Mmamalome

Tshepo

23 December, 2013

Ke tlhoka yo o ka ntlhokomelelang ngwana ke feleletsa dithuto Mma Malome Ke mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone. Mma Malome ke kwala jaana ke le mo kutlobotlhokong ka ke ne ka tlhoka lesego ka tshola ngwana yo o bokoa ngwaga tse pedi tse di fetileng. Ke thusiwa ke mme yo le ene a batlileng motho yo o tla a nnang a sala le ngwana fa ke le kwa sekolong ka ene a santse a bereka. Mathata ke gore fa mme yo o salang le ngwana a seo ka mafelo a beke ke tlhoka yo o nthusang ngwana. Fa ke dira tiro ya sekolo  ke bo ke kopa mme o nthaya are ene bana ba gagwe ba godile gape ga se ene a rileng ke nne le ngwana. Ke kwala jaana ke kile ka ya go kopa thuso kwa lefelong lengwe kwa bana-le- bogole ba tlhokomelwang teng. Ba re ba ka se mo tsee ka a sale monnye. Ke kopa thuso mo go lona ya gore ke ka bona kae lefelo le eleng gore ba ka mo  ntlhokomelela go fitlhela ke fetsa dithuto tsame ngwaga o o tlang. Tshepo Setlogolo, Go nna le ngwana ke boikarabelo jo bo tona segolo bogolo fa ngwana a na le bogole. Maikarabelo a go go disa ngwana a mo go mmangwana le rrangwana ka jalo mme mmaago ga a tlamege go go thusa go tlhokomela ngwana. Lebogela thuso e a go e fang ka go go hirela motlhokomedi wa ngwana. Le fa go ntse jalo buisana le mme mmaago le ba masika go bona gore a ga gona thuso e nngwe e ba ka go e fang mabapi le go tlhokomela ngwana ka mafelo a beke. Mo godimo ga moo o ka ikopanya le bo mmaboipelego go go thusa go batla mafelo a mangwe a a tlhokomelang bana ba ba nang le bogole. BOKHUTLO

read more

KB Ramasu, Serowe

23 December, 2013

Re batliseng Abraham Lechaena Batswana betsho! Ke ikuela mo go lona ke batla thuso.E ne ya re ka ngwaga wa 1991 malomaarona,Abraham Lechaena a inaa naga.Dintsho tsa masika le manyalo a ditlogolo tsa gagwe a diragala a seyo. Fa re ntse re botsa batho,bangwe ba bolela fa a nna ntlheng tsa Boteti,bangwe ba re Molepolole mme bangwe bare Serule. Bagaetsho yo itseng kwa malome a leng teng re leletse mo (+267) 73 066 928, 76 377 335 le (+27) 71 707 0981. KB Ramasu Serowe Setlogolo, ke tlhaloganya matshwenyego a gago le ba lwapa la gago. A re solofele gore babadi ba tla go thusa go batla malomaalona. BOKHUTLO

read more

Setlogolo, Via email

23 December, 2013

Nna le morwadiake re imisitswe ke mokapelo wame Mmamalome Ke mme wa dingwaga di le masome a mane le botlhano mme ke setse ke na le ngwaga di ka nna lesome  le bone ke tlhadile. Ke na le bana ba basetsana ba le bane mme ka tota ba setse ba godile ke ne ka iponela moeka. Ka lorato le kgona go tsietsa, ke ne ka seka ka nna le bothata jwa gore rre yo a nne a tla lwapeng. Ke ne ka mo fa le dilotlolo tsa ntlo ka tota le bongwanake ba ne ba tlhaloganya gore ke tlhoka yo o ka nnang a nketsha bodutu. O ne a nna a tla nako e a e batlang ka ke ne ke dumela gore barwadiake ba mo tsaya jaaka rraabone. Ke tswa go thanya lo le tsebeng mmamalome ke lemoga fa monna yo a robetse le bongwanake botlhe ebile fa wa ntlha a imile. Sebe sa phiri ke gore le nna ke mo mmeleng. Ke mo bohutsaneng ka monna yo o tlholegang kwa Malawi a tsene ka lenga la seloko mme jaanong bongwanake ba mphatlaletse ke setse ke le esi. Tota ke a go bolelela batho jang gore nna le ngwanake re imisitswe ke monna a le mongwe yo ebile mo nakong e ke sa itse kwa a le teng? Mmamalome ke dire jang?   Setlogolo, Via email Setlogolo,  Ka nnete kgang e e utlwisa botlhoko ebile e tlhabisa ditlhong. Mme ga o a  tlhalosa gore bana ba gago ba dingwaga tse kae. Ka jalo go nna bokete gore ke kgone go go fa kgakololo e e maleba. Ke go gakolola gore o ikopanye le mmaboipelego gore a tle a gakolole gore tsela o tsee efe. Se rre yoo a se dirileng ga se a tshwanela go go kgaoganya le bana ba gago. Go botlhokwa gore wena le bana ba gago le kopane go bua ka kgang e.  BOKHUTLO

