Archives - Volume 51 Issue 7 - July 2013

Featured Articles

Blog

Editors Note

 

Pele tla ke ise madume go wena mmadi wa Kutlwano! Kgwedi e ke e bontsi bo e ratang thata ka go tla a bo go ipelelwa malatsi a ga Tautona. Kutlwano e tla a bo e ipela le wena ka go go tlisetsa padi e e nonneng go rotloetsa mowa wa go ipelega. Fela jaaka tautona wa pele Sir Seretse Khama a ne a rotloetsa mowa wa boipelego, morwae ebong Lt Gen. 

​

​Seretse Khama Ian Khama le ene o tsweletse o rera enfangele e. Jalo he, peo e e wetse mo mmung o o siameng ka Batswana ba tsweletse ka go supa mowa wa boipelego ka ditsela tse di farologaneng. Tota ga go lebege batho ba batla go salela kwa morago ka ebile mananeo a puso a tshwana le la Ipelegeng a nosetsa mowa o. 

​

​Go tila go golola tlou le maroo, a e re o tsaya mosepele wa gago o moleele go ya go ipelela malatsi a ga Tautona, Kutlwano e nne yone mofago wa gago ka jaana mosepele o tla khutshwafala. Mo kgatisong e re go tlisetsa polelo ya lekgarejwana la mabono le e rileng mo dikgweding tse di fetileng la ikgapela korone ya Mma Botswana.

​

​ Mme e se re o bona borethe jwa letlalo la gagwe le e ka reng la motho a tlhapa ka masi wa tseela gore la gagwe loeto lwa botshelo  lo ne lo le borethe. O ka ipuisetsa polelo e go ka tsaya go le gontsi ka Rosemary Keofitlhetse yo o godisitsweng ke nkukuagwe kwa Hukuntsi morago ga gore mmaagwe a ikele badimong. 

​

​O ka bala gape ka mosimane yo o neng a seka a dira sentle mo mophatong wa botlhano. Batsadi ba gagwe ba mo tlhobogile mme ene a seka a tlelwa ke mowa wa boitlhobogo ntswa a ne a sena le ene thebe. Tlhogo ya monna matsatsa! A ya go tshwaratshwara kwa Ipelegeng, morago ga ngwaga, jwa gagwe botshelo jwa bo bo fetogile ka jaana  mosimane yo a ithutela booki.  Mme tlhe Motswana wetsho a e re re tshwere moono o o montle wa boipelego re ipabalele tseleng go somarela matshelo. 

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%