Anonymous - GABORONE

04 July, 2014

MOKAPELO WAME O IMISITSE KE ILE BOTSETSING

Ke mme wa dingwaga tse di masome a mararo wa kwa Borolong. Ka ditiro di re posa go anama le lefatshe leno, ke ne ka iphitlhela ke direla kwa Rakops kwa ke neng ka fitlha ka iponela lekau teng ngwaga tse supa tse di fetileng. Re ne re utlwana go se tsapa lepe le fisang pelo mme yare morago ka huduga ka ya go nna le mokapelo wame yo e leng mooki. Re ne ra dumalana go dira ngwana ka ebile a ne a ntsholofeditse lenyalo. Ke ne ka ya botsetsing kwa gae mme ya re morago ga dikgwedi tse pedi ka boa go ya go ipaakanyetsa go boela tirong. Nako nngwe fela fa ke iketlile mo lwapeng, ga tla mme mongwe a itsholofetse a batla mokapelo wame. Mme yo, o ne a ntlhalosetsa fa a imisitswe ke mokapelo wame yoo mo tlhaloseditseng fa a kgaogane le nna. Mmamalome ke go kwalela jaana ke rothisetsa keledi mo loseeng lwa kgwedi tse pedi le ke le tshotseng, ebile ke feletswe ke dikakanyotsa gore ke ke dire jang ka ebile re rekile dilwana tsa mo tlung mmogo.

Anonymous, Gaborone

Setlogolo

Kgang ya gago e a ama mme kana ga gona sepe se se senang phelelo. Ke ipotsa gore a batsadi ba gago ba ne ba sa isa mafoko a tshenyo ko batsading ba mokapelo wa gago jaaka e le tsamaiso. Kana fa ele gore go ne ga salwa tsamaiso ke bone batho ba ba ka thusang mo kgang e. Gape motogolo le fa o ne o inyadisitse ke dumela gore dilwana tse o neng o di rekile o na le sesupo sa theko ya tsone. Gape ga o a tlhalosa gore a, rre yo jaanong ga a sa tlhole a go batla kana jang. Ke wena yo o ka tsayang kgato e o bonang e go siametse gore a o batla go nna le monna yo o nang le ngwana le mme o sele kana ga o kake wa kgona go tswelela le lenyalo le. Jaanong motlogolo leka go bua le botsadi o utlwe gore bone ba bona kgang e jang.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%