read more

Eva in Lobatse

23 December, 2013

Ke na le mathata a go tsietsa le go bua maaka Mmamalome Ke batla go bua nnete mmamalome ka tsholofelo ya gore o tla a nkgakola o sa nkgale o lebeletse ditiro tsame. Ke lekgarebe la ngwaga di le masome a mararo mme ke na le bothata jwa go tsietsa ntswa ke kgona go bona gore mokapelo wame o a bo a ipheditse.  Ke na le dingwaga di le thataro ke le mo kgolaganong le rre mongwe mme mo kgweding e e fetileng ke mo tsieditse go ka nna gararo le borre ba ba farologanyeng. Se se nkutlwisitseng botlhoko le go feta ke gore maloba mongwe wa basimane ba ditsala tsame o ne a nketetse mme ra felela re dirile sengwe. Ke dirile se mokapelo wame a ile kwa ga bone mme malatsi a ga ke sa tlhole ke mo rata jaaka pele ebile ke bona e kare ga a sa tlhole a le montle jaaka pele. Ke na le bothata tota, go motlhofo gore ke bone basimane mme sebe sa phiri ke gore ke palelwa ke gore nnyaya. Ke kopa thuso. Gape ga ke itewe ke letswalo fa ke dira jaana, godimo ga moo ke bo ke nna maaka, eseng maakanyana, maaka tota.     Eva, Lobatse  Setlogolo, Kgato ya ntlha ebile e le ya botlhokwa ya go rarabolola mathatata ke go lemoga fa o nale bothata. Ke go akgolela seo gammogo le go nna le keletso ya go a rarabololola. Go tsietsa mokapelo go ka go tlela ka ditlamorago tse di seng monate ka o ka iphitlhela o le nosi, o kgaogane le motho yo o neng le ka tsoga le aga motse mmogo. Bodiphatsa jo bongwe ke go tsenwa ke malwetsi a dikobo go balelwa le HIV le kgonafalo ya go a anamisa. Jaanong ke go gakolola go tsaa maikarabelo a go emisa mokgwa wa go tsietsa. O ka ikopanya le mma boipelego go go thusa go lebisisa mabaka a a dirang gore o tsietse le go go thusa gore o dire jang go emisa mokgwa o. ENDS

read more

Distressed mother

23 December, 2013

A re o batla ngwana Mmamalome Mmamalome ke kopa thuso go wena. Ke na le ngwana wa mosetsana yo o dingwaga di lesome le boraro. Ke sale ke tshola ngwana yo mme rraagwe ga a ise a nthuse ka sepe mo kgodisong ya gagwe .Gompieno a re o batla ngwana. Go a tle go tweng fa go ntse jalo?  Distressed mother Lobatse Setlogolo, Kgang ya ga go e bokete e le ruri. Ga o a tlhalosa gore a rraagwe ngwana o batla go tsaa ngwana ka na o batla go mmona. Le ha gontse jalo, ke go gakolola gore o ikopanye le mma boipelego ka na ba molao gore ba tle ba go thuse go rarabolola kgang ya gago.

