Mmamalome

Anonymous, Francistown

20 June, 2013

Ke senyegetswe ke sena go ketekwa Ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le boraro. Ke ne ke itsholofetse ke le kgwedi tse thataro mme ka senyegelwa morago ga go ketekwa ke mokapelo wa me yo o ngwaga di masome matlhano. Mokapelo wa me Ben yo ke nang le ngwaga tse some ke le mo loratong le ene o ne a ya maitisong a bo a tla makuku. Fela fa a tsena, ke fa a simolola go raga lebati a re ke bule a bolae ntsa e e mo tlung ya gagwe. Fa ke bula ke fa a nketeka mo e neng ya re fa tsatsi le phirima ke bo ke senyegelwa. Ka e ne ya re go thanya mo bojalweng a bona ke golafetse, o ne a seka a nkisa kokelong ka a ne a bona gore o ka ya kgolegelong. O ne a ntseela mogala wa letheka, a ntotlelela mo tlung a bo a ya go bitsa rakgadiagwe wa ngaka ya setso. Ke ne ka fudusediwa kwa go ene kwa Gerald kwa ntle ga kitso ya batsadi ba me mme ka fitlha  ka nosiwa melemo ya setso go fitlhela ke siama. Ben o ne a kopa maitshwarelo a re o ne a dirwa ke bojalwa e bile a aketsa batsadi ba me a re ga a itse se se ka tswang se bakile gore ke senyegelwe. Mmamalome tsela pedi ke tseye efe? A ke bolelele batsadi ba re agisanye kana ke mo tlalee kwa mapodising. KARABO: Setlogolo,ke maswabi ka se se go diragaletseng. Rre yo o o itshupile gore ke motho yo o ntseng jang. Mme kana Setswana sa re phokoje ga a ke a latlha moseselo. Le fa le ka agisanngwa, rre yo o ka nna a boa gape a go dira sengwe se se bosula. Lorato ga le kgokgontshe. Ke go gakolola gore o bolelele batsadi ba gago nnete, mme o bo o ipotse gore a o ka kgona go tswelela o tshela le rre yoo. O ka ikopanya le ba bogakolodi go go thusa go leba kgang e, le go go thusa go go sidila maikutlo mabapi le tatlhegelo ya lesea.    

read more

By email, Lobatse

31 May, 2013

A ke dumele a nnyala? MMAMALOME Ke mme wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano wa kwa Peleng. Ka bomadimabe mmamalome ke timilwe thari. Ke setse ke tlogetswe ke borre ba ka nna bararo ba botlhe ba neng ba ikemiseditse go nnyala mme se se paledisitswe ke gore ga ke kgone go ima. Ditlhatlhobo tsa bongaka di netefaditse fa ke ka se nne le ngwana gotlhelele. Morago ga go nna ngwaga tse pedi ke itlhobogile, ke bone rre mongwe mme le ene fela jalo a re o batla go nyala. Ke tshaba go mmolelela ka seemo ka gongwe le ene o tloga a tsena ka lenga la seloko. Ditsala tsa me di nkgakolola gore ke ye kwa ga Moporofiti TB Joshua mme ke tshaba gore ke tlaa mo laela ke re ke ya go dirang teng, fa ke ka kgona go tsamaya e be go tla go pala ke tsile go dira jang. A ke dumele a nnyale a sa itse mathata a me kana ke tswe ka maano a go ya go bona moruti pele? SETLOGOLO Sengwe sa dilo tse di bakang go thubega ga manyalo ke diphiri. Ke go gakolola gore o nne fa fatshe le mokapelo wa gago o mmolelele nnete, o bo o mo fe sebaka sa gore a ikakanye gore a o ntse o batla go tswelela le go nyala. Go batla thuso kwa baruting kana kae fela ga go na molato mme bolelela mokapelo nnete.

