Tsano
04 July, 2014
Modimo o ntimile Mmalome ke lekawana le dingwaga di masome mabedi le bongwe,ke nna mo mmadinare. Ke tshwenngwa ke size ya bonna jame,ke akanya gonwa melemo ya bo re a itse? ke a sokola tota nthusa Tsano Setlogolo Ke maswabi ka go utlwa ka mathata a gago. Setlogolo, go thata gore ke go gakolole ka go o bo o sa ala kgang ya gago sentle. O ka bo o lekile go mpha lesedi la gore a o na le makoa mangwe a o tshelang ka one le seemo sa bokete jwa mmele wa gago. Dipatlisiso di supa fa bontsi jwa bomme le borre ba dumela fa selekanyo sa bonna se le botlhokwa fela thata mo go tsa tlhakanelo dikobo. Ka jalo, borre ba ba tseelang gore selekanyo sa bonna jwa bone se sennye ba na le go itseela kwa tlase mo go ka felelang go ama seriti sa bone. E re ntswa borre bangwe go bolelwa fa ba dumela gore go oketsa selekanyo sa bonna jwa bone go tlisa boitumelo mo go bone, go dira se ga go motlhofo. Le lone loaro tota la go leka go godisa bonna go supa fa le sa bereke, ke ka moo gantsi le dirwang ke dingaka tse di ikemetsen mme ebile go le turu. O ka bona thuso motlhofo fa o na le bothata jo ka sekgoa bo bidiwang micropenises. Ka ke bona o tshwenyegile thata ka seemo se, ke kgatlhanong le tiriso ya melemo ya boreaitse. Ikopanye le mogakolodi wa bong (Psycho-sexual therapist) a go sidile maikutlo pele. Fela jaaka ke setse ke boletse, borre ba ba nang le bonna jo go dumelwang bo le bonnye (micropenises) ba ka kgona go dira loaro. Ke ka go gakolola gore fa e le gore bonna jwa gago bo ka fa tlase ga disenthimethara tse supa fa bo eme le fa bo sa ema, kopa ngaka a go kopele go bona ngaka yo o ithutetseng go tlhatlhoba le go alafa malwetsi a a amanang le tsa lela la motlhapo le dirwe tsa tsholo (urologist). Setlogolo, gape o ka ikgolaganya le ba dikokelwana tsa borre di tshwana le Mens Clinic mo Gaborone.
read more








                    
                    
