Mareledi, Selebi-Phikwe

25 September, 2014

Mmamalome
Mo ke go bonang le dintsa ga di go bogole, Mmamalome ke mme yo o tlhadilweng ke monna ke santse ke le monnye. Ka godisa bana ba ke le nosi rraabo a sa nthuse. Jaanong bangwe ba feditse ko UB ba a bereka mme jaanong yo mongwe o lebetse gotlhelele ka nna le bo monnawe. Ngwana yo o nna koo mme e bile o inyadisitse. Fa ke bua le ngwanake, ditlhapa tsotlhe mo go nna. Ga a batle go reetsa fa ba masika ba leka go mo gakolola. Ke rata ngwanake, ke mmatlela botshelo jo bo botoka e seng jo, tota ke reng?

KARABO: Motlogolo, Ke utlwa kgang ya gago, mme kana morwadio o tshwanetse go gakologelwa gore mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng. Ga gona ope yo o ka mo fang kgakololo e e fetang ya gago. Jaanong ka o setse o kile wa leka go kopa thuso, gongwe jaanong o leke go bona bagakolodi ka ba kgona go thusa go agisanya le go aga botsalano  jo bo thubegileng. Mme fa o sena go leka seo mo fe nako, dilo tsa go nna jaana di a fela. O tlaa ikgakologelwa a lemoge gore o motsadi wa gagwe. Kana le mo baebeleng gatwe tlotla mmago le rrago gore malatsi a gago a okediwe.
 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%