Mmaagwe Tshiilo, Francistown

09 July, 2013

 

O nkadima madi go rekela bana ba gagwe dijo

Go Mmamalome

Mmamalome, ke mme wa dingwaga di le masome a mane. Ke na le bana ba le bane ba botlhe ba tsenang sekole. Ke na le dingwaga di le some ke nyetswe ke rre yo o direlang kwa moepong mongwe wa diteemane. Nna ke morutabana kwa Francistown.

E sale ke nna le rre yo dingwaga di le masome a mabedi tse di fetileng pele re nyalana mme le fa ke bua jaana ga ke itse le fa e le thebe wa gagwe. Fa kgwedi e fela ga a ntshe madi go thusa mo lwapeng. Sa gagwe fela ke go nwa bojalwa. Fa ke mo lebisa mabaka a gore a nthuse go tlhokomela bana o tlaabo a nkadima madi. Fa kgwedi e fela ke a a mmusetsa mme fa nka se dire jalo go tsoga kgotlhang. Nako dingwe fa ke ntse ke lelediwa ke batho ba a ba kolotang, segolo jang ba marekisetso a bojalwa. O tsamaya a dira dikoloto a bo a a fa batho mogala wa me a re ba tle go tsaya madi kwa go nna ka ke mo tshwarela karata ya banka. Mmamalome ke dire jang, tota ke setse ke babaletswe.

Mmaagwe Tshiilo, Ghetto

 

Setlogolo

Ga o itlhalose gore a bana ba bane ba ke ba gago le rre yo o ngongoregang ka ene. Mme fa e le gore ke ba gagwe o tshwanetse go go thusa, mme fa e le gore ga se ba gagwe go ka nna thata go mo pateletsa go ba tlamela, ka e bile a sa itlama ka sepe. Kgang ya go tsaya dikoloto ka leina la gago yone ga e letlelesege gotlhelele. Ke borukutlhi jo bo tlhokang gore o mo gogele fa go ba molao ba mo kgalemele, e seng jalo o tlaa hakgamala o le mo mathateng o setse le dikoloto tsa motho.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 3.45%

Not sure.: 96.55%