelo le lerato.

read more

Kgalalelo

25 March, 2014

I can’t find a job, what should I do? I am a thirty year old woman and I live in Mmaphashalala. I graduated five years back in Bachelors of Marketing and I lost my job three years ago after the company I was working for closed. I have been job hunting ever since, been to career fairs, applied for jobs and registered with different sites and still haven’t found anything. Where I live it's really hard to find a job, I don't know what to do and what worries me most is that I have bills to pay. I have been called for interviews and none has been fruitful. I am really frustrated that I might become unemployable and no one will ever be interested in hiring me. Mmamalome I am desperate, what can I do? Kgalalelo Mmaphashalala Setlogolo, I understand your pain. Finding employment is quite hard. However we must not only look for jobs as someone’s employee. There are programmes that government has set up to help people create jobs for themselves and others. Such include CEDA, Young Farmers Fund and other youth empowerment schemes. I suggest you contact the nearest youth office to enquire about such programmes. Also register yourself with agencies that help graduates to find employment.

read more

Keitekanetse Mundambeli Siphitiphiti

25 March, 2014

Ke neetswe setsha mo letlotleng la motho Ke mosimane wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe. Ke kwala jaana ke robetse ka ntho e tshologa madi ka e rile ka ngwaga wa 2010 ka abelwa setsha sa Lay-out mo Tutume. Ke tshwenyegile jaana ka gore e rile ke se abelwa ka tsenya dipale ka bo ka neelwa setlankana. E ne ya re morago ke re ke ya go teratela ka fitlhela go epetswe dipale tse dingwe tsaaka tse tharo di le kwa ntle e nngwe e le mo teng ebile go teratetswe. Ka bona go le maleba gore ke bone ba kabo ditsha ba Tutume mme ba nthaya ba re ke batle motho wa teng. Ke ile ka mmatla ka mmona mme ka mo itsise gore o batliwa ke ba kabo ditsha mabapi le setsha. Phetolo ya gagwe ya nna gore ya ko bathong bao o re ba go diretse phoso o ba reye ba go fe setsha se sele. E rile ke ya kwa go bone ba kabo ditsha ba nthaya ba re ke kwale lokwalo la go supa gore ke a ngongorega. Ke ne ka kwala mokwalo wa ngongora mme morago ba dira di copy tsa setankana le omang ba di pataganya le lokwalo la ngongorego ba bo ba nthaya ba re ba tla a nkwalela mme fa ke bona ba le maoto a tshupa ka ba latela. Ke ne ka seka ka lapa pelo ka go ba sala morago mme ditlhako di fedile sola mme ga go nko e e tswang lamina. Ke dire jang Mmamalome? Keitekanetse Mundambeli Siphitiphiti Maitengwe   Setlogolo, ke maswabi ka se se go diragaletseng, mme ke go akgolela go bo o sa ipona tsapa ka kgang e ya gago. “Motswana are Moseka phofu ya ga ga bo ga a swe lentswe”, ka jalo ke go gakolola go ikopanya le ba lephata la ditsha le matlo (Ministry of Lands and Housing) kana ba ofisi ya Land Tribunal.

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%