read more

Rraagwe Boago, Serowe

31 May, 2013

BoFacebook ba ntshenyetsa bokamoso jwa ngwana Mmamalome, dilo tse tsa segompieno tsa boFacebook, My Space, Twitter le bo Whats Up di sentse bokamoso jwa ga ngwanake ka jaana a lebetse gotlhelele ka tiro ya sekole. Dilo tse o di simolotse ngogola fela fa a simolola mophato wa ntlha. Tiro ya gagwe e ne ya wela tlase, mme ka mosetsanyana wa teng a le bofitlha go tsere nako gore re lemoge gore matsapa di a tsaya kae. Bomogolwe ka le bone ba na le boitemogelo jwa bone boFacebook bao, ba ne ba lemoga fa a nna fela a le mo go tsone dilo tse tsa ditsala le nako e dithuto di a bong di tsweletse. Se se ngomolang pelo ke gore le mogala wa letheka ga ke a o mo rekela. Ke lekile go bua le setlogolo sa gago mo ke setseng ke tsholeditse diatla. Ke solofela fa kgakololo ya gago e le yone e tlaa ntswang thuso ka go lebega barutabana ba reteletswe. SETLOGOLO Ke nnete gore ditlhabololo di tla le dingwe tse di sa siamang. BoFacebook le tse dingwe ke dilo tse di diretsweng go tokafatsa go tlhaeletsana le ba bangwe. Go botlhokwa gore bana ba rutwe thata ka bodiphatsa jwa go senya nako e ntsi mo go tsone, gammogo le go ba ruta ka gore boFacebook ba siametse go dirisiwa eng. Bana ba ka rutwa gore Facebook e ka dirisiwa go buisana ka dilo tsa sekole le go thusana tiro ya sekole. Gape ke gakolola gore bana ba tshwanetse go letlelewa go dirisa mogala fela ba le mo lapeng. O tshwanetse go tsaya megala mo ngwaneng, o bo o o mo neela sekole se tswa.

read more

Onneile Gaborone

31 May, 2013

MMAMALOME Ke mosetsana wa dingwaga di le lesome le bosupa ke dikile ke dira mophato wa botlhano. Ke nna mo Gaborone le mama fa daddy ene a direla kwa moepong wa Orapa. Fela fa daddy a se yo, mama ga a nne mo lwapeng o tsaya nako e ntsi kwa ditsaleng tsa gagwe. Se se nkutlwisang botlhoko ke gore mama o nna a dropiwa kwa lwapeng ke borre ba ba farologanyeng mme ga a nke a supa a tlhajwa ke kgala ka o a bo a iphetisitse nno tagi. Jaanong ke nna ke rweleng boikarabelo jwa go tlhokomela bonnake ba babedi ba basimanyana mme se se dirile gore maduo a me a wele tlase. Mmamalome, nna le bonnake re tshaba go bolelela daddy ka gore fa batsadi ba rona ba ka kgaogana re ka felela re sotlega gongwe daddy a utlwile botlhoko a bo a tloga a dira mama sengwe se se sa siamang. SETLOGOLO Setlogolo, ke utlwa botlhoko gore o iphitlhela o rwele maikarabelo a matona ao. O sale ngwana, ga o ise o lekane go rwala maikarabelo a go godisa bana le fa e le one a go boloka lenyalo la batsadi ba gago. Mme ke go gakolola gore o bue le mongwe wa lesika kana mma boipelego gore ba go thuse kgang ya gago.

read more

KE TSHWENNGWA KE LETIMONE LA BOJALWA

04 April, 2013

  MMAMALOME Ke rre wa dingwaga tse masome mabedi le botlhano wa Masunga. Ke gone ke neng ke sa tswa go thapiwa. Mathata a me ke gore ke nwa bojalwa thata gotlhe le fa gare ga beke tota jaanong sebe sa phiri ke gore bo ama boleng jwa maduo ame. Ke nna ke otsela ke sa kgone go wetsa tiro ka nako e e beilweng, jaanong ke tshogetse gore le bagolwane bame ba tla a felela ba lemogile se. Ke kopa kgakololo gore ke ka dira jang gore ke fokotse go nwa ka go tlogela go le thata. Anonymous, Gaborone   SETLOGOLO, Ke a go akgola mo go boneng tiro ga gago. Ke go akgolela gore o itemogile gore o na le mathata mme ebile o tshwenyegile. Bontsi jwa banwi ga ba lemoge fa ba na le mathata a go iphetisa dino-tagi. Jaanong ka ke foo o itemogile ebile o itse bodiphatsa jwa se o se dirang, tsaya kgato. Malatsi ano lefatshe le kwakwaletse, fa e ka go tswa ka phatlha tsa menwana tiro eo o ka nna wa seka wa tlhola o bona e nngwe. Akofa o ikopanye le bagakolodi (counselers) ba tlaa go thusa go bona ba ba itseng go kgwisa motho bojalwa. 

read more

KE KA ITSE JANG GORE O A NTHATA!