read more

Boikago Gosenyamang

23 December, 2013

Having problem with my ex-girlfriend Mmamalome I was still loving this girl and totally she do not answer my calls. I have tried to sms and still it is the same. What can i do when the situation is like this because i really love this girl. Boikago Gosenyamang Setlogolo, I am sorry to hear that your relationship with your girlfriend has failed. However, I think by ignoring your calls she wants to send a message that she no longer wants to be in a relationship with you. I think it is better you move on with your life. Hanging on to her will not only cause you more heartache, but will also waste your time. You will meet a girl whom you will love and she will return your affection. ENDS

read more

Maololo, Via Mail

07 November, 2013

A ke bolelele mama gore papa o robetse lenna? MMAMALOME,Ke na le dingwaga di le masome a mabedi. Papa o kile a nkitaa a bo a nkgolafatsa a bo a isiwa toronkong. Mama ke fa a nna a nkomanya a re ke nna ke dirileng gore papa a ye toronkong. Erile morago ga ngwaga tse pedi papa a bo a gololwa a boela lwapeng. O nna fela a le bogale mo go nna ebile o simolotse go mpetelela. Ke tshaba go bolelela mama mo ke setseng ke akanya go itseela botshelo. Ke dire jang? KARABO Setlogolo, Ke maswabi ka se se go diragaletseng mme ebile ke swabisiwa ke gore mme mmaago o itebatsa Setswana se se reng “ mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng”. Jaaka motsadi wa ga go, maikarabelo a pabalaesego ya ga go a mo magetleng a gagwe mme go a swabisa go bona gore o beile lenyalo kwa pele ga dikeletso tsa bana ba gagwe. Se se go diragaletseng ga se se se ka itlhokomolosiwang. Go itseela botshelo ga se tharabololo ya mathata. Ke go gakolola go begela masika kana ba boipelego ba tle ba go thuse go bona tharabololo ya mathata a gago.,

read more

Fidah, SEFHARE

07 November, 2013

A mme ke ka thola ke mo tshephile mo botshelong? MMAMALOME, Ke mme wa dingwaga tse di masome a mararo, ene ya re ngwaga tse pedi tse di fetileng ka ntshediwa bogadi, leina le lone la kopiwa mme ba le neelwa ka lone letsatsi la bogadi. Kgang ya nyalo e ne ya ema e ntse jaana go fitlha mo nakong ya gompieno. Rre yo o ne a direla kwa moepong wa Phikwe, kgwedi e fela ke sa itse gore o dira eng ka madi, ke sa itse le gone gore o amogela bokae le gone ka di kae, ke ne ke bona ka polasetiki ya diaparo, a bo a tsena mo ntlung  a tlhapa a bo a tswa a apere sentle. Nna ke ne ke nna kwa gae nako e ntsi ka go ne go lebega fa a sa batle ke nna mo tlase ga gagwe. Fa ke mmolelela gore ke batla go mo etela a bo a mpolelela gore o tabogela golo gongwe o tla mpolelela fa a boa. Dinako tse dingwe ke ne ke emelela maikaelelo e le gore o tla mphitlhela nako e a boang mme e ne ya re ke mmolelela gore ke mo lwapeng a bo a mpotsa gore ke mang yo o rileng ke tle kwa ntlung ya gagwe mme ka tshwanelwa ke go boela kwa gae. Rre yo o ne a tsena kereke, ke fa e tla re nako nngwe ke mo etetse a bo a re ke fete ke mo tsaya ko kerekeng, ka boammaaruri ka fologa fa kerekeng ya bone. Fa a tla kwa go nna o tla a pegile mme mongwe le ngwana, ka bapa le ene sentle mme ba feta ba mpaya fa lwapeng ba bo ba feta. Gape o ne a sa batle gore ke ka ya le ene kwa kerekeng ya gagwe. Malatsi a feta ka go tlhomagana ke ntse ke babalelwa. Re ne re dirisa leterase le le pompiwang, nako nngwe ke fitlhela le phofile mme morago mme yo a neng a mo pegile a nteletsa a nthaya a re ke botse monna wame gore leterase le phofisitswe ke eng! Fa wa rre a goroga ka mmegela kgang a bo a khutshwafatsa kgang are ene nne a tlotlela wa mmenyana gore leterase la gagwe le phofile o batla go reka bolao. Kutlobothoko, mahutsana, mme yo o ntatetse straight mo ntung ya ga rre yo a bua ka fa ke mo rogileng ka teng ka dinomore tse di farologanyeng, morago ke fa ke tsewa ke mapodisi ke ya go lala ko kgolegelong. Morago ka tlhaselwa ke mme wa moimana yo e rileng fa re mo latetse  ka o ne a mo itatola, mme yole a tlhalosa fa rre yo a mmatile a le 5 months, ebile ene one a senke a bona sepe se se supang fa rre yo a na le mosadi, go ne go supagala gore diaparo tsame o a di fitha a bo a ntsha dinepe ka ke ne ke te ke nne ke gakgamalele ka fa di beilweng fa ke goroga. Fa ke bua jaana o na le ngwaga tse pedi are o berekela ko Maun, le gone jaana o gana a latola gore nka ya teng, ebile a re o na le ministry o ke ipotsang gore a mme o kgona go o etelela le gone o ruta batho eng, o tetse lefatshe jaaka letsatsi. Moono wa kgang ke gore ke kopa thuso gore ke dire jang ka ene ka tota ke bona e le motho yo o sa thwaafalelang nyalo ebile a sa e thomphe gape a sa batle go itirela sepe mo isagong gape o ithobogisitse le bagaetsho ka ditiro tse a di dirang. KARABO Setlogolo, Rre yoo o go itshupeditse fa a sena boammaaruri ebile a sena sepe le wena. Bolelela batsadi ka tshotle tse rre yo a di dirang mme botsadi ka bobedi bo ka kopana ga tsewa kgato. Ga go na mosola go nna le motho mme ene a sena sepe le wena. Mme gape ke go gakolola go ikemela ka dinao go itshetsa.

