Kebareng Meekwane - NATA
04 July, 2014
LE JAANA GA KE ISE KE BONE DITUELO TSAME
Mmamalome ke kwala jaana ka kutlobotlhoko. Ke ne ke bereka mongwe kwa Nata. E ne ke motho wa Mosetse, kwa Nata o ne a ile ka kgwebo. Ke mmerekile ka Tlhakole go fitlha ka Moranang ka ngwaga wa 2011. Ke ne ka ikuela kwa go ba tsa khiro mme a seka a tla pitsong. Ka boelela ko go ba khiro le gone a seka a iponatsa. Ba khiro ba e fetisetsa kwa Industrial court. E sekilwe ka 7/3/2014 kwa a neng a atlholwa a seyo mme morago a iponatsa. A bo a neelwa court order gore morago ga malatsi a le lesome le bone a bo a setse a ntuetse. Malatsi a ne a wela ka di 28/3/2014 mme ka tsatsi leo a bo a ya Industrial court a ba raya a re o batla kgang e e boelela. Ke kopa thuso koo go wena Mmamalome gore ke dire jang? Ke lantlha ke go kwalela ke solofela fa o tla a nthusa.
Ke le Kebareng Meekwane kana Sheki
Setlogolo
Ke tlhaloganya kgang ya gago sentle, mme o dirile sentle tota wa bega kgang ya gago ko go ba ba tshwanetseng. Kgang ya mohiri le mohiriwa e bonolo thata fa e reediwa ke ba molao ka ba itse thata se se lebanyeng, ntswa go tsaya nako. Setlogolo, se fele pelo kgang ya gago e tlaa rarabololwa o bone se se go lebaganyeng. Wena rurifatsa gore o tshwere mekwalo yotlhe e e ka thusang go nolofatsa kgang ya gago, jaaka lekwalo la fa o firwa le tsotlhe tse di tlhokafalang.