04 April, 2013

  MMAMALOME Ke kwala jaana ka pelo e e rothang kgodu e khibidu ka ke nna ke tshamekisiwa ke bakapelo. Ke kgarejwana ya dingwaga tse masome mararo mme ke na le bana ba le babedi. Rraagwe ngwanake wa ntlha o ne a ntlogela ke itsholofetse morago ga gore re nne mmogo ngwaga tse tlhano. O ne a simolola go fetola boitshwaro jwa gagwe, a sa tlhole a nteletsa jaaka pele le fa e le go baya lonao kwa ga me. Rraagwe ngwanake wa bobedi o ne a ntlogela ngogola mme a seka a mpha mabaka ape. Mo sebakeng se, ke tlelwa ke dikakanyo tsa go ipolaya ka borre ba ka bobedi ba ntirisitse ebile ba ntietse nako. Ke ipotsa gore ke tlaa tlhola ke bonwa e mang ka bana ba babedi. Ke setse ke na le kilo mo bathong ba borre ebile ke ipotsa gore fa mongwe a ka nna le keletso ya go tshedisanya le nna ke tlaa itse jang gore a o a nthata? Sarah, Mathangwane   SETLOGOLO, Amogela gore banna bao ka bobedi ke batho ba ba se nang boikarabelo. Itebaganye le go godisa bana ba gago. Maitshwaro a banna bao ga se sesupo sa gore banna botlhe ba ntse jalo, jaanong ga go tlhokafale gore o ile sengwe le sengwe se se tsweleng borokwe. Nako nngwe o tlaa kopana le monna yo o tlaa go ratang ga mmogo le bana ba gago.

read more

GA A TLHOKOMELE NGWANA

04 April, 2013

  MMAMALOME Rraagwe ngwanake ga a nthuse go tlhokomela ngwana. E setse e le ngwaga mme ga a itse gore a ngwana o tshwanetse go ja, go apara le go tlhapa. Nna ke tsena sekole jaanong madinyana a itshetso a ke a bonang kwa sekoleng ga a a lekana go tlhokomela ngwana. Ke tshabile go ya kwa ga molaodi ka lebaka la gore ke na le tumelo ya gore o ka nna a mpolaela ngwana fa nka mo pateletsa go mo tlhokomela. Ke kopa thuso ya gago. By email SETLOGOLO Ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tlhokomelwa ke batsadi ba gagwe ka bobedi. O tshwanetse go ema ka dinao go bona gore ngwana wa gago o bona tsotlhe tse di mo tshwanetseng. Ikopanye le rraagwe ngwana mme o mo tlhalosetse gore o tlhoka thuso ya gagwe go godisa ngwana wa lona. Fa a tswelela a itlhokomolosa maikarabelo a gagwe o ikopanye le ba ga molaodi gore ba go thuse kgang e.

read more

GA A MPATLE MO LAPENG

04 April, 2013

  MMAMALOME Ke mosimane wa dingwaga tse lesome le bosupa, ke dira mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Swaneng. Ga ke tshele sentle kwa lwapeng ka rre yo o nyetseng mme a sa mpatle ka go bo ke se ngwana wa gagwe. O bogale mo go nna, mo ke kgonang go omanyediwa go tshuba lebone fa ke re ke a bala a re ke tshamekisa motlakase. Se, se ama maduo ame kwa sekoleng. Ke tshaba go bua le mama ka le ene o didimetse fela. Ga ke sa itse gore ke ka tshabela kae. Bonnie Serowe     SETLOGOLO Kgang ya gago e utwlisa botlhoko. Ikopanye le mongwe wa lesika kana morutabana wa tsa bokaedi kwa sekoleng sa gago mme o ba rolele kgang ya gago nako e sale teng ba tle ba go thuse go bona tharabololo ditlhatlhobo di ise di atamele.