read more

Mmaagwe Lolo, GABORONE

07 November, 2013

How can I get over my ex-boyfriend? MMAMALOME,  I am a young girl aged 25 years and I have been dating a guy and we have a three-year old daughter. He broke up with me recently, and ever since I can’t stop thinking about him and the things we used to do. What really frustrates me is that my daughter always calls his name and I don’t know how to explain to her because she is too young to understand. I really want to forget him and move on with my life but I can’t for some reason. How can I get over him mma malome? KARABO Setlogolo, it is not clear if your ex-boyfriend has stopped checking on his daughter and providing for her. It is very important that the child knows and is in contact with her father unless the father has totally abandoned her in which case you can only make him pay child maintenance. As for you and the father, it will only do you good if you accept that is over between the two of you and move on with your life. Hanging on to a failed relationship is not good for everyone involved. I suggest you have a chat with your ex-boyfriend and discuss the way forward regarding child visits and support.

read more

Expecting father, GHETTO

07 November, 2013

My girlfriend is a total control freak! MMAMALOME, I am a young man and I live in Francistown. I am in love with a tertiary student and its now three years. In the beginning all was smooth but of recent, she started to monitor my cellphone and Facebook account. She would scroll down all the names and I would be forced to explain how I am related to every individual who appears on my fb friend list or cellphone. She always wants to know my whereabouts and would constantly text or call and if I don’t respond in time she would get furious. Honestly mma malome, I have never cheated on her nor did anything slightly unfaithful to her, but she got jealous and mad at my female colleagues from time to time. If it’s not because she accidentally got pregnant by me, I would say goodbye to her anytime, and now I really don’t know what to do. This relationship is going nowhere and I’m at the edge of breaking down. Please help. KARABO Setlogolo, trust in a relationship is very important and without it the relationship is doomed to fail. You and your girlfriend need to sit down and discuss the problem and establish its cause. Maybe she has been cheated before, maybe she has discovered something which gave her an impression that you might be unfaithful or maybe it is the pregnancy that is making her feel unattractive and insecure. Having a discussion will hopefully help you get to the root of the problem and help to find a solution. I think you need to make an effort to solve the problem not only for the two of you but also for the sake of the baby.  

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%