Benni, Ghetto

25 September, 2014

MMAMALOME: Kgang e ga ke itse ke simolole ke e ale jang ka pelo yame e hupediwa ke khutsafalo. Ke lekawana la kwa bokalaka mme ke belegwe ka ngwaga wa 1975. Ke ne ka tshola ngwana le mme wa ntlheng ya Letswapo. Ya re ke santse ke re gongwe le nna e tlaa re ngwaga mongwe ka bo ke opelelwa Se mo tseretsere senatla, owaii! A ntswa ka phatlha tsa menwana ngwana wa mosetsana go supa fa wa gagwe mogopolo a o feditse. Ka itlhoboga, ka fodisa pelo mme ngwana ene ka seka ka mo latlha. Ke nna ke mo latlhelela meloranyana, dijo le thebenyana gore a rekelwe dinatetsha molomo jaaka bana ba malwapa a mangwe. Kgwedi e e fetileng fa ke tswa go motlhola ke ne ka rothisa keledi. Ke fitlhetse ngwana a bolawa ke mopalo le matsogo a jesi tota a a jele. Se, se nkutlwisitse botlhoko thata Mmamalome ka tota ke se kobo dikhutshwane go ka palelwa ke go tlhokomela morwadiake.

KARABO: Ke tlhaloganya seemo sa gago, mme e bile ke dumalana gore se na le tlharabololo. Kana lotlhe le batsadi ba ngwana mme e bile le wena o ka tlhokomela ngwana, mmaagwe ngwana le ene a tlhokomelela ngwana kwa go wena. Jaanong yak o go ba molao wa tlhokomelo ya ngwana, o ba lemotshe gore mmangwana ga a na bokgoni jwa go tlhokomela ngwana. Ka fa o setseng o buile ka teng go ntemontsha o le motsadi yo o nonofileng go tlhokomela morwadio.  Tsibogela se ka bofefo, pele fa ngwana wa gago a tloga a tsaya tsela di sele ka go tlhoka tlhokomelo.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%