read more

Thuto yame ga e ntswele mosola

06 March, 2013

  Mmamalome,  Ke mosetsana wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano. Ke neka bona kotsi ya koloi ngwaga tse pedi tse di fetileng mme ka nna le bogole mo maotong otlhe. Ke tsene kwa sekolong se se golwane mme ka fetsa dithuto tsame. Go tswa foo, ke ne ka nna ke tshwenngwa ke maoto a pala go fola sentle. Ke na le ngwaga tse pedi ke ntse ke nna mo lwapeng ka gore ke tshaba le go batla tiro ka maoto ame a nna a tshwenya. Ke tsamaya ka kolotsana ya balwetse. Ke batla go ipona ke bereka mmamalome ka gore jaanong thuto yame ga e  nthuse ka sepe. Ke ile kokelong gole makgetho a le mantsi mme ba re maoto ame a padile go fola. Bogole jo bo nkitsa go batla tiro, jaanong ke eme ka setlankana fela ga se ntswele molemo ope. Ke kopa thuso go wena mmamlome gore nka bona thuso kae, gore kgone go batla tiro ke berekise thuto yame.   Setlogolo, Setlogolo, mathata a gago ke a utlwa mme tota dikgang tsa bongaka di thata. O ka kopa thuso mo go mmaboipelego wa kgaolo ya gago o mo lekodise mathata a gago fa go tlhokafala madi a kgone a go thuse o bone dithuso tse di maleba mabapi le maoto a gago. O tshwanetse go sala ka bogole fela mme fa o bona maoto a santse a le botlhoko, go supa gore ga o ise o fole sentle ebile ga oa itekanela go ka bereka. Dingwaga di a tsamaya, o tshwanetse go itirela sengwe mo botshelong. Mmaboipelego o tlaa go thusa mme fa o kgonne go bona dingaka tse di maleba di tlaa kgona go go thusa mme o tlaa kgona go batla tiro morago ga seo, o kgone go itshetsa le wena jaaka motho mongwe le mongwe.  

read more

Ba re ba batla dilwana

06 March, 2013

  Mmamalome, Ke mme wa dingwaga tse masome a mararo le bone, ke na le bana ba le bararo. Ke ne ke nyetswe mme ka tlhokafalelwa ke monna. Morago ga leso, mmaagwe le bokgaitsadie rre yo ke neng ke tshela nae, ba ne ba simolola go ntshwenya ba re ba batla dilwana tsa gagwe. Ke lekile go bua le ba lelwapa lame gore ba nthuse mme go tshwana fela ka gore bantse ba tsweletse ba re ba batla dilwana le madi aa tlogetseng. Ke kopa thuso mo go wena mmamalome ka ga ke itse gore ke dire jang gore ba kgone go lemoga gore ke ne ke nyetswe ka fa molaong le gore se ba se dirang ga se sone. Setlogolo, Selo sa ntlha fela ga ke itse gore a one o nyetswe ka tlhakanelo dithoto. Fa e le gore o ne o le mo lenyalong la tlhakanelo dithoto, o na le tshwanelo ya go tsaya boswa jwa monna wa gago. O ka ya kwa molaong kwa kgotla tshekelong wa ya go ikuela teng. Ke gone kwa ba ka kgonang go le tshereganya teng. Fa e le gore rre wa gago one a na le mokwalo wa kabo ya dithoto (will), ke yone ee ka kgonang go supa go re le tshwanetse go kgaogana boswa jwa gagwe jang. Rre yo o mo lenyalong, ga a patelesege go tlhokomela masika a gagwe, o ka dira jalo ene ka go rata ga gagwe. Wena o le mme yoo nyetsweng ka fa molaong o na le tshwanelo ya go tsaya boswa jwa monna wa gago ka ebile le na le bana mmogo.

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%